Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dithaere—Di ka Nna Botlhokwa Thata mo Botshelong Jwa Gago!

Dithaere—Di ka Nna Botlhokwa Thata mo Botshelong Jwa Gago!

Dithaere—Di ka Nna Botlhokwa Thata mo Botshelong Jwa Gago!

IPONE o le mo serubing se se dirilweng ka ditshipi tse di tshwaragantsweng e bile se na le digalase mme gaufi le wena go na le dilo tse di tsentseng asiti le ditukisi tse dingwe. Jaanong tsholetsa motšhine ono o o kotsi disentimetara di se kae fela go tswa kwa tlase mme o bo o o tabogisa ka lobelo lwa dimetara di le 30 ka motsotswana. Mo godimo ga moo, baya motšhine wa gago mo gare ga e mengwe e e tshwanang le yone o bo o e tabogisa ka lobelo lo logolo fa metšhine e mengwe yone e taboga go fapaana le o o leng mo go one!

Seno ke sone se o se dirang nako le nako fa o tsena mo koloing o bo o kgweetsa mo tseleng e kgolo. Ke eng se se go thusang go laola koloi sentle le go ikutlwa o babalesegile fa o kgweetsa? Go ikaegile thatathata ka dithaere tsa gago.

Se Dithaere di se Dirang

Dithaere di na le ditiro tse di farologaneng tse di botlhokwa. Ga di a sikara boima jwa koloi ya gago fela mme gape di dira gore e se ka ya utlwalelwa ke mangope a a mo tseleng le dikhuti tse di mo tseleng le ke dilo tse dingwe tse di dirang gore tsela e se ka ya tsamaega sentle. Se se botlhokwa le go feta, dithaere tsa gago di thusa koloi ya gago gore e kgone go itsetsepela sentle mo tseleng gore o kgone go e tabogisa, go e kaela kwa e tshwanetseng go ya teng, go gata mariki, le go e laola mo maemong a a farologaneng a tsela. Le fa go ntse jalo, ke karolo e nnye fela ya thaere—e e lekanang le posokarata—e e kgomang fa fatshe.

Fa o akanya ka botlhokwa jwa tsone, ke eng se o ka se dirang go boloka dithaere tsa gago di dira sentle ka pabalesego le ka tsela e e siameng? Mme fa nako ya gore o tlhophe dithaere e goroga, o ka tlhopha dithaere tse di siametseng koloi ya gago jang? Pele ga re araba dipotso tseno, a re ko re sekasekeng ka bokhutshwane kafa dithaere di simologileng ka gone.

Basimolodi ba Bogologolo ba Rabara

Le fa maotwana a sa bolo go dirisiwa ka diketekete tsa dingwaga, kgopolo ya go tsenya rabara mo riming ya maotwana a koloi e sa tswa go simologa bosheng fela jaana. Rabara ya tlholego e ne ya tsenngwa la ntlha mo maotwaneng a dikgong kgotsa a tshipi mo masimologong a bo1800. Mme e ne e fela ka bonako, ka jalo go ne ga bonala gore kgopolo ya go tsenya rabara mo maotwaneng e ne e sa solofetse go le kalo—ke gore go fitlha Charles Goodyear, motlhami yo o neng a ikemiseditse yo o tswang kwa Connecticut, U.S.A., a ne a simolola go tokafatsa seno. Ka 1839, Goodyear o ne a ribolola mokgwa o o bidiwang vulcanization, mo rabara e tlhakanngwang le sulefera go dirisiwa mogote le maatla a magolo. Thulaganyo eno e ne ya dira gore go nne motlhofo go dira leotwana ka rabara mme seno sa dira gore rabara e se ka ya fela ka bonako. Dithaere tse di thata tsa rabara di ne tsa ratiwa thata, mme di ne di dira gore koloi e se ka ya tsamaya ka thelelo.

Ka 1845, moenjiniri wa kwa Scotland e bong Robert W. Thomson o ne a amogela tetla ya go dira thaere e e tladiwang mowa. Le fa go ntse jalo, e ne ya nna fela morago ga monna yo mongwe wa kwa Scotland e bong John Boyd Dunlop a leka go tokafatsa tsela e baesekele ya ga morwawe e tsamayang ka yone, mme ka nako eo thaere e e tladitsweng mowa e ne ya simolola go ratiwa ke bareki. Dunlop o ne a dira thaere ya gagwe e ntšha ka 1888 mme a simolola kgwebo ya gagwe. Le fa go ntse jalo, go ne go sa ntse go na le mathata a a neng a tshwanetse go fenngwa fa go dirwa thaere e e tladitsweng mowa.

Letsatsi lengwe ka 1891, leotwana la mopalami mongwe wa baesekele wa Mofora le ne la tswa mowa. O ne a leka go le baakanya mme a palelwa ka gonne thaere e ne e sa kgone go tswa mo leotwaneng la baesekele. O ne a kopa thuso ya Mofora ka ene e bong Édouard Michelin, yo o neng a itsege gore o bereka ka rabara e e tlhakantsweng le sulefera. Michelin o ne a fetsa diura di le robongwe a baakanya thaere. Boitemogelo joo bo ne jwa tlhotlheletsa Michelin go dira thaere e e tladiwang ka mowa e e ka ntshiwang mo leotwaneng gore e baakanngwe motlhofo.

Dithaere tsa ga Michelin di ne tsa ratiwa thata mo e leng gore ngwaga o o latelang bapalami ba dibaesekele ba le 10 000 ba ne ba di dirisa. Go ise go ye kae, dithaere tse di tladiwang ka mowa di ne tsa tsenngwa mo dikaraking tsa dipitse kwa Paris, mme bapalami ba Mafora ba ne ba di itumelela. Ka 1895, go bontsha gore dithaere tse di tladiwang ka mowa di ka dirisiwa mo dikoloing, Édouard le mogoloe, e bong André, ba ne ba di tsenya mo koloing ya lobelo, mme e ne ya nna ya bofelo mo lobelong. Le fa go ntse jalo, batho ba ne ba gakgamaditswe ke dithaere tseno tse di sa tlwaelegang mo e leng gore ba ne ba di bula go bona se tota bomorwa Michelin ba neng ba se fitlhile mo gare ga tsone!

Ka bo1930 le bo1940, didirisiwa tse dintšha tse di tsayang nako go fela tse di jaaka rayon, nylon, le polyester, di ne tsa tseela sebaka didirisiwa tsa letsela le rabara ya tlholego tse di felang ka bonako. Morago ga Ntwa ya Lefatshe ya II, go ne ga dirwa tiro ya go tokafatsa thaere e e neng e sa dutlise mowa mo leotwaneng, ka jalo go ne go se kitla go tlhola go tlhokega tšhupu e e tsenngwang mo gare go tsenya mowa. Moragonyana, go ne ga tokafadiwa dilo di le mmalwa.

Gompieno, go dirisiwa dilo tse di fetang 200 go dira thaere. Mme ka thuso ya thekenoloji ya segompieno, dithaere dingwe di tsaya lobaka lwa dikilometara di le 130 000 kgotsa go feta pele ga di fela, fa tse dingwe di kgona go dirisiwa mo lobelong lwa dikilometara di le makgolokgolo ka ura mo dikoloing tsa lobelo. Go ntse go le jalo, dithaere ga di tlhole di tura go le kalo mo bareking.

Go Tlhopha Dithaere

Fa o na le koloi, o ka nna wa lebana le kgwetlho ya go tlhopha dithaere tse dintšha. O lemoga jang gore ke nako ya go tsenya dithaere tse disha mo koloing ya gago? Ka go sekaseka dithaere tsa gago nako le nako go bona matshwao a a bonalang motlhofo a gore di a fela kgotsa di senyegile. * Difeketeri tsa dithaere di tsenya dilo mo thaereng tse di bontshang fa thaere e fela, tse gantsi di bidiwang di-wear bar. Di-wear bar di bonala e le rabara e e thata mo metlhaleng ya thaere. Gape go molemo go sekaseka lekwapa la thaere, diterata tse di tlhagelelang, go buduloga kafa thoko ga thaere le dilo tse dingwe tse di sa tlwaelegang. Fa o fitlhela nngwe ya dilo tseno, ga wa tshwanela go kgweetsa koloi ya gago go fitlhela thaere e baakantswe kgotsa go tsentswe e nngwe gape. Fa o rekile dithaere tse dintšha, morekisi wa dithaere a ka nna a go tsenyetsa thaere e ntšha ka madi a a kwa tlase fa e le gore seo se akareditswe mo ditumalanong.

Go botoka go tsenya dithaere tsa mofuta o o tshwanang mo aseng e e tshwanang. Fa o tsenya thaere e le nngwe fela e ntšha, e tsenye le thaere e e nang le metlhala e le mentsinyana gore di itsetsepele sentle ka bobedi fa o gata mariki.

Go sekaseka mefuta yotlhe ya dithaere, bogolo le dingwaga tsa tsone go ka tlhakanya tlhogo. Le fa go ntse jalo, ka go araba dipotso tsa konokono di le mmalwa fela, o tla fitlhela gore seo se motlhofo. Sa ntlha, bala ditaelo tsa modiri wa koloi. Koloi ya gago e na le dilo tse di rileng tse di batlegang tse di tlhokang go akanyediwa, tse di jaaka bogolo jwa thaere le leotwana, bogodimo go tswa kwa tlase go fitlha mo koloing le boima jo koloi e ka bo rwalang. Se se botlhokwa le go feta ke kafa koloi ya gago e dirilweng ka teng. Dikoloi tsa segompieno tse di nang le thulaganyo ya gore mariki a se ka a itotlela, maotwana a se ka a relela le tse di gogang ka maotwana otlhe di dirilwe gore di dirisiwe ka dithaere tsa mofuta o o rileng. Gantsi ditaelo tsa dithaere di fitlhelwa mo bukeng ya gago ya modiri wa koloi.

Ntlha e nngwe ke maemo a tsela. A koloi ya gago e tla tsamaya thata mo tseleng ya mmu kgotsa ya sekontere, a e tla tsamaya thata mo puleng kgotsa fa pula e sa ne? Gongwe o tla kgweetsa koloi ya gago mo maemong a a sa tshwaneng. Fa go le jalo, o ka nna wa tlhoka dithaere tse di diretsweng maemo otlhe.

Gape o tshwanetse go akanyetsa gore thaere e tla tsaya lobaka lo lo kana kang le kafa e itsetsepelang ka gone mo tseleng. Gantsi, fa dilo tse thaere e dirilweng ka tsone di se thata, thaere e tla tlhoka gore e itsetsepele thata, mme e tla fela ka bonako. Kafa letlhakoreng le lengwe, fa dilo tse thaere e dirilweng ka tsone di le thata, ga go kitla go tlhokega gore thaere e itsetsepele thata, mme go tla tsaya lobaka lo loleele pele e fela. Gantsi tshedimosetso eno e fitlhelwa mo dibukeng tsa barekisi kwa mafelong a dithaere di rekisiwang kwa go one. Le fa go ntse jalo, tlhokomela gore tshedimosetso eno ga e tshwane go ya ka modiri mongwe le mongwe wa dithaere.

Fa o sena go batlisisa, dithaere tse o tla di tlhophang di tla ikaega ka gore ke bokae. Badiri ba ba itsegeng ba tlhomamisetsa bareki boleng jwa maemo a a kwa godimo le ditumalano dingwe fa thaere e ka senyega.

Go Tlhokomela Dithaere Tsa Gago

Go tlhokomela dithaere sentle go akaretsa dilo tse tharo: go boloka mowa o o lekaneng, go fetola dithaere tsa gago ka metlha le go dira gore di nne le bokete jo bo lekanang. Go boloka mowa o o lekaneng go botlhokwa fela thata. Fa thaere e na le mowa o montsi thata, motlhala wa thaere o tla fela thata mo bogareng jwa yone. Kafa letlhakoreng le lengwe, fa thaere e na le mowa o monnye thata, thaere e tla fela ka bonako mo matlhakoreng a yone mme seno se tla senya peterolo.

Dithaere di ka latlhegelwa ke halofo ya kilogerama ya mowa kgotsa go feta kgwedi le kgwedi ka ntlha ya go tswa ga one mo rabareng. Ka jalo o se ka wa re o tla lemoga fa dithaere tsa gago di tletse sentle ka go lebelela kafa di leng ka gone. Go ya ka Rubber Manufacturers Association, “thaere e ka tswa halofo ya mowa mme e bo e sa bonale gore ga e na mowa!” Ka jalo dirisa pompo e e tlatsang mowa go bona gore thaere e na le mowa o o kana kang mme o dire seno bobotlana gangwe ka kgwedi. Beng ba le bantsi ba dikoloi ba boloka selekanyi sa mowa mo kobotlong ya go baya dilo e e mo koloing gore ba se dirise fa go tlhokega. Sekaseka dithaere tsa gago nako le nako fa o fetola oli ya koloi le gone dithaere di le tsididi—ka mantswe a mangwe, morago ga fa di sena go nna diura tse di ka nnang tharo kgotsa fa koloi e kgweeditswe sekgala se se kafa tlase ga kilometara le sephatlho. Selekanyo sa mowa o dithaere di tshwanetseng go tladiwa ka one gantsi se kwadilwe mo bukeng ya modiri wa koloi, mo pampitshaneng e e mo setswalong sa mokgweetsi kgotsa mo kobotlong ya go baya dilo e e mo koloing. Fa o batla gore koloi ya gago e tsamaye ka thelelo, o se ka wa e tlatsa thata gore e ye go fitlha mo selekanyong se se kwadilweng mo leotwaneng.

Dithaere di tla tsaya lobaka lo loleele e bile di tla fela sentle fa o di fetola ka dinako tsotlhe. Ntle le fa modiri wa koloi ya gago a akantsha ka tsela nngwe, go molemo go di fapaanya mo maotwaneng morago ga dikilometara dingwe le dingwe di le 10 000 go ya go 13 000. Mo ntlheng eno, lebelela buka ya modiri wa koloi gore e akantsha gore o di fetole jang.

La bofelo, dira gore go sekasekiwe gore dithaere di tlhamaletse go le kana kang ngwaga le ngwaga kgotsa nako nngwe le nngwe fa o lemoga modumo o o sa tlwaelegang kgotsa fa leotwanakgweetso le roroma ka tsela e e sa tlwaelegang. Dilo tse di tsholetsang koloi gore thaere e se ka ya kgomana le ditshipi tse dingwe mo koloing ya gago di diretswe gore di kgone go tlhamalatsa thaere mo maemong a a farologaneng, le fa go ntse jalo e re ka di na le go tla di fela go botlhokwa go nna o di tlhatlhoba nako le nako. Mmaakanyi wa dikoloi yo o itseng go baakanya dilo tse di tsholetsang koloi gore thaere e se ka ya kgomana le ditshipi tse dingwe mo koloing le yo o kgonang go tlhamalatsa maotwana a dikoloi o tshwanetse a kgona go siamisa koloi ya gago a dire gore dithaere tsa gago di se ka tsa fela ka bonako le gore koloi e tsamaye sentle.

Dithaere “Tse di Siametseng Maemo Otlhe”

Ka thuso ya dikhomputara, dikoloi dingwe di tlhagisa mokgweetsi fa mowa wa thaere o le kwa tlase thata go feta jaaka o tshwanetse. Dithaere dingwe di kgona go bereka sentle ka lobaka lo lokhutshwane di se na mowa mme tse dingwe ga di dutlise mowa le fa di sena go tlhabiwa. Eleruri, baenjeniri ba dira dithaere tse di kgonang go dira mo maemong a a farologaneng.

Ereka go tokafadiwa dilo tse di dirang dithaere, metlhala ya tsone, dilo tse di tsholetsang koloi, leotwanakgweetso le mariki mo dikoloing tsa bosheng jaana, dithaere di dira gore go kgweetsa dikoloi go se ka ga nna motlhofo fela mme gape go babalesege.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 15 Bona tšhate e e mo tsebeng ya 15 go go thusa go tlhatlhoba dithaere tsa gago.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 15]

Lenaane la go Tlhokomela Dithaere

Go di sekaseka:

❑ A di na le dikarolo dingwe tse di nang le go ruruga?

❑ A go na le diterata tse di bonalang mo go yone?

❑ A boteng jwa metlhala e sa ntse e le jo bo babalesegileng kgotsa a dilo tse di bontshang fa dithaere di fedile di setse di bonala?

Gape akanyetsa seno:

❑ A dithaere di tladitswe ka mowa go ya kafa modiri wa koloi a batlang di tlale ka gone?

❑ A ke nako ya go fetola dithaere? (Dirisa dikilometara tse modiri wa koloi a di akantshang go fetola dithaere ka yone le kafa o tshwanetseng go di fetola ka gone.)

❑ A go tshwanetse ga tsenngwa dithaere tse di farologaneng ka ntlha ya go fetoga ga dipaka?

[Setshwantsho]

Wear bar

[Setshwantsho mo go tsebe 14]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Dikarolo Tsa Dithaere

Motlhala o dira gore thaere e itsetsepele mo tseleng le gore e se ka ya relela fa e tšhika

Mabanta a tsepamisa le go nonotsha karolo e e mo godimo ya dithaere

Letlhakore la thaere le sireletsa karolo e e mo thoko ya thaere gore e se ka ya senngwa ke tsela le mathoko a yone

Momeno o o mo mmeleng wa thaere o nonotsha thaere le go e dira gore e kgone go obega motlhofo

Boalo jo bo mo gare bo boloka mowa mo teng ga thaere

Ditlhale di dira gore thaere e ngaparele thata mo leotwaneng

[Ditshwantsho mo go tsebe 13]

Baesekele le koloi tsa bogologolo, tse di neng di na le dithaere tse di tladiwang mowa; badiri kwa feketiring ya bogologolo ya dithaere

[Motswedi wa Setshwantsho]

The Goodyear Tire & Rubber Company