Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Fa go Se na Ope yo o Tla Tlholang a Jewa ke Bodutu

Fa go Se na Ope yo o Tla Tlholang a Jewa ke Bodutu

Fa go Se na Ope yo o Tla Tlholang a Jewa ke Bodutu

PEGO e e mo go Genesise 2:18 e bolela gore fa batho ba ntlha ba ne ba bopiwa, “Jehofa Modimo [o ne] a tswelela a re: ‘Ga go molemo gore monna a nne a le nosi. Ke tlile go mo direla mothusi, gore e nne motlatsi wa gagwe.’” Batho ba ne ba bopetswe gore ba nne le batho ba bangwe le go ikaega ka bone.

Tsala e e molemo go di gaisa tsotlhe e re ka nnang le yone ke Jehofa Modimo ka boene. Moaposetoloi Paulo o tlhalosa Jehofa e le “Rara wa mautlwelobotlhoko a manana le Modimo wa kgomotso yotlhe, yo o re gomotsang mo pitlaganong yotlhe ya rona.” (2 Bakorintha 1:3, 4) Jehofa ka boene o utlwa botlhoko fa ope fela wa batlhanka ba gagwe a boga. Ke Modimo yo o kutlwelobotlhoko. “O itse popego ya rona sentle, a gakologelwa gore re lorole.” (Pesalema 103:14) A ga o ikutlwe o batla go atamalana le Jehofa Modimo le go mo lebogela tsela e a go bontshang lorato, bopelonomi, le kutlwelobotlhoko ka yone?

Jehofa o Nonotsha ba ba Jewang ke Bodutu

Mo nakong e e fetileng, batlhanka ba le bantsi ba Modimo ba ile ba lebana le maemo a a neng a dira gore ba ikutlwe ba jewa ke bodutu. Jehofa e ne e le motswedi wa bone wa nonofo le kgomotso. Ka sekai, akanya ka Jeremia, yo o neng a tlhongwa go nna moporofeti a sa le monnye. Mo bakwading ba le 40 ba Dikwalo, Jeremia e ka tswa e le ene yo o neng a tlhalosa maikutlo a gagwe thata go feta ba bangwe. O ne a ikutlwa a le boi e bile a sa tshwanelege fa Modimo a ne a mo naya kabelo ya gagwe ya ntlha. (Jeremia 1:6) O ne a tshwanelwa ke go ikaega ka Jehofa ka botlalo gore a kgone go diragatsa kabelo eo. Ee ruri, Jehofa o ne a na le ene “jaaka yo o thata yo o boifisang.”—Jeremia 1:18, 19; 20:11.

Dingwaga di ka nna 300 pele ga motlha wa ga Jeremia fa Kgosigadi Jesebele a utlwa ka dintsho tsa baporofeti ba gagwe ba Baale, o ne a ikana gore o tlile go bolaya Elija. Elija o ile a tsaya mosepele wa dikilometara di le 450 a tshabela kwa Horeba kwa Sekasetlhakeng sa Sinai. O ne a tsena mo logageng teng koo, a fetsa bosigo gone, mme Jehofa Modimo a mmotsa a re: “O dirang fano, Elija?” Elija o ne a tlhalosa gore o ne a akanya gore ke ene fela moobamedi wa ga Jehofa mo Iseraele yotlhe, moporofeti a le mongwe fela yo o neng a setse yo o neng a tlhoafaletse tirelo ya Modimo. Jehofa o ne a mo tlhomamisetsa gore ga a esi. Jehofa o ne a na le ene, e bile Elija o ne a na le Baiseraele ka ene ba le 7 000, le mororo ene a ne a sa itse. Jehofa o ne a gomotsa Elija le go mo nonotsha tumelo. O ne a tlhotlheletsa Elija, a kgothaletsa moporofeti yono gore a se ka a tlogela kabelo ya gagwe. (1 Dikgosi 19:4, 9-12, 15-18) Fa go ka direga gore re ikutlwe re jewa ke bodutu kgotsa re ikutlwe re se na mosola wa sepe jaaka Elija, le rona re ka rapela Jehofa gore a re nonotshe. Gape, ka temogo bagolwane ba Bakeresete ba ka bua le batho ba ba ikanyegang ka tsela e e gomotsang, ba ba thusa gore ba bone seabe sa bone mo go diragadiweng ga maikaelelo a Modimo.—1 Bathesalonika 5:14.

Dikai tseno le tse dingwe, di re thusa go lemoga tsela e Jehofa a iketleeditseng ka yone go nonotsha batho ba ba ikutlwang ba jewa ke bodutu le go ba gomotsa ka tsela e e lorato. Ee, “Jehofa o tla nna bogodimo jo bo sireletsegileng mo go ope yo o gateletsweng, bogodimo jo bo sireletsegileng mo metlheng ya matshwenyego.”—Pesalema 9:9; 46:1; Nahume 1:7.

Monna yo o Nang le Maikutlo a a Boteng le Kutlwelobotlhoko

Jesu Keresete ke sekai sa mongwe yo o ka ratiwang thata ka ntlha ya tsela e a neng a bontsha maikutlo a gagwe ka tekatekano ka yone, a etsa Jehofa. Luke o tlhalosa tsela e Jesu a neng a itshwara ka yone fa a ne a kopana le mokoloko wa batho ba ya phitlhong kwa motseng wa Naine: “Ga bo go na le monna yo o suleng a kukelwa kwa ntle, morwa yo o tsetsweng a le esi wa ga mmaagwe. . . . E rile Morena a tshogana ka a mmona, a tlhotlheletsega go mo tlhomogela pelo, mme a mo raya a re: ‘Tlogela go lela.’ Foo a atamela a ama setsholo, mme batshodi ba ema, mme a re: ‘Lekau, ke a go raya ka re, Tsoga!’ Monna yo o suleng a rapamologa a bo a simolola go bua, mme a mo naya mmaagwe.” (Luke 7:12-15) Jesu o ne a amegile maikutlo thata. E ne e le monna yo o pelotlhomogi tota. Akanya fela gore Jesu o ne a tlisetsa motlholagadi yono yo o neng a jewa ke bodutu boitumelo jo bo kana kang ka go tsosa morwawe! O ne a sa tlhole a jewa ke bodutu.

Re ka tlhomamisega gore Jesu a ka “re utlwela botlhoko ka makoa a rona.” Ga go pelaelo gore o bontsha kutlwelobotlhoko mo bathong ba ba ikanyegang mme ba jewa ke bodutu. Ee ruri, ka ene ‘re ka amogela kutlwelobotlhoko re bo re bone bopelonomi jo bo sa re tshwanelang gore re bone thuso ka nako e e tshwanetseng.’ (Bahebera 4:15, 16) Fa re etsa Jesu, re ka bontsha kutlwelobotlhoko mo bathong ba ba hutsafetseng, ba ba bogang le ba ba jewang ke bodutu. Fa re thusa batho ba bangwe, re ka se tshabelelwe ke bodutu. Le fa go ntse jalo, go sa ntse go na le tsela e nngwe e e ka re thusang go lwantsha maikutlo a a sa itumediseng a go jewa ke bodutu.

Lefoko la ga Jehofa Le ka Re Thusa go Fenya Bodutu

Batho ba le bantsi ba lemogile gore ‘re na le tsholofelo ka kgomotso ya Dikwalo.’ Lefoko la Modimo le tletse kgakololo e e mosola e e ka re thusang go fenya bodutu. (Baroma 15:4; Pesalema 32:8) Ka sekai, Lefoko la Modimo le re kgothaletsa gore ‘re se ka ra ikgopola thata go feta kafa go tlhokegang go ikgopola ka gone.’ (Baroma 12:3) Re ka nna ra tshwanelwa ke go fetola tsela e re akanyang ka yone gore re kgone go dirisa kgakololo eno. Ga go pelaelo gore boikokobetso le go nna tekatekano—go itse makoa a rona—go tla re thusa gore re se ka ra lebelela go dira dilo tse re ka se kang ra di kgona. Gape Lefoko la Modimo le re kgothaletsa go kgatlhegela ba bangwe ka tsela ya mmatota. (Bafilipi 2:4) Seno ke sengwe se e reng fa re se direla ba bangwe le bone ba bo ba se re direla. Fa o leka ka natla go bontsha gore o kgatlhegela ba bangwe, le bone ba tla go kgatlhegela. Go dirisana le batho ka tsela eno go tla re thusa go fenya bodutu le go dira gore botshelo jwa rona bo nne le bokao.

Baebele e kgothatsa rona Bakeresete gore ‘re se lese go phuthega mmogo ga rona.’ (Bahebera 10:24, 25) Ka jalo, dira dilo tse di tla go solegelang molemo, jaaka go nna gone kwa dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa ka metlha. Ga go pelaelo gore dipokano tsa Bokeresete di ka re thusa semoyeng, mo maikutlong le mo botsogong jwa rona. Go bua le batho ba bangwe ka dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo ke tsela e e itumedisang thata ya go tlatsa botshelo jwa rona ka ditiro tse di molemo. Go dira gore re akanye ka dilo tse di siameng ka dinako tsotlhe, go nonotsha tumelo ya rona e bile go sireletsa tsholofelo e re nang le yone.—Baefeso 6:14-17.

Atamela Jehofa ka thapelo. Dafide o ne a kgothatsa jaana: “Latlhela mokgweleo wa gago mo go Jehofa, mme ene o tla go tshegetsa.” (Pesalema 55:22) Go ithuta Lefoko la Modimo go tla dira gore o ikutlwe o itumetse. (Pesalema 1:1-3) Fa o ikutlwa o fekeediwa ke bodutu, tlhatlhanya ka tsela e Jehofa a re tlhokomelang ka lorato ka yone jaaka go tlhalosiwa mo Lefokong la gagwe. Mopesalema o ne a kwala jaana: “Moya wa me o ntse o ngaparetse lorole. Mpoloke ke tshela kafa lefokong la gago.”—Pesalema 119:25.

Fa go Se na Ope yo o Tla Reng “Ke Jewa ke Bodutu”

Jehofa Modimo o re solofeditse lefatshe le lesha le le se nang ditlhobaelo, mathata le maikutlo a a sa siamang. Baebele ya re: “O tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.” (Tshenolo 21:4) Ee, dingwe tsa dilo tsa pele tse di tla bong di fetile ke dilo tsotlhe tse gompieno di re utlwisang botlhoko mo mmeleng, mo mogopolong le mo maikutlong.

Lefatshe le tla bo le tletse batho ba ba botsalano, ba ba tla dirang gore re itumelele botshelo. Jehofa ka Bogosi jwa gagwe jwa kwa legodimong jo bo tla bong bo le mo diatleng tsa ga Jesu Keresete, o tla dira gore re se ka ra tlhola re jewa ke bodutu. O tla dira gore go nne le dilo tse disha le tse di molemo tota tse re tla di dirang mo lefatsheng la paradaise. Go ise go ye kae, nako e tla tla e mo go yone re se kitlang re tlhola re re, “Ke jewa ke bodutu.”

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Jehofa o tla re thusa gore re se ka ra ikutlwa re jewa ke bodutu, tota le fa re le esi

[Ditshwantsho mo go tsebe 10]

Pego ya Baebele ya ga Jeremia le ya ga Elija di re ruta eng?