Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Atlega le go Palelwa mo go Lweng le Malwetse

Go Atlega le go Palelwa mo go Lweng le Malwetse

Go Atlega le go Palelwa mo go Lweng le Malwetse

KA August 5, 1942, Dr. Alexander Fleming o ne a lemoga gore mongwe wa balwetse ba gagwe, yo e neng e le tsala ya gagwe, o ne a le gaufi le go swa. Monna yono wa dingwaga tse 52 o ne a tshwerwe ke meningitis ya mokolela, mme le fa gone Fleming a ile a leka ka natla go mo alafa, tsala ya gagwe jaanong e ne e setse e idibetse.

Dingwaga di le 15 pele ga foo, go ne ga direga gore Fleming a ribolole sere sa mouta o o botala jo bo elang kwa bobududung. O ne a se bitsa peniselene. O ne a lemoga gore mouta ono o kgona go bolaya dibakateria; mme o ne a sa kgone go ntsha peniselene e le yosi fela go tswa mo go one, mme o ne a o tsaya fela e le sebolayamegare. Le fa go ntse jalo, ka 1938, Howard Florey le setlhopha sa gagwe sa badiradipatlisiso kwa Oxford University ba ne ba leka ka natla go dira seokobatsi seno se le se ntsinyana gore se lekelediwe mo bathong. Fleming o ne a leletsa Florey mogala, yo o neng a ithaopela go mo romelela peniselene yotlhe e a neng a na le yone. E ne e le tshono ya bofelo ya gore Fleming a boloke botshelo jwa tsala ya gagwe.

Go tlhaba tsala ya gagwe ka lomao la peniselene mo mesifeng go ne go sa thuse sepe, ka gone Fleming o ne a mo tlhaba mokolela ka lomao ka tlhamalalo. Peniselene e ne ya bolaya megare eo; mme mo lobakeng lo lo fetang beke fela, molwetse wa ga Fleming o ne a tswa mo bookelong a fodile gotlhelele. Motlha wa dibolayamegare o ne o simologile, mme batho ba ne ba fitlheletse selo se segolo mo ntweng ya bone kgatlhanong le malwetse.

Motlha wa Dibolayamegare

Fa dibolayamegare di ne di ribololwa ka lekgetlo la ntlha, go ne go bonala di na le katlego e kgolo mo go alafeng malwetse. Malwetse a pele a neng a sa alafege a a bakwang ke dibakateria, di-fungus le megare e mengwe jaanong a ne a kgona go alafiwa. Ka ntlha ya diokobatsi tseno tse disha, dintsho tse di bakwang ke meningitis, nyumonia le letshoroma le lehibidu di ne tsa fokotsega thata. Malwetse a a tshwaetsang batho ba ba mo bookelong a pele a neng a ba bolaya a ne a alafiwa mo lobakeng lwa malatsi a le mmalwa fela.

Fa e sa le go tloga ka motlha wa ga Fleming, badiradipatlisiso ba ile ba dira dibolayamegare tse dingwe tse dintsi, mme go sa ntse go dirwa mefuta e mengwe e mesha ya tsone. Mo dingwageng di le 60 tse di fetileng, dibolayamegare di ile tsa nna dibetsa tsa botlhokwa mo go lwantsheng malwetse. Fa nkabo George Washington a sa ntse a tshela gompieno, ga go pelaelo gore dingaka di ka bo di alafa diso tsa gagwe tsa mo mometsong ka sebolayamegare, mme gongwe a ka bo a fodile mo lobakeng lwa beke fela. Dibolayamegare di thusitse mo e batlang e nna rona rotlhe go alafa malwetse a a farologaneng. Le fa go ntse jalo, go ile ga lemotshega gore dibolayamegare di na le mathata a tsone.

Kalafi ya dibolayamegare ga e bereke mo malwetseng a a bakiwang ke dibaerase, a a jaaka AIDS kgotsa foluu. Mo godimo ga moo, mmele wa batho bangwe ga o utlwane le dibolayamegare tse di rileng. Mme dibolayamegare tse di diretsweng go bolaya mefuta e e farologaneng ya megare di ka nna tsa bolaya le megare e e mosola mo mebeleng ya rona. Mme gongwe bothata jo bogolo go gaisa jwa dibolayamegare ke fa di dirisiwa ka tsela e e feteletseng kgotsa di sa nowe sentle.

Go se nwe dibolayamegare sentle ke fa balwetse ba sa nwe dibolayamegare tse ba di filweng ke ngaka go fitlha di fela, e ka tswa e le ka go bo ba ikutlwa botoka kgotsa kalafi ya bolwetse jwa bone e tsaya lobaka lo loleele. Ka ntlha ya seno, sebolayamegare se ka nna sa se ka sa bolaya dibakateria tsotlhe tse di mo lwatsang, mme seno se bake megare e e palelang diokobatsi le go dira gore e ate. Gantsi seno se ile sa direga fa go alafiwa batho ba ba tshwerweng ke thiibi.

Dingaka le balemirui ba ile ba bonwa molato wa go dirisa diokobatsi tse disha ka tsela e e feteletseng. Buka ya Man and Microbes e tlhalosa jaana: “Kwa United States, gantsi dingaka di naya batho dibolayamegare go sa tlhokege, mme di dirisiwa ka tsela e e botlhaswa le mo dinageng tse dingwe tse dintsi. Diruiwa di ile tsa di fiwa ka bontsi, e se gore go alafiwa malwetse a tsone go na le moo e le go dira gore di gole ka bonako; seno ke lone lebaka le legolo la go bo megare e e palelang diokobatsi e oketsega.” Buka eno e tlhagisa gore matswela a seno ke gore “re ka nna ra tloga ra felelwa ke dibolayamegare tse disha.”

Kwantle ga dilo tseno tse go tshwenyegilweng ka tsone malebana le megare e e palelang dibolayamegare, ba tsa kalafi ba ile ba kgona go alafa malwetse mo halofong ya bobedi ya lekgolo la bo20 la dingwaga. Go bonala fa badiradipatlisiso ba tsa kalafi ba kgona go dira diokobatsi tse di lwantshang mo e batlang e le bolwetse bope fela. Mme meento e ile ya ba ya dira gore ba nne le tsholofelo ya gore ba ka thibela malwetse.

Katlego mo go Tsa Kalafi

The World Health Report 1999 e bolela jaana: “Meento ya go thibela malwetse e nnile selo se batho ba ileng ba atlega thata mo go sone mo hisitoring.” Go setse go bolokilwe botshelo jwa batho ba le dimilione ka ntlha ya maiteko a magolo a a ileng a dirwa mo lefatsheng lotlhe a go enta batho ba le bantsi. Thulaganyo ya lefatshe lotlhe ya go thibela malwetse e ile ya fedisa sekgwaripana—bolwetse jo bo kotsi jo bo bolaileng batho ba le bantsi go gaisa ba ba bolailweng mo dintweng tsotlhe tsa lekgolo la bo20 la dingwaga di kopane—mme letsholo le le tshwanang le leno le batla le fedisitse le pholio gotlhelele. (Bona lebokoso le le reng “Go Fenngwa ga Sekgwaripana le Pholio.”) Bana ba le bantsi jaanong ba entelwa malwetse a a tlwaelegileng a a ka nnang a ba bolaya.

Malwetse a mangwe a ile a fokodiwa ka mekgwa e e sa tlhokeng matsapa a magolo go le kalo. Malwetse a a bakiwang ke metsi a a jaaka kholera ga se gantsi a bakang mathata mo mafelong a mo go one go nang le thulaganyo e e tshwanetseng ya go tsamaisa leswe le mo go nang le metsi a a phepa a a nowang. Mo dinageng di le dintsi tse di nang le dingaka le dikokelo tse di oketsegileng tse go ka kopiwang thuso ya kalafi mo go tsone, malwetse a le mantsi a ile a lemogiwa le go alafiwa pele ga a bolaya batho. Go ja dijo tse di siameng le go nna le maemo a a botoka a botshelo, go akaretsa le melao e e tlhomilweng e e malebana le tsela e dijo di tshwanetseng tsa tshwarwa le go bolokiwa ka yone, le gone go tokafaditse botsogo jwa batho.

Fa baitsesaense ba sena go ribolola dilo tse di bakang malwetse a a tshelanwang, ditheo tsa puso tsa kalafi di kgona go tsaya dikgato tse di tshwanetseng tsa go thibela malwetse ao gore a se ka a anama. Akanya ka sekai se le sengwe fela. Leroborobo la go ruruga lekgamu kgotsa legwafa le le neng la runya kwa San Francisco ka 1907, le ne la bolaya batho ba le mmalwa ka gonne ka bonako fela naga eo e ne ya tswa letsholo la go bolaya dipeba tse di nang le matsetse a a neng a baka bolwetse jono. Kafa letlhakoreng le lengwe, go simolola ka 1896, jone bolwetse jono bo ne jwa bolaya batho ba le dimilione di le lesome kwa India mo dingwageng di le 12 ka gonne go ne go ise go lemogiwe gore bolwetse jono bo bakiwa ke eng.

Go Palelwa mo go Lwantsheng Malwetse

Ga go pelaelo gore dintwa di le dintsi kgatlhanong le malwetse di ile tsa fenngwa. Le fa go ntse jalo, malwetse mangwe a ile a fenngwa fela mo dinageng tse di humileng. Malwetse a a ka alafiwang a sa ntse a bolaya dimilione tsa batho, ka go bo fela go se na madi a a lekaneng. Batho ba le bantsi mo dinageng tse di sa ntseng di tlhabologa ba sa ntse ba se na dithulaganyo tse di tshwanetseng tsa go tsamaisa leswe, thuso ya kalafi le metsi a a phepa a a nowang. Go fuduga ga batho ba le bantsi kwa metseselegaeng ba ya kwa metsesetoropong ya dinaga tse di tlhabologileng go dira gore go nne thata le go feta gore batho ba nne le dilo tseno tsa motheo tse ba di tlhokang. Ka ntlha ya mabaka a a ntseng jalo, World Health Organization e bolela gore dinaga tse di humanegileng di “tlhaselwa thata ke malwetse go gaisa dinaga tse di humileng.”

Go se bonele dilo kwa pele ka ntlha ya bogagapa ke lone lebaka le legolo le le dirang gore dinaga tse dingwe di tlhaselwe ke malwetse thata go gaisa tse dingwe. Buka ya Man and Microbes ya re: “Go bonala mangwe a malwetse a a bolayang a a tshelanwang go gaisa mo lefatsheng a tlhasetse kwa mafelong a a kgakala. Mangwe a malwetse ano a fitlhelwa fela mo dinageng tse di humanegileng tsa boboatsatsi le tse di dikologileng tsa boboatsatsi.” E re ka dinaga tse di humileng le dikhampani tsa melemo di ka se ka tsa bona dipoelo ka tlhamalalo, di gana go naya dinaga tseno madi a go alafa malwetse ano.

Go se itshware sentle ga batho le gone ke lebaka le lengwe le le dirang gore malwetse a aname. Sekai se segolo sa seno se bonala sentle mo kgannyeng ya baerase ya AIDS, e e fetelang go tswa mo mothong yo mongwe go ya go yo mongwe ka diedi tsa mmele. Mo dingwageng di le mmalwa fela, bolwetse jono bo setse bo aname ka bonako mo lefatsheng lotlhe. (Bona lebokoso le le reng “AIDS—Sebetso sa Motlha wa Rona.”) Joe McCormick yo e leng ngaka ya malwetse a a anamang o tlhomamisa jaana: “Batho ke bone ba itirileng dilo. Ga se gore ke tshwaya boitshwaro jwa batho phoso fa ke bua jalo, seno ke boammaaruri jo bo ka se ganediweng.”

Batho ba ile ba anamisa baerase ya AIDS jang ba sa ikaelela? Buka ya The Coming Plague e ntsha mabaka a a latelang: Go fetoga ga mekgwa ya botshelo ya batho—segolobogolo mokgwa wa go tlhakanela dikobo le batho ba le bantsi—go ile ga dira gore go nne le malwetse a le mantsi a a tshelanwang ka tlhakanelodikobo, e leng se se dirang gore baerase eno e aname motlhofo le gore motho yo o nang le yone a tshwaetse batho ba bangwe ba bantsi. Go dirisiwa thata ga dimao tse di leswafetseng le tse di dirisitsweng mo kalafing ya mo dinageng tse di humanegileng kgotsa fa go dirisiwa diokobatsi ka tsela e e seng kafa molaong le gone go na le matswela a a tshwanang. Kgwebo ya lefatshe lotlhe e e dirang madi a mantsi ya tshelo ya madi le yone e dirile gore baerase ya AIDS e fetele mo bathong ba bantsi ba ba tshelwang madi a motho yo o nang le yone.

Jaaka fa go umakilwe pelenyana, go dirisiwa go go feteletseng ga dibolayamegare le go se di nwe sentle go ile ga dira gore go nne le megare e e palelang diokobatsi. Bothata jono bo masisi e bile bo nnela maswe go ya pele. Bakateria ya Staphylococcus, e gantsi e bakang dintho, e kile ya bo e bolawa motlhofo fela ka melemo e e dirilweng ka peniselene. Mme gone jaanong dibolayamegare tseno tsa kwa tshimologong gantsi ga di sa tlhole di bereka go le kalo. Ka gone dingaka di tshwanetse tsa dirisa dibolayamegare tse disha tse di turang, tse dikokelo tse di mo dinageng tse di sa ntseng di tlhabologa di se nang madi a go di reka. Tota le dibolayamegare tse disha di ka nna tsa palelwa ke go lwantsha megare mengwe, mme seo se dire gore megare e e tlhaselang batho kwa dikokelong e oketsege e bo e bake dintsho le go feta. Dr. Richard Krause, yo pele e neng e le mokaedi wa United States National Institute of Allergy and Infectious Diseases, o ne a tlhalosa boemo jono jwa bosheng ka tlhamalalo a re ke “leroborobo la megare e e palelang diokobatsi.”

“A Gompieno re Atlegile go Feta Pele?”

Gone jaanong, mo masimologong a lekgolo leno la bo21 la dingwaga, go bonala sentle gore matshosetsi a malwetse ga a ise a fele. Go anama go go sa kgaotseng ga AIDS, go runya ga malwetse a a bakwang ke megare e e palelang diokobatsi le malwetse a a bolayang a a sa bolong go nna gone a a boang a tlhasela morago ga gore a nyelele ka nakwana a a jaaka thiibi le malaria, go bontsha gore ntwa e e kgatlhanong le malwetse e sa ntse e tsweletse.

Joshua Lederberg yo o kileng a gapa Sekgele sa Nobel o ne a botsa jaana: “A gompieno re atlegile go feta mo go lwantsheng malwetse go na le mo lekgolong le le fetileng la dingwaga?” O ne a re: “Mo maemong a le mantsi, re mo seemong se se maswe go feta pele. Re ile ra itlhokomolosa megare, mme re boga matswela a boikutlo joo jwa rona jwa go itlhokomolosa dilo.” A poelomorago eno e re nnang le yone gone jaanong e ka fedisiwa ke maiteko a baitse ba tsa kalafi ba ba ititeileng sehuba le ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe? A kgabagare malwetse a konokono a a tshelanwang a tla fedisiwa, fela jaaka sekgwaripana se ne sa fedisiwa? Setlhogo sa rona sa bofelo se tla tlotla ka dipotso tseno.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 24]

Katlego ya go Lwantsha Sekgwaripana le Pholio

Kwa bofelong jwa October 1977, World Health Organization (WHO) e ne ya kgona go latedisa go anama ga bofelo go go tlwaelegileng ga bolwetse jwa sekgwaripana. Ali Maow Maalin, moapei wa bookelo yo o neng a nna kwa Somalia, o ne a tlhaselwa go se kae ke bolwetse jono, mme mo dibekeng di le mmalwa fela ke fa a setse a fodile. Batho botlhe ba ba neng ba na le kamano nae ba ne ba entiwa.

Dingaka di ne tsa leta ka tlhobaelo ka lobaka lwa dingwaga di le pedi tse go neng go lebega di tsaya lobaka lo loleele. Motho ope fela yo o neng a ka bega ka tlhomamo gore “mongwe o tshwerwe ke bolwetse jwa sekgwaripana” o ne a solofediwa tuelo ya madi a a kana ka diranta di le 7 000. Ga go na ope yo o neng a tla ka pego e e neng ya dira gore a newe madi ano, mme ka May 8, 1980, WHO e ne ya itsise semolao gore “Lefatshe le batho botlhe ba lone ba ne ba gololesegile mo bolwetseng jwa sekgwaripana.” Dingwaga di le lesome pele ga foo, sekgwaripana se ne se bolaya batho ba ka nna dimilione di le pedi ka ngwaga. E ne e le la ntlha mo hisitoring go fedisiwa bolwetse jo bogolo jo bo tshelanwang. *

Pholio, bolwetse jo gantsi bo koafatsang bana, le jone go ne go lebega bo tla fedisiwa. Ka 1955, Jonas Salk o ne a dira molemo o o kgonang go alafa pholio, mme letsholo la go lwantsha bolwetse jono le ne la simololwa kwa United States le dinaga tse dingwe. Moragonyana go ne ga dirwa molemo o o nowang. Ka 1988, WHO e ne ya tlhoma letsholo la lefatshe lotlhe la go fedisa pholio.

Dr. Gro Harlem Brundtland, yo ka nako eo e neng e le mokaedimogolo wa WHO, o bega jaana: “Fa re ne re simolola maiteko a go fedisa pholio ka 1988, e ne e golafatsa bana ba feta 1000 letsatsi le letsatsi. Ka 2001, bolwetse jono bo ne jwa golafatsa palo e e kafa tlase thata ga 1000 mo ngwageng otlhe.” Gone jaanong pholio e fitlhelwa mo e ka nnang mo dinageng di le lesome fela, le fa gone go tla tlhokega madi a mantsinyana go thusa dinaga tseno gore kgabagare di fedise bolwetse jono.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 28 Bolwetse jwa sekgwaripana ke jone sekai se segolo sa go fedisiwa ga bolwetse ka ntlha ya letsholo la ditšhabatšhaba la go enta, ka gonne go farologana le malwetse a mangwe a a bakwang ke diphologotswana tse di anamisang malwetse tse di jaaka dipeba le ditshenekegi, baerase ya sekgwaripana yone e tshwanetse ya nna mo teng ga motho gore e kgone go tshela.

[Setshwantsho]

Mosimane wa Moethiopia o nosiwa molemo o o alafang pholio

[Motswedi wa Setshwantsho]

© WHO/P. Virot

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 26]

AIDS—Sebetso sa Motlha wa Rona

AIDS e simolotse go nna bolwetse jo bosha jo bo aparetseng lefatshe lotlhe. Mo e ka nnang dingwaga di le 20 morago ga gore bo ribololwe, bo setse bo tshwaeditse batho ba ba fetang dimilione di le 60. Baitse ba tsa kalafi ba tlhagisa gore bolwetse jono jo bo anamang jwa AIDS bo sa ntse “bo simologa.” Palo ya batho ba e ba tshwaetsang “e oketsega le go feta kafa go neng go akantswe ka gone,” mme matswela a yone mo mafelong a a nang le palo e kgolo ya batho ba e ba tshwereng a ngomola pelo.

Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le tlhalosa jaana: “Batho ba le bantsi ba ba tshwerweng ke HIV/AIDS mo lefatsheng lotlhe ke ba ba mo dingwageng tsa botlhokwa tsa botshelo jwa bone.” Ka ntlha ya seno, go dumelwa gore dinaga di le mmalwa tsa kwa borwa jwa Afrika di tla bo di latlhegetswe ke diperesente tse di fa gare ga 10 le 20 tsa badiri fa ngwaga wa 2005 o goroga. Gape pego eno e bolela jaana: “Gone jaanong palogare ya botshelo jwa batho ba Afrika ba kwa borwa jwa Sahara ke dingwaga di le 47. Fa AIDS e ka bo e seyo, e ne e tla nna dingwaga di le 62.”

Go tla go fitlha jaanong maiteko a go dira moento wa AIDS ga a ise a atlege, mme ke diperesente di le nnè fela tsa batho ba le dimilione di le thataro ba ba tshwerweng ke AIDS mo dinageng tse di tlhabologang ba ba amogelang kalafi ya diokobatsi. Gone jaanong ga go na kalafi ya AIDS, mme dingaka di dumela gore kgabagare e tla tshwara batho ba le bantsi ba ba nang le baerase ya yone.

[Setshwantsho]

Disele tsa “T lymphocyte” tse di tshwaeditsweng ke baerase ya HIV

[Motswedi wa Setshwantsho]

Godo-Foto

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Modiri wa mo laboratoring o tlhatlhoba baerase e go leng thata go e lwantsha

[Motswedi wa Setshwantsho]

CDC/Anthony Sanchez