Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Fenya Bodutu

Go Fenya Bodutu

Go Fenya Bodutu

GA GO motlhofo go fenya bodutu. Boikutlo jono bo ama maikutlo thata. Motho a ka fenya bodutu jang? Batho bangwe ba ile ba dira eng go fenya boikutlo jono jo bo maatla?

Go Lwantsha Bodutu

Helen * o rata gore a nne esi fa a dira ditshwetso dingwe, mme gone o akanya gore go jewa ke bodutu go ka nna kotsi. Fa a ne a sa ntse a le monnye, o ne a sa kgone go buisana le batsadi ba gagwe. E re ka a ne a sa itse gore a ka dira jang gore ba mo sekegele tsebe, o ne a itswalela mo kamoreng ya gagwe. A re: “Ke ne ka simolola go nna le mathata a go sa je sentle. Ke ne ke nna ke tshwenyegile thata mo maikutlong. Ke ne ke na le go ipotsa gore, ‘Ke eng fa ke tshwanetse go tshwenyega ka mathata a batsadi ba me fa bone ba sa tshwenyege ka a me?’ Go tswa foo ke ne ka akanya gore lenyalo le ne le tla fedisa bodutu jwa me. Ke ne ke batla go tshabela mo go lone. Mme go ise go ye kae ke ne ka akanya jaana: ‘Ke eng fa ke tshwanetse go senya botshelo jwa motho yo mongwe? Ke tshwanetse go baakanya tsela e ke akanyang ka yone pele!’ Ke ne ka batla thuso ya ga Jehofa ka thapelo, ke mmolelela kafa ke tshwenyegileng maikutlo ka teng.

“Ke ne ka bona mafoko a a gomotsang tota mo Baebeleng, jaaka a a mo go Isaia 41:10: ‘O se ka wa boifa, gonne ke na le wena. O se ka wa leba kwa le kwa, gonne ke Modimo wa gago. Ke tla go thatafatsa. Ke tla go thusa tota. Ruri ke tla go ngangatlela ka thata ka seatla sa me sa moja sa tshiamo.’ Mafoko ano a ne a nthusa tota ka gonne ke ne ke ikutlwa e kete ga ke na rre. Gompieno ke bala Baebele ka metlha le go rapela Rre yo o kwa legodimong. Ke ithutile go fenya bodutu jwa me.”

Go swelwa ke mongwe yo o mo ratang go a hutsafatsa, mme seno se ka dira gore motho a jewe ke bodutu. Luisa yo o nang le dingwaga tse 16, o tlhalosa tlalelo ya gagwe jaana: “Rre o ne a swa ke le dingwaga tse tlhano. Ke ne ka ya kwa go mmèmogolo gore a nkgomotse mme ke ne ke bona a sa nthate. Ke ne ke sa ratiwe go le kalo fa ke ne ke sa ntse ke le ngwana, ka nako e ke neng ke tlhoka go ratiwa thata ka yone. Fa ke ne ke na le dingwaga tse di magareng ga tse robedi le tse robongwe, ke ne ka leka ka makgetlho a le mararo go ipolaya. Ke ne ke akanya gore seno se tla solegela ba lelapa la me molemo ka gonne mmè o ne a sokola gore a re tlamele ka dijo, nna le bonkgonne ba le bararo. Re ne ra simolola go kopanela le Basupi ba ga Jehofa. Banyalani bangwe ba basha ba ne ba nkgatlhegela tota. Ba ne ba aga ba bua jaana: ‘Re a go rata e bile re a go tlhoka.’ Mafoko a a reng ‘Re a go tlhoka’ a ne a nnonotsha tota. Ka dinako tse dingwe ga ke kgone go bolelela motho yo mongwe maikutlo a me, mme fa ke bala ditlhogo tse di gatisitsweng mo makasineng wa Tora ya Tebelo kgotsa Tsogang! ke leboga Jehofa ka gonne dikgatiso tseno di dira gore ke lemoge gore o a nthata. Ke dirile diphetogo di le dintsi. Gompieno ke kgona go nyenya e bile ke kgona go bolelela mmè maikutlo a me fa ke hutsafetse le fa ke itumetse. Ke a tle ke gopole dilo tsa nako e e fetileng mme e seng jaaka pele fa ke ne ke leka go ipolaya kgotsa ke kgaotsa go buisa baratiwa ba me. Ka metlha ke gakologelwa mafoko ano a mopesalema Dafide: ‘Jaanong ke tla bua ka ntlha ya bomorwarre le balekane ba me: “E kete go ka nna kagiso mo teng ga gago.”’”—Pesalema 122:8.

Martha o na le dingwaga di le 22 a tlhadilwe, mme o ntse a godisa ngwana mo nakong eno. A re: “Ke na le go ikutlwa ke se na mosola wa sepe e bile ke jewa ke bodutu fa ke akanya gore go na le sengwe se ke sa kgonang go se dira.” O lwantsha maikutlo ano jang? O tlhalosa jaana: “Ke lemogile gore tsela e e molemo go di gaisa tsotlhe ya go fenya maikutlo ano ke go a bolelela Jehofa Modimo ka yone nako eo. Fa ke rapela, ke a itse gore ga ke esi. Jehofa o ntlhaloganya botoka go feta kafa nna ke itlhaloganyang ka teng. Gape ke leka go batla ditsela tsa go bontsha gore ke kgatlhegela ba bangwe. Selo se se nthusang thata go fenya maikutlo a a sa siamang ke tirelo ya me ya nako e e tletseng. Fa o bolelela batho ba bangwe ka masego a Bogosi Jwa Modimo mme o lemoga gore batho bano ga ba na tsholofelo le e seng e bile ba tsaya gore mathata a bone a ka se fele, o lemoga gore o na le mabaka a a utlwalang sentle a gore o batle go tshela le go nna o dira ka natla go fenya maikutlo a a sa siamang.”

Elba, yo o nang le dingwaga tse 93, yo ngwana wa gagwe yo o esi e leng morongwa kwa nageng e nngwe o re bolelela kafa a lwantshang bodutu ka gone: “Fa morwadiake le monna wa gagwe ba ne ba lalediwa go ya Sekolong sa Baebele sa Watchtower sa Gileade, ba ne ba tletse boitumelo tota, mme le nna ke ne ke ba itumeletse. Moragonyana, fa ba amogela kabelo ya bone ya go ya go direla kwa nageng e sele, ke ne ka simolola go nna pelotshetlha go sekae. Ke ne ke itse gore ke ne ke se kitla ke tlhola ke nna gaufi le bone, mme ke ne ka hutsafala. Seemo seno mo go nna se ne se tshwana le sa ga Jefetha le morwadie yo o esi, se se tlhalosiwang mo go Baatlhodi kgaolo 11. Ke ne ka tshwanelwa ke go rapela Jehofa ke lela, ke mo kopa gore a intshwarele. Banake ba buisana le nna ka metlha. Ke a itse gore ba tshwaregile thata, mme gongwe le gongwe kwa ba leng teng, ba ipha nako ya go mpolelela dilo tse di diregang koo le tse di ba diragaletseng mo bodireding jwa tshimo. Ke bala makwalo a bone ke a boaboeletsa. Go ntse jaaka e kete ba bua le nna beke le beke, mme ke lebogela seo thata. Gape bagolwane ba Bakeresete mo phuthegong ya rona ba re tlhokomela sentle rona ba ba tsofetseng le ba ba bokoa, ba tlhomamisa gore re nna le sepalangwa se se re isang kwa dipokanong tsa phuthego e bile ba re tlamela ka dilo dipe fela tse re di tlhokang. Ke tsaya bakaulengwe le bokgaitsadi ba me mo phuthegong e le mpho e e tswang kwa go Jehofa.”

Le Wena o ka Fenya Bodutu

Le fa o ka tswa o le monnye kgotsa o godile, o nyetse kgotsa o sa nyala, o le ngwana yo o nang le batsadi kgotsa o le khutsana, o tlhokafaletswe ke baratiwa kgotsa o jewa ke bodutu ka tsela nngwe, go na le ditsela tsa go fenya maikutlo ano. Mosetsana mongwe yo o nang le dingwaga di le 18 e bong Jocabed, yo rraagwe a neng a tlogela lelapa la gaabo la maloko a le marataro mme a ya go nna kwa nageng e nngwe, a re: “Bula mafatlha a gago! Go botlhokwa gore re tlhalose gore re ikutlwa jang. Fa re sa dire jalo, ga go na ope yo o tla re tlhaloganyang.” O gakolola jaana: “Tlogela go ikgopola go feta tekanyo. Batla thuso mo bathong ba ba godileng e seng mo basheng ba seemo sa bone se ka tswang se le maswe go feta sa gago.” Luisa yo o umakilweng fa godimo a re: “Go rapela Jehofa go tswa pelong go re naya thuso e re e tlhokang gore re kgone go bona kgoro ya botso.” Jorge, yo o neng a swelwa ke mosadi, o tlhalosa kafa a lwantshang bodutu ka gone: “Motho o tshwanetse go nna pelotelele. Ke thusiwa thata ke go kgatlhegela batho ba bangwe. ‘Go utlwela ba bangwe botlhoko’ fa re tlotla le bone go ka dira gore re nne le metlotlo e e mosola e bile go ka re thusa gore re bone dinonofo tsa bone tse di molemo.”—1 Petere 3:8.

Go na le dilo di le dintsi tse motho a ka di dirang go lwantsha bodutu. Mme gone, a go tla direga gore batho ba se ka ba tlhola ba jewa ke bodutu? Fa e le gore go ntse jalo, seno se tla direga jang? Setlhogo se se latelang se tla araba dipotso tseno.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 4 Mangwe a maina a fetotswe.

[Mafoko a a mo go tsebe 8]

“Go rapela Jehofa go tswa pelong go re naya thuso e re e tlhokang gore re kgone go bona kgoro ya botso.”—Luisa

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 7]

Tsela ya go Fenya Bodutu

▪ Se lebale gore o ka kgona go fetola seemo sa gago le gore ga se na go nnela ruri, e bile go na le batho ba bangwe ba ba leng mo seemong se se tshwanang le sa gago.

▪ O se ka wa ipatla dilo tse o ka se kang wa di kgona.

▪ Kgotsofalela se o leng sone.

▪ Nna le mekgwa e mentle ya go ja le go ikatisa, mme o iphe nako e e lekaneng ya go robala.

▪ Fa o le nosi, dirisa nako eo go tlhama dilo le go ithuta ditiro tse disha.

▪ Ela tlhoko gore o se ka wa leba batho ba o kopanang le bone go ya ka dilo tse di go diragaletseng mo nakong e e fetileng.

▪ Tsaya ditsala tsa gago di le botlhokwa mme o anaanele dinonofo tsa bone tse di sa tshwaneng. Dira maiteko a go nna le ditsala tse di molemo. Kopa dikakantsho tsa batho ba ba godileng ba ba nang le maitemogelo.

▪ Direla ba bangwe dilo—nyenya le bone, bua le bone ka bopelonomi, tlotla le bone ka sengwe go tswa mo Baebeleng. Sengwe se se ka go thusang go lwantsha bodutu ke go nna le boikutlo jwa gore o motho wa botlhokwa mo bathong ba bangwe.

▪ Tila go ijesa dijo tsa ditoro o ipona o tsalane le bagaka ba difilimi le thelebishene kgotsa ba ba tlhagang mo Internet kgotsa mo dibukeng.

▪ Fa o nyetse, o se ka wa lebelela gore molekane wa gago o tla go naya sengwe le sengwe se o se tlhokang mo maikutlong. Ithute gore lenyalo le tlhoka tirisano mmogo, go thusana le go tshegetsana.

▪ Ithute go bua le ba bangwe mme o nne moreetsi yo o molemo. Lebisa tlhokomelo thata mo bathong ba bangwe le mo dilong tse ba di kgatlhegelang. Nna kutlwelobotlhoko.

▪ Dumela gore o jewa ke bodutu, mme o bue le tsala e e godileng sentle, mongwe yo o ka mo ikanyang. O se ka wa batla go swela tharing.

▪ O se ka wa nwa bojalwa thata, kgotsa o se ka wa bo nwa gotlhelele. Bojalwa ga bo fedise mathata a gago—fa nako e ntse e tsamaya a tla tsoga gape.

▪ O se ka wa ikgogomosa. Itshwarele batho ba ba go utlwisang botlhoko mme o dire sengwe le sengwe se o ka se kgonang go tsosolosa botsalano. Iketleeletse go tshepa batho ba bangwe.

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Motho a ka lwantsha bodutu jang?