Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Eng fa Batho ba le Bantsi Jaana ba Jewa ke Bodutu?

Ke Eng fa Batho ba le Bantsi Jaana ba Jewa ke Bodutu?

Ke Eng fa Batho ba le Bantsi Jaana ba Jewa ke Bodutu?

BATHO ba le bantsi gompieno ba jewa ke bodutu. Bo ama batho ba dingwaga tsotlhe le ba ditso tshotlhe, le ba maemo le madumedi a a sa tshwaneng. A o kile wa ikutlwa o jewa ke bodutu? A o jewa ke bodutu gone jaanong? Tota e bile, ka dinako tse dingwe rotlhe re kile ra ikutlwa re tlhoka go nna le tsala—mongwe yo o ka re sekegelang tsebe, yo o ka dirang gore re ritibale maikutlo, kgotsa yo o ka kgonang go tlhaloganya maikutlo le dikakanyo tsa rona, le yo o ka tlhaloganyang botho jwa rona. Re tlhoka mongwe yo o akanyetsang maikutlo a rona.

Le fa go ntse jalo, ga se gore fa motho a le esi o a bo a jewa ke bodutu. Motho a ka fetsa nako e telele a le esi, a itumelela dilo tse a di dirang mme a sa ikutlwe a jewa ke bodutu le e seng. Ka fa letlhakoreng le lengwe, go na le batho ba ba sa kgoneng go nna bosi. Go nna esi go raya go sa nne le ba bangwe mme ga go reye gore motho o a bo a sa itumela. Gantsi go jewa ke bodutu go kaya go utlwisiwa botlhoko ke gore o nosi le gore o tlhoka ditsala.

Go jewa ke bodutu ke boikutlo jo bo maatla, e bile go ka utlwisa motho botlhoko thata. Ke boikutlo jo bo sa itumediseng jwa go akanya gore ga o na mosola. Ke fa motho a ikutlwa a kgaphetswe kwa thoko mo bathong ba bangwe. Re ka ikutlwa re le bokoa e bile re boifa. A o kile wa ikutlwa ka tsela eno? Ke eng se se dirang gore batho ba jewe ke bodutu?

Mathata le maemo a ama batho ka ditsela tse di sa tshwaneng. O ka tswa o ikutlwa o sa batliwe ke balekane ba gago ka ntlha ya tsela e o lebegang ka yone, lotso kgotsa bodumedi jwa gago. Go fetoga ga maemo—jaaka go simolola sekolo se sesha, tiro e ntšha, kgotsa go fudugela kwa motseng kgotsa kwa nageng e nngwe—go ka dira gore o ikutlwe o jewa ke bodutu ka gonne o tshwanelwa ke go kgaogana le ditsala tsa gago tsa bogologolo. Go swelwa ke motsadi kgotsa molekane wa lenyalo go ka dira gore motho a jewe ke bodutu, gongwe ka dingwaga di le dintsi. Gape fa re ntse re gola, ditsala tsa rona le batho ba re ba tlwaetseng ba ka emisediwa ke ba bangwe, ba ka fokotsega kgotsa ba fela.

Ga se ka metlha lenyalo le tlhomamisang gore motho ga a na go jewa ke bodutu. Go se utlwisisane le go nna le dikgotlhang go ka dira gore banyalani le bana ba ngomoge pelo ka tsela e e ka dirang gore ba nne le dipelaelo le e leng go itlhaola mo bathong. Mme gone, kwantle ga bodutu jo bo bakwang ke go swelwa ke mongwe yo o mo ratang, tlhalano kgotsa go itlhaola mo bathong ka tsela ya mmatota kgotsa mo maikutlong, go na le mofuta o mongwe wa bodutu o o ka re amang thata. Bodutu jono bo nna gone fa re sa tlhole re na le kamano e e molemo le Modimo mme re ikutlwa re katogetse kgakala le ene.

A o kile wa diragalelwa ke sengwe sa dilo tse di umakilweng fa godimo? A motho a ka kgona go fenya bodutu?

[Ditshwantsho mo go tsebe 4]

Maemo a a fetogang a botshelo, a a akaretsang go tsena sekolo se sesha le go swelwa ke molekane, a ka dira gore motho a jewe ke bodutu