Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Eng fa Batho ba le Bantsi Jaana ba Tshwarwa ke Hay Fever?

Ke Eng fa Batho ba le Bantsi Jaana ba Tshwarwa ke Hay Fever?

Ke Eng fa Batho ba le Bantsi Jaana ba Tshwarwa ke Hay Fever?

Ka mokwadi wa Tsogang! kwa Spain

MATLHO a gago a a baba e bile a tlala dikeledi, o ethimola letsatsi lotlhe, nko ya gago e nna e tshologa mamina, mme o hema ka thata. Go diregang ka wena? O ka tswa o tshwerwe ke mofikela. Mme fa e le gore o nna le matshwao ano fa o le mo lefelong le le nang le mmudula, o ka tswa o tshwerwe ke bolwetse jwa hay fever. Fa e le gore go ntse jalo, go na le batho ba le bantsi ba ba tshwanang le wena. Palo ya batho ba go lemogiwang gore ba tshwerwe ke hay fever e oketsega ngwaga le ngwaga.

Makasine wa Mujer de Hoy o bega jaana: “Hay fever ke fa mmele o tsiboga ka tsela e e feteletseng o tsibogela sengwe se o se tsayang se le kotsi. Thulaganyo ya mmele ya go lwantsha malwetse ya batho ba go nang le dilo tse di ilwang ke mebele ya bone ga e letlelele sepe se se sa tlwaelegang mo mmeleng—go akaretsa le mmudula—tota le fa dilo tseno di se kotsi.” Mme fa thulaganyo ya mmele ya go lwantsha malwetse e tsibogela sengwe ka tsela eno e e feteletseng, seno se dira gore motho a nne le matshwao a a selekang a a tlhalositsweng kwa tshimologong.

Ka 1819, ngaka ya Moesemane, John Bostock, o ne a tlhalosa bolwetse jwa hay fever. E ne e le ene motho wa ntlha go dira jalo. Bostock o ne a tlhalosa matshwao a a selekang a a neng a nna le one gangwe le gape. O ne a dumela gore matshwao ano a ne a bakwa ke bojang jo bo omileng jo bo sa tswang go segwa jo bo bidiwang hay ka Seesemane, ka jalo bolwetse jono bo ne jwa bidiwa hay fever. Moragonyana go ne ga lemogiwa gore totatota dilo tse di dirang gore mmele o simolole go ila dilo dingwe ke mefuta e mentsi e e farologaneng ya mmudula. Mo masimologong a lekgolo la bo19 la dingwaga, Bostock o ne a lemoga gore ke batho ba le mmalwa thata ba ba nang le bolwetse jono mo Engelane yotlhe.

Le fa go ntse jalo, ke eng fa batho ba le bantsi jaana ba tshwarwa ke hay fever gompieno? Dr. Javier Subiza, motsamaisi wa Center for Asthma and Allergies kwa Madrid, kwa Spain, o umaka dikgopolo tse pedi tse babatlisisi ba dirang ditlhotlhomiso ka tsone. Kgopolo e nngwe e bolela gore bolwetse jono bo bakwa ke dienjene tsa diesel. Go akanngwa gore dikarolwana tse di tswang mo lookwaneng lwa diesel fa e sha, di ka gakatsa dilo tse di ilwang ke mmele. Go ya ka moitse mongwe wa dilo tse di ilwang ke mmele e bong Dr. Juan Kothny Pommer, “mo dinageng tse di tlhabologileng, bolwetse jwa hay fever bo tshwara diperesente di le 20 tsa batho mme bo tletse thata mo ditoropong.”

Kgopolo ya bobedi e bontsha gore bothata jono bo ka tswa bo bakwa ke go amega thata ka tsa boitekanelo. Dr. Subiza o tlhalosa jaana: ‘Re belegelwa mo phaposing ya bookelo e e bolailweng megare, re ja dijo tse di bolailweng megare, re entelwa malwetse a le mantsi mme fa re lwala re itlhaganelela go nwa dipilisi tse di bolayang dibaketeria. Ka jalo, go tloga fa re sa le bana, thulaganyo ya mebele ya rona ya go lwantsha malwetse e tlwaediwa gore go nne le dilo dingwe tse e di ilang.’

Fa e le gore thulaganyo ya mmele wa gago ya go lwantsha malwetse e tsibogela dilo dingwe ka tsela e e feteletseng, o se ka wa felelwa ke tshepo! Fa o ka tlhatlhobiwa wa ba wa alafiwa sentle, o ka kgona go laola le go fokotsa matshwao ano a a selekang a hay fever.