Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke ka Ntlha Yang fa a Mpogisa Jaana?

Ke ka Ntlha Yang fa a Mpogisa Jaana?

Basha ba Botsa Jaana . . .

Ke ka Ntlha Yang fa a Mpogisa Jaana?

“Gantsi [mosimane yo ke ratanang le ene] o ntatofatsa ka dilo tse di se nang tlhaloganyo. Mme gone ke a mo rata.”—Kathrin. *

“O ne o ka se bone [dintho dipe], mme gone ke ne ke utlwile botlhoko.”—Andrea, yo o neng a itewa mo lerameng ke mosimane yo a ratanang nae.

KE SENGWE se se tlwaelegileng: Lekgarebe le intsha le lekawana lengwe le le bonalang le siame e bile le le maitseo. Mme o simolola go fetoga ka iketlo. Ga a tlhole a dirisa mafoko a a bontshang lorato go na le moo o dirisa mafoko a a sotlang le a a nyatsang. La ntlha, lekgarebe leno le itlhokomolosa seno le tsaya gore o itshamekela fela. Le fa go ntse jalo, dilo di nnela maswe go ya pele mme nako le nako lekawana leno le mo tlhasela ka mafoko, le a galefa e bile le ikwatlhaela go bo le ratana le ene. Lekgarebe leno le na le maikutlo a gore ka tsela nngwe ke lone le le dirang gore lekau leno le itshware ka tsela eno, mme ga le tlhalose kafa le ikutlwang ka teng le tsaya gore dilo di tla siama. Mme ga di siame. Gone jaanong lekau la gagwe le setse le omana le go goa. Ka nako nngwe fa a galefile, o mo kgoromeletsa kgakala ka dikgoka! O tshaba gore mo lekgetlhong le le latelang o tla mo itaya. *

Makau le makgarebe a a ratanang mme ba sotliwa mo mmeleng kgotsa ka mafoko ba ka nna ba tshwanelwa ke go itshokela go kgobiwa, puo e e utlwisang botlhoko le bogale jo bo sa feleng. A o mo boemong jo bo ntseng jalo? (Bona lebokoso le le reng “Matshwao Mangwe a a Tlhagisang.”) Fa go le jalo, o ka nna wa bo o ngomogile pelo e bile o tlhabilwe ke ditlhong tota mo e leng gore ga o itse gore o dire eng.

Maemo a a ntseng jaana ga se gore ga a tlwaelega go le kalo jaaka o ka tswa o akanya. Babatlisisi ba fopholetsa gore motho a le 1 mo go ba le 5 o kile a tshwarwa makgwakgwa fa a ne a ratana le mongwe. Fa go kgobiwa ka mafoko go tsewa e le mofuta mongwe wa go sotla, palo eno e e fopholediwang e tlhatlogela go batho ba le 4 mo go ba le 5. Go farologana le tsela e batho ba le bantsi ba akanyang ka yone, ga se gore ke basadi fela ba ba sotliwang. Go ya ka patlisiso nngwe ya Boritane ya batho ba ba ratanang, “diperesente tse di batlang di lekana tsa banna le basadi” ba ne ba bega gore ba na le balekane ba ba ba sotlang. *

Ke ka ntlha yang fa go itshwara ka tsela eno e e sa siamang go direga ka nako ya go ratana? O tshwanetse go dira eng fa o iphitlhela o le mo boemong jo bo ntseng jalo?

Go Leba Dilo Kafa Modimo a di Lebang ka Teng

Sa ntlha, o tshwanetse go lemoga kafa boemo jono bo leng masisi ka gone mo matlhong a Modimo. Ke boammaaruri gore batho ba ba sa itekanelang ba rata go bua le go dira dilo tse di utlwisang ba bangwe botlhoko. (Jakobe 3:2) Gape go boammaaruri gore tota le batho ba ba ratanang e bile ba ikanyana ka dinako tse dingwe ba tla nna le dikgotlhang. Ka sekai, moaposetoloi Paulo le Baranabase e ne e le Bakeresete ba ba godileng semoyeng. Le fa go le jalo, ka nako nngwe ba ne ba ‘galefelana mo go botlhoko.’ (Ditiro 15:39) Ka jalo fa o intsha le mongwe, go a direga gore nako le nako lo nne le dikgotlhang.

Mo godimo ga moo, go tla bo go sa tshwanela go lebelela gore mosimane yo o ratanang nae le ka motlha a ka se ka a bua sengwe se se seng monate. Tota e bile, lo akanya ka go nyalana. Mme fa e le gore o tshwentswe ke mokgwa mongwe wa gago, a go ne go se kitla go bontsha lorato fa a ne a ka buisana le wena ka gone? Ke boammaaruri, go utlwisa botlhoko go tshwaiwa diphoso. (Bahebera 12:11) Mme fa go dirwa ka lorato, ga e kitla e nna ka tsela ya go kgoba.—Diane 27:6.

Le fa go ntse jalo, ke kgang e sele go omana, go itaya kgotsa go sotla. Baebele e kgala “tšhakgalo, bogale, bosula, puo ya go kgoba.” (Bakolosa 3:8) Jehofa o a galefa fa mongwe a dirisa “maatla” go sotla, go tshosetsa kgotsa go gatelela ba bangwe. (Moreri 4:1; 8:9) Tota e bile, Lefoko la Modimo le laela banna “go rata basadi ba bone jaaka mebele ya bone . . . , gonne ga go motho ope yo o kileng a tlhoa nama ya gagwe; mme o a e fepa a ba a e ngomaela.” (Baefeso 5:28, 29) Monna yo o kgobang mosadi yo a ratanang le ene ka mafoko kgotsa yo a sa mo tshwareng sentle o bontsha gore ga a ise a siamele go nna molekane wa lenyalo. Go le jalo, o dira gore Jehofa Modimo a mo galefele!

Ga se Molato wa Gago!

Le fa go ntse jalo, batho ba ba sotlang ba bangwe gantsi ba tshwaya ba bangwe molato wa gore ke bone ba ba dirang gore ba itshware jalo. Ka jalo gongwe le wena ka dinako dingwe o ikutlwa gore ke molato wa gago go bo mosimane yo o ratanang le ene a galefa. Le fa go ntse jalo, kgalefo ya gagwe e ka ne e sa bakiwe ke wena. Gantsi banna ba ba sotlang ba godisitswe mo lelapeng le go neng go tsewa gore go sotla kgotsa puo e e nyatsang go siame. * Mo dinageng dingwe makau a tlhotlhelediwa ke tlwaelo e e leng gone ya gore banna ba lebeletswe gore ba laole. Ditsala le tsone di ka gatelela makau gore ba nne badipa. E re ka a sa itshepe, a ka nna a ikutlwa a tshosiwa ke sengwe le sengwe se o se buang kgotsa se o se dirang.

Go sa kgathalesege gore boemo ke bofe, ga se molato wa gago fa motho yo mongwe a galefa. Puo e e kgobang le thubakanyo ga di amogelesege le ka motlha.

Go Fetola Tsela e o Akanyang ka Yone

Le fa go le jalo, tsela e o lebang dilo ka yone e ka nna ya tlhoka gore o e fetole. Jang? Akanyetsa seno, fa mosetsana a godiseditswe mo lelapeng le go lowang le le go buiwang dilo tse di utlwisang botlhoko mo go lone, go sotla go ka bonala go siame mo go ene. Go na le gore a ile boitshwaro joo jo e seng jwa Bokeresete, a ka nna a bo itshokela—gongwe a ka nna a bona bo kgatlha. Ee, batho bangwe ba ba sotliwang ba re ga ba kgatlhegele banna ba ba maitseo. Makgarebe a mangwe a dumela gore a ka kgona go fetola basimane ba ba ratanang le bone.

Fa go ntse jalo ka wena mo go nngwe ya dintlha tseno tse pedi, o tlhoka go ‘fetolwa ka go fetola mogopolo wa gago’ mo ntlheng eno. (Baroma 12:2) Ka go rapela, go ithuta le go tlhatlhanya, o tlhoka go leba puo ya go kgoba ka tsela e Jehofa a e lebang ka yone mme o e lebe e le e e sa siamang. O tlhoka go tlhaloganya gore ga wa tshwanelwa go tshwarwa ka tsela e e sa siamang. Go itse gore go na le dilo dingwe tse o ka se kang wa kgona go di dira go ka go thusa go lemoga gore ga o na bokgoni jwa go fetola mosimane yo o bogale yo o ratanang le ene. Ke boikarabelo jwa gagwe gore a fetoge!—Bagalatia 6:5.

Mo mabakeng mangwe makgarebe a itshokela go tshwarwa makgwakgwa ka ntlha ya go ikutlwa a se botlhokwa. Kathrin, yo o umakilweng kwa tshimologong a re, “Ga ke bone gore nka tshela kwantle ga gagwe, e bile ga ke bone fa nka bona mongwe yo o botoka go na le ene.” Lekgarebe lengwe le le bidiwang Helga le lone le ne la bua jaana ka lekau la gagwe, “Ke mo letlelela gore a mpetse ka gonne seo se botoka go feta go se bonwe gotlhelele.”

A dikgopolo tseno di utlwala di siametse botsalano jo bo molemo? Tota e bile, a tota o ka kgona go rata mongwe fa wena o sa ithate? (Mathaio 19:19) Leka go tlhagolela moya wa go ikutlwa o le botlhokwa. * Go itshokela go sa tshwarwe sentle ga go kitla go go thusa go ikutlwa o le botlhokwa. Fela jaaka lekgarebe le le bidiwang Irena le itse go ya ka se se mo diragaletseng, go itshokela go sotliwa go ka dira “gore o se ka wa ikutlwa o le botlhokwa.”

Go Lebana le Boammaaruri

Bangwe ba ka nna ba go fitlhela go le thata go dumela gore go ratana ga bone ga go a siama—segolobogolo fa ba fekeediwa ke maikutlo a magolo a lorato. Mme o se ka wa itlhokomolosa boammaaruri. Seane sa Baebele sa re: “Yo o botlhale ke yo o boneng masetlapelo a bo a iphitlha, ba ba se nang maitemogelo ba fetile mme ba tla boga matswela a a botlhoko.” (Diane 22:3) Lekgarebe lengwe le le bidiwang Hanna le gakologelwa jaana, “Fa o ratana le lekau, o batla o tshwana le sefofu ka gonne o bona fela dinonofo tsa gagwe tse di molemo.” Le fa go ntse jalo, fa le go sotla, go botlhokwa gore o lemoge se tota a leng sone. Mme fa lekau la gago le go tshosetsa kgotsa le go tseela kwa tlase, seno ga se a siama. O se ka wa fitlha maikutlo a gago, wa nyenyefatsa se a se dirileng kgotsa wa ipona molato. Maitemogelo a bontsha sentle gore fa ditiro tseno di sa siamisiwe, o tla tswelela o sotliwa. Botsogo jwa gago bo ka nna mo kotsing!

Gone mme, go ka se nne molemo go ratana le motho yo o palelwang ke go ikgapa. (Diane 22:24) Ka jalo fa mongwe yo o sa mo itseng a batla go intsha le wena, go tla bo go le botlhale gore o itse sengwe ka ene. Ke ka ntlha yang fa o sa akantshe gore le kopane mmogo mo gare ga setlhopha sa batho? Seno se tla go thusa gore o mo itse botoka ntle le go ratana le ene pele. Ipotse dipotso tse di botlhokwa, tse di jaaka: Ditsala tsa gagwe ke bomang? O rata mmino ofe, dibaesekopo dife, metshameko efe ya khomputara le metshameko efe e mengwe? A motlotlo wa gagwe o bontsha gore o kgatlhegela dilo tsa semoya? Buisana le batho ba ba mo itseng, jaaka bagolwane ba phuthego ya gagwe. Ba tla go bolelela fa e le gore o “bolelwa ka molemo” ke ba bangwe ka gonne a itshwara ka tsela e Modimo a e amogelang.—Ditiro 16:2.

Mme ke eng se o ka se dirang fa o setse o ratana le mongwe yo o go sotlang? Potso eno e tla arabiwa mo setlhogong se sengwe.

Fa e le gore o ka rata go bona tshedimosetso e e oketsegileng kana o ka rata mongwe a go etela kwa legaeng la gago go tla go ithuta Baebele le wena mahala, tsweetswee kwala o romele leina la gago le aterese ya kwa o nnang teng go Basupi ba ga Jehofa, Private Bag X2067, Krugersdorp, 1740, South Africa, kana kwa atereseng e e tshwanetseng e e mo lenaaneng le le mo tsebeng ya 5.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 3 Maina mangwe a fetotswe.

^ ser. 5 Setlhogo seno se tlotla ka batho ba ba sotliwang ka mafoko le mo mmeleng. Kgakololo e e ka thusang batho ba ba sotlang ba bangwe e ne ya ntshiwa mo ditlhogong tse di reng “Go Fetola Mafoko a a Tlhabang go Nna a a Nametsang” le “Go Kgerisa—Kotsi ya Gone ke Eng?” mo dimakasineng tsa November 8, 1996, le April 8, 1997.

^ ser. 7 Le fa go ntse jalo, go dira dilo motlhofo, re tla bua ka basadi ba ba sotlwang. Melaometheo e go tlotliwang ka yone fano e dira mo banneng mmogo le mo basading.

^ ser. 14 Bona setlhogo se se reng “Go Senola Medi ya Puo e e Kgobang,” mo makasineng wa November 8, 1996.

^ ser. 20 Bona kgaolo 12 ya buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Lebokoso mo go tsebe 32]

Matshwao Mangwe a a Tlhagisang

▪ Gantsi o bua mafoko a a tlhabang ka wena, ka ba lelapa la gago kgotsa ditsala tsa gago, fa lo le nosi kgotsa fa lo na le ba bangwe

▪ Gantsi o itlhokomolosa dilo tse o di batlang kgotsa kafa o ikutlwang ka teng

▪ O leka go laola karolo nngwe le nngwe ya botshelo jwa gago, nako le nako o batla go itse kwa o leng teng le go go direla ditshwetso tsotlhe

▪ O a go omanya, o a go kgorometsa kgotsa o a go tshosetsa

▪ O batla gore o dire dilo dingwe tse di sa tshwanelang go bontsha lorato

▪ Ka dinako tsotlhe o ipotsa gore a tsela e o dirang dilo ka yone ga e kitla e mo kgopisa

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Go tshwaiwa diphoso ka dinako tsotlhe kgotsa go kgobiwa go ka supa gore botsalano jwa lona ga se jo bo molemo