Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lefatshe Le le Se Nang Bolwetse

Lefatshe Le le Se Nang Bolwetse

Lefatshe Le le Se Nang Bolwetse

“Dinaga tsotlhe di tshwanetse tsa dirisana mmogo le go thusana go tlhomamisa gore batho botlhe ba fiwa kalafi ya motheo e re ka botsogo jo bo siameng jwa batho ba naga epe fela bo ama naga nngwe le nngwe e sele ka tlhamalalo e bile bo e solegela molemo.”—MAIPHAKO A ALMA-ATA, SEPTEMBER 12, 1978.

MO DINGWAGENG di le 25 tse di fetileng, mo bathong bangwe go alafiwa ga mongwe le mongwe mo lefatsheng go ne go lebega e le selo se se ka fitlhelelwang. Baemedi ba Kokoano ya Ditšhabatšhaba e e Kaga Kalafi ya Motheo, e e neng e tshwaretswe kwa Alma-Ata, e e kwa nageng e ga jaanong e leng Kazakhstan, ba ne ba dumalana gore fa ngwaga wa 2000 o goroga batho botlhe ba bo ba entetswe malwetse a konokono a a tshelanwang. Gape ba ne ba solofetse gore fa ngwaga oo o fitlha, batho botlhe mo godimo ga lefatshe ba tla bo ba na le dilo tsa botlhokwa tse di jaaka dithulaganyo tsa go tsamaisa leswe le metsi a a phepa a a nowang. Dinaga tsotlhe tse e leng maloko a World Health Organization (WHO) di ne tsa saena maiphako ao.

Ruri mokgele wa bone o ne o le molemo, mme gone go diragadiwa ga one go ile ga swabisa. Tota ga se batho botlhe mo lefatsheng ba ba amogelang kalafi ya motheo e ba e tlhokang, mme malwetse a a tshelanwang a sa ntse a tshosetsa boitekanelo jwa dibilione tsa batho mo lefatsheng. Malwetse ano a a bolayang gantsi a tlhasela bana le bagolo mo nakong ya botlhokwa ya botshelo jwa bone.

Tota le matshosetsi a malwetse a mararo a a farologaneng e leng AIDS, thiibi le malaria ga a ise a kgone go pateletsa dinaga gore “di dirisane mmogo le go thusana.” Setheo se se sa tswang go tlhomiwa sa Global Fund to Fight AIDS, Tuberculosis and Malaria se ne sa kopa dipuso madi a a kana ka diranta di le dimilione di le dikete di le 90 go se thusa go fokotsa malwetse ano a leroborobo. Le fa go ntse jalo, ka letlhabula la 2002, setheo seno se ne se abetswe fela diranta di feta dimilione di le dikete di le 13—mme ka one ngwaga oo madi a a neng a dirisediwa dilo tsa sesole a ne a fopholediwa go diranta di le dimilione di le dimilione di le 4,8! Ka maswabi, mo lefatsheng la gompieno le le kgaoganeng, ke matshosetsi a le mmalwa fela a a kgonang go kopanya dinaga tsotlhe ka boikaelelo jwa gore mongwe le mongwe a solegelwe molemo.

Le fa gone ditheo tsa kalafi di na le maitlhomo a a molemo, di iphitlhela di kgorelediwa ke dilo dingwe fa di leka go lwantsha malwetse a a tshelanwang. Dipuso di ka nna tsa se ka tsa ntsha madi a a lekaneng a go dira seno. Megare le yone e setse e palela diokobatsi di le dintsi, mme le batho ba tswelela pele ba tshela botshelo jo bo dirang gore ba nne mo kotsing ya go tshwaediwa ke malwetse. Mo godimo ga moo, mathata a a tlwaelegileng mo mafelong a a rileng a a jaaka khumanego, ntwa le leuba a dira gore malwetse a tlhasele batho ba le dimilione motlhofo fela.

Modimo o Kgatlhegela Botsogo Jwa Rona

Go na le tharabololo. Re na le bosupi jo bo bonalang sentle jwa gore Jehofa Modimo o kgatlhegela botsogo jwa batho fela thata. Thulaganyo ya rona ya mmele ya go lwantsha malwetse ke sekai se se molemo sa seno. Melao e le mentsi e Jehofa a neng a e neela Baiseraele ba bogologolo e ne e bontsha gore o rata go ba sireletsa mo malwetseng a a tshelanwang. *

Jesu Keresete, yo o bontshang sentle botho jwa ga Rraagwe yo o kwa legodimong, le ene o utlwela batho ba ba lwalang botlhoko. Pego ya Efangele ya ga Mareko e tlhalosa ka tiragalo e mo go yone Jesu a neng a kopana le monna yo o tshwerweng ke lepero. Molepero o ne a re: “Fa o batla, o ka nntlafatsa.” Jesu o ne a tlhomoga pelo fa a bona kutlobotlhoko le pogo tse monna yono a neng a di itshoketse. Jesu o ne a araba a re: “Ruri ke a batla. Ntlafala.”—Mareko 1:40, 41, Today’s English Version.

Jesu o ne a sa alafe batho ba le mmalwa fela ka kgakgamatso. Mokwadi wa Efangele e bong Mathaio o bolela gore Jesu o ne “a tsamayatsamaya mo Galalea yotlhe, a ruta . . . a rera dikgang tse di molemo tsa bogosi e bile a alafa bolwetse jwa mofuta mongwe le mongwe le bokoa jwa mofuta mongwe le mongwe mo bathong.” (Mathaio 4:23) Diphodiso tsa gagwe di ne di sa thuse fela batho ba ba lwalang ba Judea le Galalea. Diphodiso tseo di re bontsha go sekae fela kafa mefuta yotlhe ya malwetse e tla nyelediwang ka gone kwa bofelong fa Bogosi Jwa Modimo, jo Jesu a neng a rera ka jone, bo busa batho bo sa ganediwe ke ope.

Botsogo jo bo Siameng mo Lefatsheng Lotlhe ga se Toro Fela

Baebele e re tlhomamisetsa gore botsogo jo bo siameng jwa batho botlhe mo lefatsheng ga se toro fela. Moaposetoloi Johane o ne a bonela pele nako ya fa ‘mogope wa Modimo o tla bo o le mo bathong.’ Ka ntlha ya kgato eno e Modimo a tla e tsayang, “loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.” A seno se utlwala e le toro fela? Mo temaneng e e latelang, Modimo ka boene o bolela jaana: “Mafoko ano a a ikanyega e bile a boammaaruri.”—Tshenolo 21:3-5.

Ke boammaaruri gore go fedisiwa ga malwetse go tla tlhoka gore go fedisiwe le khumanego, leuba le ntwa, e re ka masetlapelo ano gantsi a amana le megare ya malwetse a a tshelanwang. Ka gone, Jehofa o abetse Bogosi jwa gagwe tiro eno e kgolo, bogosi jwa kwa legodimong jo bo laolwang ke Keresete. Dithapelo tsa batho ba le bantsi tse di rapelwang ka tlhoafalo di tla arabiwa fa bogosi jono bo tla, mme bo tla tlhomamisa gore thato ya Modimo e dirwa mo lefatsheng.—Mathaio 6:9, 10.

Re ka lebelela gore Bogosi Jwa Modimo bo tle leng? Fa Jesu a ne a araba potso eo, o ne a bolelela pele gore lefatshe le tla bona ditiragalo tsa botlhokwa tse di latelanang tse di kayang sesupo se se bontshang gore Bogosi bo tloga bo tsaya kgato. O ne a bolela gore nngwe ya ditshupo tseno e ne e tla nna go runya ga ‘malwetse a leroborobo mo mafelong ka go latelana.’ (Luke 21:10, 11; Mathaio 24:3, 7) Lefoko la Segerika le le ranotsweng e le “malwetse a leroborobo” le kaya “bolwetse bope fela jo bo tshelanwang le jo bo bolayang.” Ruri lekgolo la bo20 la dingwaga le ile la nna le maroborobo a a tshosang tota, go sa kgathalesege kgatelopele yotlhe ya maemo a a kwa godimo e e dirilweng mo go tsa kalafi.—Bona lebokoso le le reng “Dintsho Tse di Bakilweng ke Maroborobo go Tloga ka 1914.”

Boporofeti bongwe jo bo mo bukeng ya Tshenolo, jo bo tsamaelanang le mafoko a ga Jesu a a mo Diefangeleng, bo bontsha ka mopagami wa pitse yo o patileng Jesu Keresete fa a newa maatla kwa legodimong. Mopagami wa bonè wa pitse o pagame “pitse e tshetlha,” mme o dira gore go nne le “sebetso se se bolayang” fa a simolola go tabogisa pitse ya gagwe. (Tshenolo 6:2, 4, 5, 8) Fa go lebelelwa palo ya dintsho tse di bakilweng ke mangwe a malwetse a magolo a a tshelanwang go tloga ka 1914, ruri e tlhomamisa gore pitse ya mopagami yono wa bonè wa tshwantshetso e ntse e patakela. Go boga ga lefatshe lotlhe ka ntlha ya “sebetso se se bolayang” go neela sesupo se sengwe gape sa gore Bogosi Jwa Modimo bo gaufi. *Mareko 13:29.

Le fa gone ba tsa kalafi ba ile ba atlega mo go fokotseng malwetse a a tshelanwang ka masome a le mmalwa a dingwaga, go runya ga a mangwe a masha go simolotse go re tshosetsa. Ga go pelaelo gore re tlhoka tharabololo ya motho yo o re fetang ka maatla go rarabolola bothata jono ka botlalo. Mmopi wa rona o re solofetsa go dira sone fela seo. Moporofeti Isaia o re tlhomamisetsa gore mo Bogosing Jwa Modimo “ga go na monni ope yo o tla reng: ‘Ke a bobola.’” Mo godimo ga moo, “[Modimo] ruri o tla kometsa loso ka bosaengkae, mme Morena Molaodimogolo Jehofa o tla phimola dikeledi mo difatlhegong tsotlhe.” (Isaia 25:8; 33:22, 24) Fa letsatsi leo le goroga, bolwetse bo tla bo bo fedisitswe gotlhelele.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 8 Molao wa ga Moshe o ne o na le ditaelo tse di malebana le go latlhiwa ga matlakala, go epela mantle, bophepa le go tlhaolwa ga batho ba ba lwalang mo go ba bangwe. Dr. H. O. Philips o ne a bontsha gore “tshedimosetso ya motheo e e kaga tsa tlhakanelodikobo le go tshola bana, go tlhatlhobiwa ga malwetse, go alafiwa ga one le mekgwa ya go a thibela e e fitlhelwang mo Baebeleng ke ya maemo a a kwa godimo e bile ke e e ikanyegang go gaisa dikgopolo tsa ga Hippocrates.”

^ ser. 15 Gore o bone dikarolo tse di oketsegileng tsa bosupi jwa gore Bogosi Jwa Modimo bo gaufi, bona kgaolo ya 11 ya buka ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Lebokoso mo go tsebe 28]

Dintsho Tse di Bakilweng ke Maroborobo go Tloga ka 1914

Dipalopalo tseno ke tse di fopholediwang fela. Le fa go ntse jalo, gone di bontsha gore malwetse a ile a tlhasela batho ka selekanyo se se kana kang fa e sa le ka 1914.

Sekgwaripana (dimilione tse di fa gare ga 300 le 500) Ga go ise go ke go ribololwe kalafi epe ya sekgwaripana. Mme kgabagare thulaganyo ya lefatshe lotlhe ya go enta e ne ya atlega mo go fediseng bolwetse jono ka 1980.

Thiibi (dimilione tse di fa gare ga 100 le 150) Jaanong thiibi e bolaya mo e ka nnang dimilione di le pedi tsa batho ngwaga le ngwaga, mme mo e ka nnang motho a le 1 mo go bangwe le bangwe ba le 3 mo lefatsheng o na le mogare wa thiibi.

Malaria (dimilione tse di fa gare ga 80 le 120) Mo halofong ya ntlha ya lekgolo la bo20 la dingwaga, palo ya dintsho tse di bakilweng ke malaria e ne ya nna e le dimilione di le pedi ka ngwaga. Palo e ntsi go gaisa ya batho ba ba swang gone jaanong e kwa dinageng tsa Afrika tsa borwa jwa Sahara, koo malaria e sa ntseng e bolaya batho ba feta milione ngwaga le ngwaga gone.

Foluu ya Spain (dimilione tse di fa gare ga 20 le 30) Baitse bangwe ba hisitori ba bolela gore palo ya dintsho e oketsegile thata. Leroborobo leno le le bolayang le ile la lalaanya lefatshe ka 1918 le 1919, ka bonako fela morago ga ntwa ya ntlha ya lefatshe. Buka ya Man and Microbes ya re: “Tota le leroborobo la go ruruga lekgamu kgotsa legwafa ga le a bolaya batho ba le bantsi jaana mo nakong e khutshwane jaana.”

Bolwetse jwa Typhus (mo e ka nnang dimilione di le 20) Maroborobo a bolwetse jwa typhus gantsi a ne a tlhasela ka nako ya ntwa, mme ntwa ya ntlha ya lefatshe e ne ya tsosa leroborobo la typhus le le neng la lalaanya batho kwa dinageng tsa Yuropa Botlhaba.

AIDS (dimilione di feta 20) Sebetso seno sa gompieno gone jaanong se bolaya batho ba le dimilione di le tharo ngwaga le ngwaga. Palo ya bosheng e e fopholediwang ke thulaganyo ya AIDS ya lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng e bontsha gore “fa go sa dirwe maiteko a magolo a go thibela le go alafa bolwetse jono, batho ba le dimilione di le 68 ba tla swa . . . fa gare ga 2000 le 2020.”

[Ditshwantsho mo go tsebe 27]

Mo Bogosing Jwa Modimo, malwetse a a jaaka ano a tla bo a sa tlhole a tshosetsa batho

AIDS

Malaria

Thiibi

[Motswedi wa Setshwantsho]

AIDS: CDC; malaria: CDC/Dr. Melvin; TB: © 2003 Dennis Kunkel Microscopy, Inc.

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Jesu o ne a alafa bolwetse le bokoa jwa mofuta mongwe le mongwe