Ntwa E e Sa Bolong go Lowa ya go Senka Botsogo jo bo Botoka
Ntwa E e Sa Bolong go Lowa ya go Senka Botsogo jo bo Botoka
JOANNE o ne a nna kwa New York, mme o ne a tshwerwe ke bolwetse jwa thiibi. Bolwetse jwa gagwe e ne e se thiibi fela e e tlwaelegileng. O ne a na le thiibi e mogare wa yone o fetofetogang popego, mme o ne o palela mo e batlang e nna diokobatsi tsotlhe e bile o bolaya halofo ya batho ba ba nang le one. Le fa go ntse jalo, Joanne o ne a sa ye go tsaya kalafi ya gagwe ka metlha, mme bobotlana ka lekgetlo le le lengwe o ne a setse a dirile gore bolwetse jwa gagwe bo fetele mo bathong ba bangwe. Ngaka e e mo alafang e ne ya bolela jaana e betilwe ke pelo: ‘O tshwanetse go tswalelwa.’
Thiibi ga e bolo go nna e bolaya batho. Tota thiibi e ile ya tshwara dimilione tsa batho ya bo ya ba bolaya. Go ile ga fitlhelwa matshwao a bolwetse jono mo ditopong tse di omisitsweng tsa batho ba kwa Egepeto wa bogologolo le Peru. Gompieno, megare ya thiibi e e boang e tlhasela morago ga gore e nyelele ka nakwana e bolaya mo e ka nnang batho ba le dimilione di le pedi ngwaga le ngwaga.
Carlitos, yo o robetseng mo bolawaneng mo ntlong ya bojang ya Seafrika, o ne a na le marothodi a mofufutso mo phatleng. Malaria e ne e mo koafaditse mo a neng a sa kgone le go lela. Batsadi ba gagwe ba ba tshwenyegileng ba ne ba se na madi a go mo rekela melemo, mme go ne go se na tliliniki gautshwane e ba neng ba ka kopela ngwana wa bone yo mmotlana thuso ya kalafi kwa go yone. Letshoroma la gagwe le ne le sa fokotsege, mme mo lobakeng lwa diura di le 48 ke fa a sule.
Malaria e bolaya mo e ka nnang bana ba le milione ba ba jaaka Carlitos ngwaga le ngwaga. Mo metseng ya Afrika Botlhaba, bana ba le bantsi ba longwa ke menang e e nang le malaria ka makgetlo a a fa gare ga 50 go ya go 80 mo kgweding. Menang eno e anamela mo mafelong a masha, mme diokobatsi tse di alafang malaria ga di tlhole di bereka go le kalo. Go fopholediwa gore ngwaga le ngwaga batho ba le dimilione di le 300 ba tshwarwa ke bolwetse jo bo masisi jwa malaria.
Kenneth, monna wa dingwaga tse 30 yo o nnang kwa San Francisco, California, o ne a ya lekgetlo la ntlha kwa ngakeng ya gagwe ka 1980. O ne a bolela fa a tshwerwe ke letshololo e bile a na le letsapa. Ngwaga moragonyana ke fa a setse a sule. Le fa gone bomankge ba tsa kalafi ba ne ba leka go mo alafa, o ne a nna a bopama, mme a feleletsa a bolailwe ke bolwetse jwa nyumonia.
Dingwaga di le pedi morago ga moo, dikilomitara di le 16 000 go tswa kwa San Francisco, lekgarebe lengwe la kwa bokone jwa Tanzania le ne la simolola go nna le matshwao a bolwetse a a tshwanang le a ga Kenneth. Mo dibekeng di se kae fela, o ne a palelwa ke go tsamaya, mme ka bonako fela morago ga moo a swa. Baagi ba mo motseng ba ne ba bitsa bolwetse jono jo bo sa tlwaelegang ba re ke bolwetse jwa Juliana, ka gonne go ne go bonala fa monna mongwe yo o neng a rekisa letsela le le neng le kgabisitswe ka leina Juliana e le ene a tshwaeditseng lekgarebe leno le basadi ba bangwe mo motseng.
Kenneth le mosadi yono wa kwa Tanzania ka bobedi ba ne ba tshwerwe ke bolwetse jo bo tshwanang: AIDS. Mo masimologong a dingwaga tsa bo1980, ka nako e ka yone go neng go bonala ba tsa
kalafi ba kgonne go laola megare e e kotsi e e bakang malwetse, bolwetse jono jo bosha jo bo tshelanwang bo ne jwa runya le go tshwenya batho bo sa kgaotse. Mo lobakeng lwa masome a le mabedi a dingwaga palo ya dintsho tse di bakilweng ke AIDS e ne e le kwa godimo go gaisa palo ya batho ba ba bolailweng ke leroborobo le le neng la tlhasela go ralala Eurasia mo lekgolong la bo14 la dingwaga—leroborobo le batho ba Yuropa ba sa le lebaleng.Leroborobo la Black Death
Go bolelwa fa leroborobo le le bidiwang Black Death le simolotse go runya ka 1347, fa sekepe se se tswang kwa Crimea se ne se ema fa lotshitshing lwa Messina, mo setlhaketlhakeng sa Sicily. Ntle le dithoto tsa sone tsa ka metlha, sekepe seno gape se ne se rwele leroborobo. * Ka bonako fela Black Death e ne ya anama le naga yotlhe ya Italy.
Mo ngwageng o o latelang, Agnolo di Tura, wa kwa Siena, Italy, o ne a tlhalosa masetlapelo a toropo ya gaabo jaana: ‘Go swa ga batho mo Siena go ne ga simolola ka May. Leroborobo leno le ne le le setlhogo e bile le boifisa tota. Batho ba le ba tshwereng ba ne ba swa ka bonako. Go ne go swa batho ba le makgolokgolo, bosigo le motshegare.’ O ne a oketsa jaana: ‘Ke ne ka fitlha bongwanake ba le batlhano ka bonna, mme le batho ba bangwe ba ne ba dira fela jalo. Go ne go se na ope yo o neng a lela go sa kgathalesege gore o swetswe ke mang ka gonne mo e batlang e nna mongwe le mongwe o ne a lebeletse go swa. Go ne ga swa batho ba le bantsi thata jaana mo e leng gore batho botlhe ba ne ba dumela gore e ne e le bokhutlo jwa lefatshe.’
Borahisitori bangwe ba bolela gore mo lobakeng lwa dingwaga di le nnè, leroborobo leno le ne la anama mo Yuropa yotlhe mme mo e ka nnang nngwetharong ya baagi e ne ya swa—gongwe batho ba ba fa gare ga dimilione di le 20 le di le 30. Leroborobo leno le ne la anamela le kwa karolong e e kwa kgakala ya Iceland mme la bolaya batho ba le bantsi gone. Go bolelwa gore kwa dinageng tse di kwa Botlhaba jo bo Kgakala, palo ya baagi ba China e ne ya fokotsega go tloga go dimilione di le 123 mo masimologong a lekgolo la bo13 la dingwaga go ya go dimilione di le 65 mo lekgolong la bo14 la dingwaga, gongwe e le ka ntlha ya leuba le le neng la tlhasela ka nako e le nngwe fela le leroborobo.
Ga go na leroborobo lepe, ntwa kgotsa leuba le le
kileng la baka pogo e e anameng jalo. Buka ya Man and Microbes ya re: “E ne e le masetlapelo a a sa tshwaneng le ape mo hisitoring ya batho. Diperesente tse di fa gare ga 25 le 50 tsa batho ba Yuropa, Afrika Bokone le dikarolo dingwe tsa Asia ba ne ba swa.”Dinaga Tsa Amerika di ne tsa falola tlhaselo ya leroborobo la Black Death, ka gonne di ne di katogane le dinaga tse dingwe. Mme ka bonako fela dikepe tse di tsamayang mo lewatleng di ne tsa simolola go golaganya dinaga tseno le dinaga tse dingwe. Mo lekgolong la bo16 la dingwaga, bolwetse jo bo neng bo bolaya go gaisa leroborobo bo ne jwa tlhasela Dinaga Tsa Bophirima.
Bolwetse Jwa Sekgwaripana bo Tlhasela Dinaga Tsa Amerika
Fa Columbus a ne a goroga kwa West Indies ka 1492, o ne a tlhalosa batho ba naga eo e le ba ‘ditebego tse di kgatlhang le dipopego tse dintle mme ba se baleele e bile ba se bakhutshwane ka seemo e bile ba na le mebele e e agegileng sentle.’ Le fa go ntse jalo, tsela e ba neng ba lebega ba itekanetse sentle ka yone e ne e sa reye gore ba ka se tshwarwe ke malwetse a a tlhasetseng Dinaga Tsa Yuropa.
Ka 1518 bolwetse jwa sekgwaripana bo ne jwa runya mo setlhaketlhakeng sa Hispaniola. Baagi ba Amerika ba ne ba ise ba ko ba tlhaselwe ke bolwetse jwa sekgwaripana, mme bo ne jwa baka masetlapelo a magolo. Monna mongwe wa Spain yo o iponetseng seno ka matlho o ne a fopholetsa gore go ne ga falola batho ba le sekete fela mo setlhaketlhakeng seno. Leroborobo leno le ne la anamela ka bonako kwa Mexico le Peru, mme le teng koo la gaila batho fela jalo.
Mo lekgolong le le latelang la dingwaga, fa masetlelara a Pilgrim a ne a goroga kwa Massachusettes kwa Amerika Bokone, ba ne ba fitlhela e le gore bolwetse jwa sekgwaripana bo ne bo bolaile mo e batlang e nna baagi botlhe ba naga eno. Moeteledipele wa masetlelara a Pilgrim e bong John Winthrop o ne a kwala jaana: “Mo e batlang e nna baagi botlhe ba ne ba bolailwe ke bolwetse jwa sekgwaripana.”
Go ne ga nna le maroborobo a mangwe morago ga sekgwaripana. Go ya ka buka nngwe, mo e ka nnang dingwaga di le lekgolo morago ga Columbus a sena go goroga, malwetse a a lerweng ke batswakwa a ne a bolaile diperesente di le 90 tsa baagi ba Dinaga Tsa Bophirima. Palo ya baagi ba Mexico e ne e fokotsegile go tloga go dimilione di le 30 go ya go di le 3, mme ya baagi ba kwa Peru go tloga go dimilione di le 8 go ya go milione o le mongwe. Gone ke boammaaruri gore baagi ba Amerika e ne e se bone fela ba tlhasetsweng ke bolwetse jwa sekgwaripana. Buka ya Scourge—The Once and Future Threat of Smallpox ya re: “Go ralala hisitori ya batho, bolwetse jwa sekgwaripana bo ne jwa bolaya batho ba le dimilione di le makgolokgolo, palo e e gaisang kgakala ya leroborobo. . . le ya dintwa tsotlhe tsa lekgolo la bomasomeamabedi la dingwaga di kopane.”
Ntwa Eno ga e Ise e Fenngwe
Mo malatsing a gompieno, dintsho tse di tshosang tsa leroborobo le tsa sekgwaripana di ka nna tsa lebega e le masetlapelo a a ileng a direga fela mo nakong e e fetileng. Mo lekgolong la bo20 la dingwaga, batho ba ne ba atlega mo go lwantsheng malwetse a le mantsi a a tshelanwang, segolobogolo mo dinageng tse di humileng. Dingaka di ne tsa ribolola dilo tse di bakang bontsi jwa malwetse, mme ba lemoga ditsela tsa go a alafa. (Bona lebokoso le le fa
tlase.) Meento le dibolayamegare tse disha di ne tsa lebega e le bomakgonatsotlhe ba ba kgonang go alafa le malwetse a go leng thata go a alafa.Le fa go ntse jalo, jaaka fa Dr. Richard Krause, yo e kileng ya nna mokaedi wa United States National Institute of Allergy and Infectious Diseases, a ile a bolela, “malwetse a leroborobo le one a ka se tilwe fela jaaka loso le lekgetho di ka se tilwe.” Thiibi le malaria ga di ise di fedisiwe. Mme go anama ga bosheng ga AIDS go re gakolola gore malwetse a leroborobo a sa ntse a tshwenya mo lefatsheng lotlhe. Buka ya Man and Microbes e bolela jaana: “Malwetse a a tshelanwang e sa ntse e le one a a bakang dintsho thata mo lefatsheng lotlhe; a tla nna a dira jalo ka lobaka lo loleele.”
Dingaka dingwe di boifa gore le fa gone go dirilwe kgatelopele e kgolo mo go lwantsheng malwetse, dilo tse di ileng tsa fitlhelelwa mo masomeng a le mmalwa a a fetileng a dingwaga e ka nna tsa nakwana fela. Robert Shope, yo e leng ngaka ya malwetse a anamang o tlhagisa jaana: “Go nna kotsi ga malwetse a a tshelanwang ga go ise go fele—go nnela maswe go ya pele.” Setlhogo se se latelang se tla tlhalosa gore ke ka ntlha yang.
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 10 Leroborobo leno le ne le itshupa ka ditsela di le mmalwa, tse di jaaka leroborobo la go ruruga ga lekgamu kgotsa legwafa le leroborobo la nyumonia. Matsetse, a gantsi a tlang le dipeba, a ne a anamisa leroborobo la go ruruga lekgamu kgotsa legwafa, mme go tsapoga ga mathe fa motho yo o lwalang a gotlhola le go ethimola gone gantsi go ne go anamisa leroborobo la nyumonia.
[Mafoko a a mo go tsebe 21]
Mo lobakeng lwa masome a le mabedi a dingwaga palo ya dintsho tse di bakilweng ke AIDS e ne e le kwa godimo go gaisa palo ya batho ba ba bolailweng ke leroborobo le le neng la tlhasela go ralala Eurasia mo lekgolong la bo14 la dingwaga
[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 9]
Kitso fa e Bapisiwa le Tumelabotlhodi
Mo lekgolong la bo14 la dingwaga, fa leroborobo la Black Death le ne le tshosetsa mopapa le ba ba nnang le ene kwa Avignon, ngaka ya gagwe e ne ya mmolelela gore tsela e dipolanete tse tharo di tlhomaganeng ka yone mo maemong a tsone—e leng Saturn, Jupiter le Mars—mo letshwaong la Aquarius ke yone selo sa konokono se se bakang leroborobo leo.
Mo e ka nnang makgolo a le manè a dingwaga moragonyana, George Washington o ne a tshwarwa ke diso tsa mo mometsong. Dingaka tse tharo tse di itsegeng le tse di tlotliwang di ne tsa leka go alafa bolwetse jono ka go gopa dilitara tse pedi tsa madi mo ditshikeng tsa gagwe. Mo lobakeng lwa diura di le mmalwa, molwetse yono o ne a sule. Go gopiwa madi mo mmeleng e ne e le yone kalafi e e neng e dirisiwa ka lobaka lwa dingwaga di le 2 500—go tloga mo motlheng wa ga Hippocrates go fitlha mo bogareng jwa lekgolo la bo19 la dingwaga.
Le fa gone tumelabotlhodi le dingwao di ile tsa diegisa kgatelopele mo go tsa kalafi, dingaka tse di ineetseng mo tirong ya tsone di ne tsa bereka ka natla go ribolola dilo tse di bakang malwetse a a tshelanwang le melemo ya go a fodisa. Dilo di le mmalwa tsa botlhokwa tse ba ileng ba di fitlhelela ke tse di latelang.
▪ Sekgwaripana. Ka 1798, Edward Jenner o ne a kgona go dira moento wa sekgwaripana. Mo lekgolong la bo20 la dingwaga, meento e ile ya bereka sentle mo go thibeleng malwetse a mangwe, a a jaaka pholio, letshoroma le lesetlha, mmokwane le rubella.
▪ Thiibi. Ka 1882, Robert Koch o ne a lemoga baketeria e e bakang thiibi mme a simolola tsela ya go tlhatlhoba bolwetse jono. Dingwaga di le 60 moragonyana, sebolayamegare sa streptomycin se se alafang thiibi, se ne sa dirwa. Seokobatsi seno gape se ne sa dirisediwa go alafa leroborobo la go ruruga lekgamu kgotsa legwafa.
▪ Malaria. Go tloga ka lekgolo la bo17 la dingwaga go ya pele, seokobatsi sa quinine—se se ntshiwang mo lekwating la setlhare sa cinchona—se ne sa boloka botshelo jwa batho ba le dimilionemilione ba ba neng ba tshwerwe ke malaria. Ka 1897, Ronald Ross, o ne a lemoga gore menang ya Anopheles ke yone e anamisang bolwetse jono, mme moragonyana go ne ga dirwa maiteko a go fokotsa go ata ga menang eno gore palo ya batho ba ba swang kwa dinageng tsa boboatsatsi e fokotsege.
[Ditshwantsho]
Karata ya Zodiac (fa godimo) le go gopiwa madi mo mmeleng
[Motswedi wa Setshwantsho]
Both: Biblioteca Histórica “Marqués de Valdecilla”
[Ditshwantsho mo go tsebe 19]
Gompieno, megare ya thiibi e e tlhaselang morago ga go nyelela ka nakwana e bolaya batho ba ka nna dimilione di le pedi ngwaga le ngwaga
[Motswedi wa Setshwantsho]
X ray: New Jersey Medical School–National Tuberculosis Center; man: Photo: WHO/Thierry Falise
[Setshwantsho mo go tsebe 20]
Setshwantsho se se gabilweng sa Jeremane, sa mo e ka nnang ka 1500, se bontsha ngaka e tsentse sebipo sa nko le molomo go itshireletsa mo bolwetseng jwa “Black Death”. Sebipo seno se ne se na le senkgisamonate
[Motswedi wa Setshwantsho]
Godo-Foto
[Setshwantsho mo go tsebe 20]
Bakateria e e neng ya baka leroborobo la go ruruga lekgamu kgotsa legwafa
[Motswedi wa Setshwantsho]
© Gary Gaugler/Visuals Unlimited