Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Saense e Nyatsa go Dumela mo Modimong?

A Saense e Nyatsa go Dumela mo Modimong?

A Saense e Nyatsa go Dumela mo Modimong?

FA O bala ka dilo tsa saense, go a direga gore o tle o kopana le dipolelwana dingwe tse di buang ka bodumedi. Ka sekai, baitsesaense ba ile ba bidiwa “baperesiti ba bagolo ba boranyane jo bosha jwa saense,” mme dilaboratori tsa bone di ne di bidiwa “ditempele” kgotsa “mafelo a kobamelo.” Gone ke boammaaruri gore dipolelwana tseno ke tshwantshiso fela. Le fa go ntse jalo, di ka dira gore re ipotse potso eno ya botlhokwa: A ruri go na le sengwe se se katosetsang saense kgakala le bodumedi?

Bangwe ba ka nna ba akanya gore fa baitsesaense ba nna ba ithuta mo go oketsegileng, seno se dira gore ba katogele kgakala thata le tumelo mo Modimong. Ke boammaaruri gore go na le baitsesaense ba le bantsi ba ba nyatsang bodumedi. Mme gone, bontsi jwa bone ba iphitlhela ba kgatlhwa thata ke bosupi jo bo bontshang gore dilo tsa tlholego tse di re dikologileng di tlhamilwe. Baitsesaense ba bangwe bone ga ba gakgamadiwe fela ke gore di tlhamilwe; ba simolola go akanya ka Motlhami wa tsone.

Dikgopolo Tse di Fetofetogang

Kgopolo ya ga Charles Darwin ya gore dilo di itlhagetse fela e setse e na le dingwaga di le lekgolo le halofo e amogelwa ke batho ba le bantsi. Batho bangwe ba ba rutegileng ba ka tswa ba ile ba lebelela gore mo nakong eno batho ba ba dumelang mo Modimong e ne e tla bo e le batho ba ba se nang kitso le ba ba tsiediwang motlhofo. Mme ga go a nna jalo. Baitsesaense ba le bantsi ba bolela phatlalatsa gore ba dumela mo Mmoping. Gone mme, ba ka tswa ba sa dumele mo Baebeleng kgotsa mo Modimong ka boone. Le fa go ntse jalo, ba tlhatswegile pelo gore tsela e dilo tsa tlholego di tlhamilweng ka yone e bontsha gore go na le Motlhami yo o botlhale.

A go ka twe baitsesaense ba ba ntseng jalo ke batho ba ba tsiediwang motlhofo? Setlhogo sengwe se se buang ka buka nngwe mo makasineng wa The New York Times se bua jaana fa se bega ka baitsesaense ba ba dumelang gore lobopo le dilo tsotlhe tse di tshelang mo go lone di tlhamilwe ke mongwe yo o botlhale: “Ba na le didikirii tsa Ph.D. e bile ba na le maemo kwa diyunibesithing dingwe tsa maemo a a kwa godimo. Se ba se buang kgatlhanong le kgopolo ya ga Darwin ga se tswe mo Dikwalong; go na le moo, se tswa mo dikgopolong tsa saense.”

Gape setlhogo sone seno se bolela gore batho ba ba tshegetsang kgopolo ya gore go na le motlhami yo o botlhale “ga ba bue dilo tse go bonalang sentle gore ke boeleele. . . . Se ba se ganetsang ke kgang ya gore botshelo jotlhe bo nnile gone go ya ka kgopolo e e amogelwang ya ga Darwin, kgotsa go ya ka kgopolo epe e sele e go tweng ke ya tlholego, e mo go yone go tweng dilo di ne di ntse di itiragalela fela ka iketlo, go se na motho ope yo o akanyang yo o neng a ntse a di dira. Ba bolela gore ditshedi di naya bosupi jo bontsi jwa gore di tlhamilwe ka tsela e e botlhale—bosupi jo go ka tweng bo bontsha kwantle ga pelaelo gore go na le Motlhami yo o Botlhale.” *

Go tlwaelegile thata gore baitsesaense ba feleletse ba dira ditshwetso tse di ntseng jalo. Ka sekai, patlisiso nngwe e e golotsweng ka 1997 e ne ya bontsha gore baitsesaense ba le 4 mo go ba le 10 kwa United States ba ne ba dumela mo Modimong. Go fitlheletswe dipalo tsone tseno le ka 1914 fa go ne go dirwa patlisiso e e tshwanang le eno.

Go a utlwala go bo palo eno e le kwa tlase kwa dinageng tse kwa go tsone bontsi jwa batho bo sa rateng bodumedi go le kalo, jaaka kwa dinageng tsa Yuropa. Le fa go ntse jalo, lokwalodikgang lwa kwa Boritane lwa The Guardian lo ne lwa bega gore “palo e e kwa godimo ya baitsesaense ba e leng badumedi ke ya ba ba dirang ka saense ya dilo tse di kgonang go bonwa le go ntshetswa bosupi, e e jaaka fisikisi le saense ya go ithuta ka maje, mme palo eno e kwa tlase mo go baitsesaense ba ba dirang ka saense ya dilo tse di ikakanyediwang fela mme e se tse di ka ntshetswang bosupi, e e jaaka saense ya go ithuta ka tshimologo le bokhutlo jwa batho.” Lo ne lwa oketsa jaana: “Kwa UK [United Kingdom] go na le mekgatlho e e jaaka Bakeresete mo go Tsa Saense.” Gape lokwalodikgang lono lo ne lwa bolela gore kwa Great Britain “baithuti ba saense ke bone ba ba tsamayang kereke thata go feta baithuti ba botaki.”

Le fa go ntse jalo, go bonala bontsi jwa baitsesaense ba nyatsa kgopolo ya gore go na le Mmopi. Lonyatso lono lwa bone lo tlhotlheletsa batho ba bangwe thata. Moithutadinaledi Allan Sandage o bolela gore “motho o ikutlwa a sa gololesega go ipolela gore ke modumedi.” Ka ntlha yang? A re: “Gonne o tla tshwaiwa diphoso botlhoko” ke badiri ka ene.

Ka gone, baitsesaense ba ba nang le sebete sa go bolela gore tota ga go reye gore saense ga e tsamaisane le go dumela mo Mmoping, ba fitlhela gore se ba se buang se fekeediwa ke dikgopolo tsa batho ba ba belaelang dilo. Ditlhogo tse di latelang di tlile go bua thata ka baitsesaense bano ba gantsi ba sa tseweng tsia le gore ke eng fa ba akanya ka tsela e ba akanyang ka yone. Mme gone, kgang eno e go ama jang wena? A saense e ka go thusa gore o itse Modimo? Tsweetswee nna o balele pele.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 7 Bangwe ba barutegi le baitsesaense ba ba itsegeng thata ba ba ileng ba bolela phatlalatsa gore ba tshegetsa kgopolo ya gore go na le “Motlhami yo o Botlhale” ke Phillip E. Johnson, yo o rutang tsamaiso ya molao kwa University of California, kwa Berkeley; moitse wa saense ya ditshedi Michael J. Behe, mokwadi wa buka ya Darwin’s Black Box—The Biochemical Challenge to Evolution; moitse dipalo William A. Dembski; mofilosofi wa saense ya go baya mabaka Alvin Plantinga; baitse ba fisikisi John Polkinghorne le Freeman Dyson; moithutadinaledi Allan Sandage; le ba bangwe gape ba re ka se ba umakeng fano ka ntlha ya bontsi jwa bone.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 11]

Dinaledi: Courtesy of ROE/Anglo-Australian Observatory, setshwantsho se tserwe ke David Malin