Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Biri—Seno sa Mmala wa Gouta

Biri—Seno sa Mmala wa Gouta

Biri—Seno sa Mmala wa Gouta

Ka mokwadi wa Tsogang! Kwa Czech Republic

KE ENG se gantsi monna yo o nyorilweng tota a se eletsang? Mo dinageng di le dintsi, a ka eletsa galase ya seno se a se ratang sa mmala wa gouta, e ka ne e le modiri wa diatla kgotsa rakgwebo. A ka nna a akanya ka go phophoma ga lefulo la sone le lesweu le moutlwalo wa sone o o bogalaka jo bo monate. A ka nna a bua a le nosi a re, ‘Nka dira sengwe le sengwe go bona galase ya biri e e tsididi!’

Biri e batla e na le lobaka lo lo lekanang le lo batho ba nnileng gone ka lone. Ga e bolo go nna e ratiwa ka diketekete tsa dingwaga, mme e ile ya nna selo sa botlhokwa mo ditsong tsa mafelo a le mantsi. Ka maswabi, segolobogolo mo dinageng dingwe tsa Yuropa, biri e nnile motswedi wa mathata mo bathong ba ba e nwang go feta selekanyo. Le fa go ntse jalo, fa e nowa sentle ka selekanyo, boleng jwa yone jo bo sa tshwaneng le bope le moutlwalo wa yone di ka dira gore go e nwa go itumedise. A re sekasekeng hisitori ya bojalwa jono jo bo rategang.

E Simolotse go Ritelwa Leng?

Jaaka fa matlapanakwalelo a cuneiform a a neng a fitlhelwa mo karolong ya naga ya batho ba kwa Sumer kwa Mesopotamia a bontsha, biri e sa le e le gone koo go tloga mo mileniamong wa boraro B.C.E. Mo go lone lobaka loo lwa nako, bojalwa jono gape bo ne bo nowa ke Bababelona le Baegepeto. Kwa Babelona, koo go neng go dirwa mefuta e le 19 e e farologaneng ya dibiri, go e ritela go ne go beetswe melao e e fitlhelwang mo Molaong wa Hammurabi. Ka sekai, melao eno e ne e tlhalosa tlhwatlhwa ya biri, mme kotlhao ya go tlola melao eno e ne e le loso. Kwa Egepeto wa bogologolo, go ritela bojalwa go ne go tlwaelegile, mme biri e ne e le yone bojalwa jo bo rategang. Baithutamarope ba koo ba ile ba epolola mekwalo e e bontshang tsela ya bogologolo go gaisa tsotlhe ya go ritelwa ga biri.

Kgabagare tsela e biri e ritelwang ka yone e ne ya anamela kwa Yuropa. Baitsehisitori bangwe ba Baroma ba mo masimologong a Motlha wa Rona ba ne ba bolela gore Ba-Celt, Bajeremane le merafe e mengwe ba ne ba nwa biri. Ba-Viking ba ne ba dumela gore kwa Valhalla—e go ya ka ditlhamane tsa Ba-Nordic e leng holo e batlhabani ba ba pelokgale ba neng ba ya kwa go yone fa ba sena go swa—digalase tsa banna di ne di penologa ka biri.

Mo Metlheng ya Bogare kwa Yuropa, gantsi biri e ne e ritelwa mo mafelong a baitlami. Baitlami ba Yuropa ba ne ba tokafatsa tsela e bojalwa bo ritelwang ka yone, ba dirisa ditlhatshana tsa hop go dira gore bojalwa bo se ka jwa bola. Go simologa ga madirelo mo lekgolong la bo19 la dingwaga go ne ga dira gore go nne le metšhine ya go ritela bojalwa mme seno e ne ya nna phitlhelelo e kgolo mo hisitoring ya seno seno se se rategang. Go tswa foo, go ne ga nna le dilo tsa saense tse di botlhokwa thata tse di neng tsa ribololwa.

Louis Pasteur, yo e leng rakhemisi le moithuti wa megare wa Mofora o ne a lemoga gore yeast e e dirang gore biri e bele e ne e na le ditshedinyana. Seno se ne sa thusa gore go fetoga ga sukiri go nna bojalwa go laolwe sentle. Emil Christian Hansen, yo e leng moithuti wa dimela wa Mo-Denmark e ne ya nna mongwe wa batho ba ba itsegeng thata mo hisitoring ya go ritela bojalwa. O ne a fetsa botshelo jotlhe jwa gagwe a batlisisa le go farologanya mefuta e e sa tshwaneng ya yeast. Nngwe ya dilo tse a neng a tshwanetse go di dira mo dipatlisisong tsa gagwe e ne e le go dira gore go nne le mofuta o o tshwanetseng wa yeast e e ritelang bojalwa. Ka tsela eno, Hansen o ne a fetola gotlhelele tsela e bojalwa bo neng bo ritelwa ka yone.

A mme gone go ritela bojalwa go thata go le kalo? Go ka nna ga lebega go sa nna jalo, mme tota go ntse jalo. A re sekasekeng ka bokhutshwane tsela e e dirisiwang go dira biri ya moutlwalo o o monate.

Pele Ga e ka Nowa

Tsela e bojalwa bo ritelwang ka yone e fetogile fela thata go ralala makgolokgolo a dingwaga mme le gompieno e sa ntse e farologana go ya ka mafelo a bo ritelwang mo go one. Mme gone, ka kakaretso, mo e batlang e nna dibiri tsotlhe di ritelwa ka metswako e menè ya konokono: barley, setlhatshana sa hop, metsi le yeast. Tsela e bojalwa bo ritelwang ka yone e ka kgaoganngwa ka dikgato di le nnè: go dira momela, go apewa ga mogetlo, go ritelwa le go bo bedisa.

Go dira momela. Mo kgatong eno, barley e a tlhophiwa, e a kalwa e bo e ntshiwa dilo tsotlhe tse di sa batlegeng. Morago ga moo, barley eno e inelwa mo metsing gore e tle e mele. Barley eno e tsaya malatsi a ka nna matlhano go ya go a le supa go mela mo mogoteng wa didikirii tsa Celcius di le 14. Seno se felela ka momela o motala, o o besiwang mo dipesetsong tse di kgethegileng gore o ome. Bongola jwa momela ono o motala bo fokodiwa gore bo nne diperesente tse di fa gare ga tse 2 le tse 5 gore o se ka wa tlhola o mela. Morago ga go besiwa, momela ono o ntshiwa matlhogela o bo o silwa. Jaanong o siametse kgato e e latelang.

Go apaya mogetlo. Momela o o sitsweng o tlhakanngwa le metsi gore e nne motogo, mme morago ga moo o bo o apewa ka iketlo. Fa motogo ono o utlwa mogote o o rileng, di-enzyme di simolola go fetola setatšhe go nna sukiri. Kgato eno e tsaya lobaka lo lo fetang diura di le nnè mme e feleletsa e le mogetlo, o jaanong o tlhotlhiwang go ntsha moroko. Jaanong mogetlo ono o a apewa gore go bolawe di-enzyme. Ka nako ya fa mogetlo o ntse o apeilwe, o tsenngwa setlhatshana sa hop se se dirang gore biri e nne le moutlwalo o o bogalaka. Fa mogetlo ono o sena go apewa diura di ka nna pedi, o lesiwa gore o tsidifale go fitlha o nna mo mogoteng o o batlegang.

Go ritelwa. Eno e tshwanetse ya bo e le kgato ya botlhokwa go gaisa mo go riteleng bojalwa. Yeast e e tsenngwang mo mogetlong e dira gore sukiri e e mo go one e fetolwe go nna bojalwa le khabonetaeokosaete. Nako ya go ritela, e gantsi e sa feteng beke, le mogote o o dirisiwang go ritela, di ikaegile ka gore go dirwa biri ya mofuta ofe—ale kgotsa lager. Biri eno e tala e e iseng e siamele go nowa jaanong e tshelwa mo ditankeng tse di e bedisang.

Go e bedisa. Mo kgatong eno, biri e nna le moutlwalo le monko wa yone; khabonetaeokosaete e e nnang gone ke yone e dirang gore biri e nne le dipudula. Biri e bela sentle mo lobakeng lwa dibeke di ka nna tharo go ya go dikgwedi di le mmalwa, go ikaegile ka gore ke ya mofuta ofe. Kwa bofelong, biri e e setseng e bedile sentle e tshelwa mo difaking kgotsa mo mabotleleng mme e setse e siametse go romelwa kwa e tshwanetseng go ya gone—gongwe kgabagare mo tafoleng ya gago! Mme gone, ke biri efe e o ka ratang go e nwa?

Seno se se Mefutafuta

Ntlha ya botlhokwa ke gore, dibiri di ka farologana fela thata. O ka nwa biri ya mmala o o mosetlha kgotsa o montsho, e e botshe kgotsa e e galakang le e e dirilweng ka barley kgotsa ka korong. Moutlwalo wa biri o ikaegile ka dilo di le dintsi, tse di akaretsang boleng jwa metsi a a dirisitsweng, mofuta wa momela, tsela e bo ritetsweng ka yone le yeast e e dirisitsweng.

Nngwe ya dibiri tse di rategang thata ke pilsner (kgotsa pils), lager ya mmatota ya mmala o o mosetlha. Mofuta ono wa biri o ritelwa ke maritelo a le mantsi a bojalwa mo lefatsheng lotlhe. Le fa go ntse jalo, pilsner ya mmatota e ritelwa fela kwa toropong ya Plzeň, kgotsa Pilsen, e e kwa Czech Republic. Selo sa konokono se se dirang gore e nne le moutlwalo o o kgethegileng fa e ritelwa ga se fela tsela e e ritelwang ka yone mme gape ke metswako e e dirisiwang—metsi a a ntshitsweng diminerale, momela wa boleng jo bo kwa godimo le mofuta o o tshwanetseng wa yeast e e ritelang.—Bona lebokoso le le mo setlhogong seno.

Biri e nngwe ya maemo a a kwa godimo ke weiss, biri e e itsegeng thata kwa Jeremane e e dirwang ka korong. Dibiri tse di rategang thata kwa Boritane ke porter le stout. Porter ke biri e e bogale, e e dirwang ka yeast e e kokobalang fa godimo ga yone fa e bela, e e dirilweng ka momela o o gadikilweng, e leng se se dirang gore e nne ntsho. Porter e ne ya ritelwa la ntlha kwa Lontone mo lekgolong la bo18 la dingwaga. Kwa tshimologong bojalwa jono bo ne bo diretswe go “lapolosa” babereki ba ba dirang ka natla, jaaka ba ba rwalang dilo tse di bokete. Stout, biri ya mmala o montsho le e e loileng—e lelapa la Guinness le neng la dira gore e itsege kwa Ireland le mo bathong botlhe—e farologane le porter e e itsegeng. O ka nna wa nwa stout e e botshe ya kwa Engelane, e gantsi e nang le lactose (sukiri ya mashi), kgotsa stout e e seng botshe ya Ireland, e e bogalaka le e e nang le selekanyo se se kwa godingwana sa tagi.

Ntlha e nngwe e e botlhokwa mo bathong ba le bantsi ba ba nwang biri ke kafa o e nwang ka teng, e ka tswa e tswa mo botlolong kgotsa mo thining kgotsa e giwa go tswa mo faking e kgolo. Go bonala Maamerika a rata go nwa biri e le tsididi thata. Ba bangwe ba e rata e se tsididi e bile e se mogote mme e tswa ka tlhamalalo mo difaking tse di mo lebenkeleng la bojalwa.

Ee ruri, biri ke seno se se mefutafuta. Fa o e nwa ka selekanyo se se tshwanetseng, e ka go solegela molemo mo botsogong. Tota e bile, e na le dibitamine le diminerale tse di farologaneng tsa botlhokwa, tse di jaaka riboflavin, folic acid, chromium le zinc. Go ya ka metswedi mengwe ya tshedimosetso, go nwa biri ka selekanyo se se tshwanetseng go ka go thusa go thibela bolwetse jwa pelo le mathata a letlalo. Fa o tlhopha biri sentle mo maineng le mo mefuteng e e farologaneng e e gone e bile o sa e nwele botagwa, o ka itumelela go nwa seno seno se se monate le se se lapolosang. Ka gone, mo nakong e e tlang fa o bapile le galase ya seno seno sa mmala wa gouta se se okangweng ke lefulo le lesweu, gakologelwa kgang eno ya sone e e kgatlhang!

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 29]

Batho ba Konokono mo go Direng Biri

Mo nakong e e fetileng, batho ba ba ithutetseng ditiro tse di farologaneng ba ne ba nna le seabe mo go dirweng ga biri. Bangwe ba bone ke bano.

Modiri wa momela—ke ene yo o simololang tiro ya go ritela bojalwa. O ne a abelwa go dira momela ka barley kgotsa ka korong. Ke ene yo o neng a okamela tiro ya go medisa dithoro le go besa momela. O ne a na le boikarabelo jo bo masisi, e re ka moutlwalo wa biri e e dirwang o ikaegile thata ka boleng jwa momela.

Moritedi (yo o bontshitsweng fa godimo)—o ne a dira tiro ya go bo apaya. Sa ntlha, o ne a tlhakanya momela o o sitsweng le metsi, mme morago ga moo fa a ntse a o apeile o tsenya ditlhatsana tsa hop. Fa dilo tseno di sena go butswa di bidiwa mogetlo.

Motlhokomedi wa bobolokelo—mankge yo o neng a na le maitemogelo yo o neng a okamela tiro ya go ritela biri le go e lesa e bela ka botlalo mo difaking tse di e bedisang. Morago ga moo, o ne a tshela biri e e setseng e bedile mo dinkgong tse dinnye.

[Motswedi wa Setshwantsho]

S laskavým svolením Pivovarského muzea v Plzni

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 30]

Pilsner—Biri ya Mmatota e e Etsiwang go Gaisa

Pilsner e ne ya simolola go dirwa ka 1295. Kgosi ya Bohemia, Wenceslas II, o ne a aga toropo ya Plzeň, mme nakonyana fela morago ga moo, o ne a naya baagi ba le 260 ba Plzeň tetla ya go ritela biri. Kwa tshimologong, baagi bano ba ne ba ritela biri mo matlong a bone ka selekanyo se sennye fela, mme moragonyana ba ne ba bopa mokgatlho wa bagwebi le badiri mme ga simolola ga nna le mafelo a go ritela bojalwa. Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e ya, ikonomi le setso sa Bohemia di ne tsa wela kwa tlase, mme seno se ne sa ama go ritelwa ga bojalwa. Batho ba ba ritelang bojalwa gantsi ba ne ba dira bojalwa jo bo bosula jo bo neng bo sa tshwanelwe ke go bidiwa biri ka gonne ba ne ba sa latele tsela e e letleletsweng ya go bo dira e bile ba dirisa ditsela tsa go ritela tse ba di itlhametseng.

Ka nako eo, go ne ga dirwa mefuta e mebedi ya dibiri kwa Yuropa. Segolobogolo kwa Bohemia, go ne go ritelwa biri e go dirisiwang yeast e e kokobalang fa godimo fa e ntse e bela, fa kafa letlhakoreng le lengwe biri e yeast ya yone e ikgatang kwa tlase fa e ntse e bela, ya boleng jo bo kwa godimo go gaisa, e ne e tumile thata kwa Bavaria. Di-lager tsa Bavaria di ne di farologane thata le dibiri tsa Plzeň.

Go ne ga nna le phetogo ya botlhokwa ka 1839. Baagi ba ka nna 200 ba Plzeň ba ne ba swetsa ka gore ba dire sengwe ka boemo jono. Ba ne ba tlhama Burgess Brewery, e mo go yone go neng go tla dirwa fela biri e yeast ya yone e ikgatang kwa tlase fa e bela, kgotsa ya mofuta wa Se-Bavaria. Josef Groll, yo e neng e le modiri wa bojalwa yo o itsegeng thata o ne a bidiwa go tswa kwa Bavaria. Ka bonako fela o ne a simolola tiro ya go ritela biri e e tlwaelegileng e e tshwanang le ya kwa Bavaria. Biri eno e ne ya farologana thata le e e tlwaetsweng kwa Bavaria—mme gape e ne e le botoka thata go feta kafa a neng a lebeletse ka gone. Maitemogelo a ga Groll a kopane le metswako e e siameng e e ritelang ya mo lefelong leno di ne tsa mo thusa go dira biri e e neng ya gapa maikutlo a lefatshe lotlhe. Ka ntlha yang? Ka ntlha ya moutlwalo wa yone o o sa tshwaneng le ope, mmala wa yone le monko wa yone. Le fa go ntse jalo, go tuma ga biri ya Plzeň go ne ga nna le mathata a gone. Batho ba le bantsi ba ba ritelang bojalwa ba ne ba simolola go bitsa majalwa a ba a dirileng pilsner, ka gonne ba ne ba batla go solegelwa molemo ke phetogo eno. Ka gone, Pilsner e ne ya se ka ya nna fela biri e e tumileng mme gape e ne ya nna biri ya mmatota e e etsiwang go gaisa mo mafelong a go dirwang seno seno sa mmala wa gouta mo go one.

[Ditshwantsho]

Josef Groll

Madutelo a metsi a lefelo le le ritelang la Plzeň

[Motswedi wa Setshwantsho]

S laskavým svolením Pivovarského muzea v Plzni

[Mmapa mo go tsebe 28]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Plzeň

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Setshwantso sa Egepeto se se bontshang go dirwa ga borotho le bojalwa

[Motswedi wa Setshwantsho]

Su concessione del Ministero per i Beni e le Attività Culturali - Museo Egizio - Torino

[Ditshwantsho mo go tsebe 31]

Ditlhatsana tsa hop, momela le lefelo le go ritelwang mo go lone