Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Bolelang go Nna Tlhogo ya Lelapa?

Go Bolelang go Nna Tlhogo ya Lelapa?

Kgopolo E e Mo Baebeleng

Go Bolelang go Nna Tlhogo ya Lelapa?

GO YA ka Baebele, ‘tlhogo ya mosadi ke monna.’ (1 Bakorintha 11:3; Baefeso 5:23) Mme batho ba le bantsi ba ba reng ba tlotla Baebele ba na le maikutlo a gore molaomotheo ono wa gore monna ke tlhogo ya lelapa ga se wa bogologolo fela mme gape o kotsi. Banyalani bangwe ba tlhalosa jaana: “Molaomotheo wa gore basadi ba tshwanetse go ‘ikobela [banna ba bone] ka go rata,’ fa o dirisiwa ka tsela e e feteletseng seno se ka feleletsa ka go sotliwa mo mmeleng le mo maikutlong.” Go utlwisa botlhoko gore go sa dirise botlhogo ka tsela e e tshwanetseng go tletsetletse. Mokwadi mongwe a re: “Go itaya mosadi go tsewa e le sengwe se se amogelesegang mo dinageng di le dintsi—selo se banna ba tsayang gore ba na le tshwanelo ya go se dira mme e bile ba ikgantsha ka sone mo dipineng, mo dianeng le mo meletlong ya lenyalo.”

Bangwe ba bolela gore molaomotheo ono wa Baebele wa botlhogo ke one o o bakang bosetlhogo jono. A se Baebele e se rutang ka botlhogo se nyatsa basadi le go kgothaletsa thubakanyo ya mo lelapeng? Ke eng se tota go nna tlhogo ya lelapa go se bolelang? *

Botlhogo ga bo Reye Bogateledi

Botlhogo go ya ka Baebele ke thulaganyo e e lorato mme ga bo reye bogateledi. E nnile fela fa batho ba tlola molao wa Modimo mo go ileng ga felela ka gore banna ba gatelele basadi setlhogo. (Genesise 3:16) Go tloga kwa tshimong ya Edene, banna ga ba bolo go dirisa maatla a bone ka tsela e e sa tshwanelang, ba gatelela ba bangwe ba akaretsa basadi le bana.

Le fa go ntse jalo, e ne e se boikaelelo jwa Modimo. Jehofa o tlhoile ba ba dirisang thata ya bone ka tsela e e sa tshwanelang. O ne a kgala banna ba Iseraele ba ba ‘diretseng basadi ba bone ka boferefere.’ (Malaki 2:13-16) Mo godimo ga moo, Modimo a re “moya wa Gagwe o tlhoile ope fela yo o ratang thubakanyo.” (Pesalema 11:5) Ka jalo banna ba ba itayang basadi le ba ba bangwe ba ba sa tshwareng basadi ba bone sentle ga ba kake ba dirisa Baebele ka tsela epe fela go buelela ditiro tsa bone tsa bothubaki.

Botlhogo jo bo Tshwanetseng bo Akaretsa Eng?

Botlhogo ke thulaganyo ya motheo e Modimo a e dirisang go boloka molao mo lobopong lotlhe. Mongwe le mongwe ntle le Modimo ka boene o na le mongwe yo a ikarabelang mo go ene. Banna ba mo taolong ya ga Keresete, bana ba mo taolong ya batsadi ba bone mme Bakeresete botlhe ba mo taolong ya dipuso. Tota le Jesu o ikobela Modimo.—Baroma 13:1; 1 Bakorintha 11:3; 15:28; Baefeso 6:1.

Go nna mo taolong ya baeteledipele go botlhokwa gore go nne le setšhaba se se rulaganeng le se se tlhomameng sentle. Ka tsela e e tshwanang go nna mo taolong ya tlhogo ya lelapa go botlhokwa gore lelapa e nne le le itumetseng le le le nang le kagiso. Fa go se na monna kgotsa rre mo lelapeng, seno ga se fetole dilo. Mo malapeng ao, mmè o nna tlhogo. Fa go se na batsadi ka bobedi, ngwana yo mogolo kgotsa mongwe wa losika o tsaya tiro ya go nna tlhogo ya lelapa. Mo mabakeng otlhe, maloko a lelapa a solegelwa molemo fa ba tlotla yo o neilweng boikarabelo jwa go etelela pele.

Ka jalo, ntlha ya botlhokwa ga se go gana go ikobela molaomotheo wa botlhogo mme go na le moo ke go ithuta go dirisa le go leba botlhogo ka tsela e e tshwanetseng. Moaposetoloi Paulo o gakolola banna ba Bakeresete go nna ditlhogo tsa malapa a bone “jaaka Keresete le ene a le tlhogo ya phuthego.” (Baefeso 5:21-23) Ka jalo Paulo o bontsha kafa Keresete a neng a dirisana ka gone le phuthego e le sekao se se molemo sa botlhogo. Keresete o ne a tlhoma sekao sefe?

Le fa e le Mesia le Kgosi ya mo isagweng, Jesu o ne a na le taolo e e tswang mo Modimong ka boene e bile o ne a le botlhale a na le boitemogelo mo botshelong go na le barutwa ba gagwe, o ne a le lorato, a le botsalano e bile a le kutlwelobotlhoko. Le ka motlha o ne a se bogale, a se tlhogoethata kgotsa a sa batle dilo di le dintsi thata mo bathong. O ne a sa gatelele e bile a sa gopotse mongwe le mongwe ka metlha gore ene ke Morwa wa Modimo. Jesu o ne a le bonolo, a ikokobeditse mo pelong. Ka ntlha ya moo, ‘jokwe ya gagwe e ne e le pelonomi le morwalo wa gagwe o le motlhofo.’ (Mathaio 11:28-30) Ka jalo, o ne a atamelesega e bile a le tekatekano. Tota e bile, Paulo a re Jesu o ne a rata phuthego thata mo e leng gore o ne “a ineela ka ntlha ya yone.”—Baefeso 5:25.

Motho a ka Etsa Jang Botlhogo Jwa ga Jesu?

Ditlhogo tsa malapa di ka etsa dinonofo tsa ga Keresete jang? Tlhogo ya lelapa e e nang le maikarabelo e bontsha gore e amega ka boitekanelo jwa lelapa la gagwe le bomoya jwa lone. O intsha setlhabelo ka go naya mongwe le mongwe wa bone nako le tlhokomelo tse di tshwanetseng. O amegile thata ka dilo tse molekane wa gagwe le bana ba di tlhokang go na le tsa gagwe. * (1 Bakorintha 10:24; Bafilipi 2:4) Ka go dirisa melaometheo ya Baebele le dithuto tsa yone mo botshelong jwa gagwe jwa letsatsi le letsatsi, monna o gapa tlotlo le kemonokeng ya mosadi wa gagwe le bana. Ka botlhogo jwa gagwe jo bo lorato, maiteko a ba a dirang mmogo go lebana le mathata ape fela a tla atlega. Ka jalo ka go dirisa botlhogo jwa gagwe ka tsela ya Dikwalo, monna o aga lelapa le le itumetseng le le le galaletsang Modimo le go mmaka.

Gape tlhogo ya lelapa e e botlhale e ikokobeditse. Fa go tlhokega, o tla ikopa maitshwarelo motlhofo, le fa tota a ka fitlhela go le thata go amogela gore o ne a le phoso. Baebele ya re go na le poloko mo “bagakoloding ba bantsi.” (Diane 24:6) Ee, gape boikokobetso bo dira gore tlhogo ya lelapa e reetse le go akantshana le mosadi wa gagwe le bana fa go tshwanela. Ka go etsa Jesu, tlhogo ya lelapa e tla tlhomamisa gore botlhogo jwa gagwe ga bo tlise boitumelo fela le pabalesego mo lelapeng la gagwe mme gape bo tlotla le go galaletsa Mosimolodi wa malapa e bong Jehofa Modimo.—Baefeso 3:14, 15.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 4 Le fa setlhogo seno se tlotla thata ka seabe sa monna le rre mo lelapeng, bomme ba ba se nang balekane le bana ba masiela ba ba tshwanetseng go tlhokomela bomonnaabone ba ka solegelwa molemo ke melaometheo e e newang ditlhogo tsa malapa.

^ ser. 14 Buka ya Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa, e neela dikakantsho tse di molemo tsa kafa lelapa le ka tlhokomelwang ka gone ka lorato.

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Monna yo o tekatekano o akanyetsa se mosadi wa gagwe le bana ba se akantshang