Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

‘Go Diragalang ka Nna?’

‘Go Diragalang ka Nna?’

‘Go Diragalang ka Nna?’

“Go ne go lebega e kete ke ne ka tsoga letsatsi lengwe mme ka fitlhela sengwe le sengwe mo go nna se fetogile. Ke ne ke ikutlwa ke le motho o sele mo mmeleng o sele.”—Sam.

BOSHA ke eng? Ka bokhutshwane fela, ke nako ya botshelo e e fa gare ga bongwana le bogolo. Ke nako e mo go yone o nnang le diphetogo tse dikgolo—mo mmeleng, mo maikutlong tota le mo tseleng e o dirisanang le batho ba bangwe ka yone. Ka tsela nngwe, go tsena mo dingwageng tsa bosha go a itumedisa. Kana e bile, seno se bontsha gore o mo tseleng ya go nna mogolo. Kafa letlhakoreng le lengwe, o simolola go nna le maikutlo a masha mo nakong eno ya botshelo, mme mangwe a one a ka go tlhakanya tlhogo—le e leng go go tshosa.

Le fa go ntse jalo, ga o a tshwanela go boifa nako ya bosha. Ke boammaaruri gore, e na le go dira gore motho a tlalelwe ka selekanyo se se rileng. Mme gape e go naya tshono e e molemo ya gore o itumelele go fetogela mo bogoding. A re bone gore seno se ka fitlhelelwa jang—sa ntlha, ka go sekaseka mangwe a mathata a basha ba lebanang le one.

Go Simologa ga Bokawana Kgotsa Boroba

Mo nakong ya bosha, go nna le diphetogo tse di diregang mo mmeleng wa gago tse di dirang gore o siamele go tshola bana. Diphetogo tseno, tse di nnang gone mo nakong ya bokawana kgotsa boroba, di tsaya dingwaga gore di fele, mme ga di ame fela go gola ga dirwe tsa gago tsa tsalo jaaka fa re tla bona.

Gantsi basetsana ba simolola boroba fa ba le mo dingwageng tse di fa gare ga 10 le 12, fa basimane ba le bantsi bone ba simolola bokawana fa ba le mo dingwageng tse di fa gare ga 12 le 14. Le fa go ntse jalo, go ka direga gore mo go ba bangwe, seno se simologe pele ga moo kana morago ga moo. Go ya ka The New Teenage Body Book, “mongwe le mongwe o na le nako e diphetogo tseno di diregang ka yone mo go ene.” E oketsa jaana: “Diphetogo tseno ga di diragalele batho botlhe ka nako e e tshwanang.” Ka gone ga go sepe se se phoso ka wena fa o simolola bokawana kgotsa boroba jwa gago pele ga balekane ba gago kgotsa morago ga bone.

Nako epe fela e bokawana kgotsa boroba bo simologang ka yone, bo ka ama tsela e o lebegang ka yone, tsela e o ikutlwang ka yone le tsela e o lebang dilo tse di go dikologileng ka yone. Akanya ka dikarolo dingwe tse di kgatlhang thata mme gone e le tse di gwetlhang tsa nako eno e e sa tshwaneng le epe ya botshelo.

‘Go Diragalang ka Mmele wa Me?’

Fa bokawana kgotsa boroba bo simologa, selekanyo sa dihoromone mo mmeleng wa gago se a oketsega, segolobogolo horomone ya estrogen mo basetsaneng le ya testosterone mo basimaneng. Go fetofetoga ga dihoromone ke nngwe ya dilo tse di dirang gore go nne le diphetogo tse di bonalang di gakgamatsa mo mmeleng. Tota e bile, fa bokawana kgotsa boroba bo sena go simologa, mmele wa gago o gola ka lebelo le legolo go gaisa fa o ne o sa le lesea.

Mo nakong eno dirwe tsa gago tsa tsalo di simolola go gola ka botlalo, mme seno ke bontlhanngwe fela jwa go gola ga mmele. Gape o ka nna wa lemoga gore o nna moleele ka bonako. Le fa ka nako ya fa o ne o le ngwana o ne o gola ka selekanyo sa disentimetara di le 5 ka ngwaga, ga wa tshwanela go gakgamala fa o bona o gola ka selekanyo seo se menagane gabedi ka nako ya bokawana kgotsa boroba jwa gago.

Mo nakong eno yotlhe ya fa o gola ka bonako, o ka nna wa ikutlwa o tlhakatlhakane ka tsela nngwe mo mmeleng. Ga go sepe se se phoso ka seno. Se lebale gore dirwe tse di farologaneng tsa mmele wa gago di ka nna tsa gola ka selekanyo se se sa tshwaneng. Seno se ka dira gore o ikutlwe o tlhakatlhakane ka tsela nngwe mo mmeleng. Mme gone nna pelotelele—ga se gore o tla tlhakatlhakana jalo botshelo jotlhe jwa gago. Go tlhakatlhakana jalo go tla fela.

Ka nako ya boroba basetsana ba simolola go bona kgwedi, e leng go dutla madi kgwedi le kgwedi, diedi dingwe le masalela a ditogwa dingwe go tswa mo popelong. * Gantsi go bona kgwedi go baka ditlhabi le go fokotsega ga selekanyo sa dihoromone. E re ka go bona kgwedi go ama mmele le maikutlo, go ka nna ga go akabatsa. Teresa, yo gone jaanong a nang le dingwaga di le 17, o gakologelwa jaana: “Ke ne ka iphitlhela fela ke tshwanelwa ke go itshokela boemo jono jo bosha jo bo ntiragalelang. Go ne ga dira gore ke tlhakatlhakane maikutlo e bile go mpakela ditlhabi. Mme go ne go ntiragalela kgwedi le kgwedi!”

Ga go tlhokege gore o tshoge fa o simolola go bona kgwedi. Tota e bile go bontsha gore mmele wa gago o bereka sentle. Kgabagare o tla ithuta kafa o ka itshokelang ka gone dilo tse di sa itumediseng tsa nako ya go bona kgwedi. Ka sekai, bangwe ba fitlhela go thusa go ikatisa ka metlha go fokotsa botlhoko jwa ditlhabi. Mme gone batho ga ba tshwane. O ka nna wa fitlhela gore o tshwanelwa ke go fokotsa go dira ditiro tse di lapisang ka nako ya fa o le mo kgweding. Ithute “go reetsa” mmele wa gago mme o o neye se o se tlhokang.

Mo nakong eno ya bokawana kgotsa boroba, basimane le basetsana ba simolola go amega thata ka tsela e ba lebegang ka yone. Teresa o bolela jaana: “Ke ka nako eno ke ileng ka simolola go lemoga—le go amega—ka tsela e batho ba bangwe ba akanyang ka yone ka ditebego tsa me.” O tswelela ka go re: “Tota e bile ke sa ntse ke tlhakanngwa tlhogo ke tsela e gantsi ke lebegang ka yone. Moriri wa me ga o batle go nna ka tsela e ke o batlang ka yone, diaparo tsa me ga di ntekane sentle mme go lebega tota ke sa kgone le go bona diaparo tse ke di ratang!”

Mmele wa gago o ka go fetogela le ka ditsela tse dingwe gape. Ka sekai, dikgeleswa tsa gago tsa mofufutso di bereka le go feta ka nako ya bokawana kgotsa boroba, e leng se se ka dirang gore o fufule le go feta. Go tlhapa ka metlha le go tlhomamisa gore o apara diaparo tse di phepa, go ka go thusa gore o laole monko wa mmele. Gape o ka thusiwa ke go dirisa dinkgisamonate.

Se sengwe gape ke gore mo nakong eno ya bokawana kgotsa boroba dikgeleswa tsa mafura tse di mo letlalong la gago di bereka le go feta, e leng se se ka dirang gore o tswe dipeisi le diso. Mosetsana mongwe yo o bidiwang Ann o ne a bua jaana a hutsafetse: “Go bonala e kete ke tlhaselwa ke dipeisi ka yone nako e ke batlang go lebega ke le montle go gaisa ka yone. A e ka tswa e le gore ga ke bone dilo sentle kgotsa a dipeisi di kgona go dupelela gore di tswe ka nako e segolobogolo motho a sa di batleng ka yone?” Teresa le ene o na le bothata jwa go tswa diso. A re: “Di dira gore ke lebege ke le maswe le gore ke itshoge, ka gonne fa batho ba nteba, ke bona e kete ba lebile tsone!”

Ke boammaaruri gore, basimane le bone ba ka nna le mathata a letlalo. Tota e bile, baitse bangwe ba bolela gore basimane ke bone ba gantsi ba tlhaselwang ke mathata a letlalo go gaisa basetsana. Le fa o ka tswa o le lekawana kgotsa lekgarebe, o ka solegelwa molemo ke go tlhapa dikarolo tse di mafura tsa mmele wa gago ka metlha, go akaretsa sefatlhego sa gago, thamo, magetla, mokwatla le sehuba. Mo godimo ga moo, go tlhapa moriri ka metlha ka sesepa sa one go ka go thusa go thibela mafura gore a se ka a anamela mo letlalong la gago. Gape go na le didiriswa tse di diretsweng go lwantsha diso le dipeisi. Teresa a re: “Batsadi ba me ba ne ba nthusa go bona disepa tse di tlhapang letlalo le ditlolo tse di alafang. Gape ba ne ba nthusa gore ke se je dijo tse dintsi tse di sa otleng mmele. Fa ke sa je dijo tse di sa otleng mmele mme ke nwa metsi a mantsi, gantsi diso tsa me di a nyelela.”

Phetogo e nngwe ya mo mmeleng e gantsi e nnang gone mo basimaneng e amana le lentswe. Dirwe tsa gago tse di ntshang lentswe gantsi di tla nna dikima le go nna dileele ka nako ya bokawana, mme ka iketlo o simolole go bua ka kodu. Seno se ile sa diragalela Bill ntle le gore a lemoge. A re: “Ga ke a ka ka lemoga gore lentswe la me le fetogile, fa e se fela gore batho ba ne ba tlogela go tlhola ba akanya gore ke mmè kgotsa kgaitsadiake fa ke ne ke araba mogala.”

Ka dinako tse dingwe lentswe le le sa ntseng le fetoga le tle le tsose modumo fela ka tshoganyetso—le fetoga fela ka bonako go tswa mo segalong se se kwa tlase go ya go se se kwa godimo. Tyrone, fa a akanya ka nako ya gagwe ya bosha, a re: “E ne e le selo se se tlhabisang ditlhong tota. Nako le nako fa ke ne ke ikutlwa ke tshogile le fa ke itumetse, ke teng mo le neng le dira jalo gone. Ke ne ke leka gore ke se ka ka amega thata mo maikutlong, mme gone go ne go ntiragalela.” Tyrone o oketsa jaana: “Morago ga ngwaga kgotsa gongwe e ne e le tse pedi, go fetoga gono ga lentswe go ne ga emisa.” Fa e le gore o diragalelwa ke seno, o se ka wa tlalelwa! Le wena lentswe la gago le tla boela mo maemong a lone a masha a go bua ka kodu.

‘Ke Eng fa ke Ikutlwa ka Tsela Eno?’

Ke selo se se tlwaelegileng gore basha ba nne le diphetogo tse di farologaneng tsa go utlwa botlhoko mo maikutlong. Ka sekai, o ka nna wa lemoga gore ga lo tlhole lo atamalane go le kalo le batho ba e neng e le ditsala tsa gago tse dikgolo tsa fa lo ne lo sa ntse lo le bana. Ga se gore seno se bakiwa ke gore lo ile lwa nna le kgotlhang e e masisi. Gongwe ke fela gore ga lo tlhole lo kgatlhegela dilo tse di tshwanang. Tota le batsadi ba gago—ba pele o neng o tabogela kwa go bone fa o tlhoka kgomotso le tshireletso—ka bonako fela ba ka lebega ba fetilwe ke nako e bile ba sa atamelesege.

Dilo tseno tsotlhe di ka dira gore mosha wa dingwaga tsa bolesome a ikutlwe a jewa ke bodutu. Buka nngwe ya re: “Baitse bangwe ba ile ba bolela gore basha ba jewa ke bodutu kgapetsakgapetsa le ka selekanyo se segolo thata go gaisa ka nako ya fa e ne e le bana kgotsa e setse e le bagolo.” Ka ntlha ya go boifa gore batho ba bangwe ba tla go gakgamalela, o ka nna wa bona go le botoka gore o se bolelele ope se o se akantseng le kafa o ikutlwang ka gone. Gongwe ga o kgatlhegele batho ba bangwe motlhofo fela, o na le boikutlo jo bo kwa teng jwa gore ga go na ope yo o ka batlang go itsalanya le wena.

Basha ba le bantsi ba nna le dinako tsa go ikutlwa ba jewa ke bodutu, mme go ntse jalo le ka bagolo ba le bantsi. Selo sa botlhokwa se o tshwanetseng go nna o se gakologetswe ke gore, fa nako e ntse e ya, maikutlo ano a ka nna a nyelela. * Se lebale gore e re ka o le mosha, mo e batlang e le sengwe le sengwe fela mo go wena se a fetoga. Tsela e o lebang botshelo ka yone, e o lebang batho ba bangwe ka yone tota le e o itebang ka yone e nna e ntse e fetoga ka dinako tsotlhe. Ee ruri, ka dinako tse dingwe fa o iteba mo seiponeng o ka nna wa lebega o le motho o sele gotlhelele! O ka nna wa ikutlwa ka tsela e Steven, wa dingwaga tse 17, a ileng a ikutlwa ka yone, yo o reng, “Go thata tota gore o re o a ikitse fa mmele wa gago o ntse o fetoga ka bonako jaana.”

Nngwe ya ditsela tse di molemo go gaisa tsa go fenya maikutlo a go jewa ke bodutu ke go kgatlhegela batho ba bangwe. Seno se ka raya gore o itlwaelanye le batho ba bangwe ba e seng balekane ba gago. A go na le batho bangwe ba ba godileng ba o ba itseng ba ba ka itumelelang gore o ba etele? A o ka ba direla ditiro dingwe tsa mo gae, segolobogolo fa e le gore ba tlhoka thuso? Baebele e kgothaletsa botlhe—basha le bagolo—go ‘pitlologa’ mo tseleng e ba ratang ba bangwe ka yone. (2 Bakorintha 6:11-13) Go dira jalo go ka go bulela ditshono tse di molemo.

Temana ya Baebele e e nopotsweng fa godimo ke e le nngwe fela ya melaometheo e mentsi e ileng ya thusa basha ba Bakeresete go lebana ka katlego le mathata a nako ya bosha. Fa o ntse o bala setlhogo se se latelang, akanya kafa Lefoko la Modimo le ka nnang le tlhotlheletso e e maatla ka gone mo botshelong jwa gago fa o ntse o fetogela mo bogolong.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 13 Kwa tshimologong, o ka bona kgwedi ka makgetlo a le mmalwa mo kgweding kgotsa wa tlodisa dikgwedi. Selekanyo sa go elela ga madi le sone se ka nna sa farologana go ya ka dikgwedi. Ga go bope jwa maemo ano jo bo tshwanetseng jwa go tshosa. Le fa go ntse jalo, go se bone kgwedi ka metlha mo lobakeng lwa ngwaga kgotsa tse pedi go ka tswa go bontsha gore o tlhoka go bona ngaka.

^ ser. 24 Fa e le gore go jewa ke bodutu go go diragalela ka metlha kgotsa o nna o akanyetsa go ipolaya, o tshwanetse wa kopa thuso. Kwantle ga go diega, bua le batsadi ba gago kgotsa le motho yo o godileng sentle yo o ka mmulelang mafatlha.

[Lebokoso mo go tsebe 6]

Batsadi ga ba Itekanela

“Fa ke ne ke sa ntse ke le monnye, ke ne ke akanya gore batsadi ba me ba itekanetse. Ka tsela nngwe, fa ke ne ke tshwara dingwaga tsa bolesome, ba ne ba sa tlhole ba le botlhale go le kalo. Se ke se bolelang ke gore ke ne ka lemoga gore batsadi ba me ga ba itekanela, mme seno se ne se ntlhakanya tlhogo tota. Ka maswabi, go lemoga ga me seno go ne ga dira gore ke belaele tsela e ba lebang dilo ka yone. Le fa gone ke ile ka ithuta dilo ka tsela e e utlwisang botlhoko, ke kgonne go boa ke ba tlotla gape. Nnyaa, ga ba itekanela, mme gone gantsi tsela e ba lebang dilo ka yone e siame. Tota le fa ba le phoso, e sa ntse e le batsadi ba me. Ka iketlo botsala jwa me le bone bo a gola, e leng selo se ke akanyang gore gantsi se a diragala fa gare ga bana le batsadi ba bone.”—Teresa, 17.

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Basha ba le bantsi ba ile ba itsalanya thata le batho ba ba godileng