Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Lekanya Lefatshe ka Thupa

Go Lekanya Lefatshe ka Thupa

Go Lekanya Lefatshe ka Thupa

A O KILE wa tsamaya wa utlwa ka moitsedipalo le moithutadinaledi wa Mogerika e bong Eratosthenes? Gongwe leina la gagwe le itsiwe thata ke baithutadinaledi. Ke ka ntlha yang fa batho ba mo tseela kwa godimo thata jaana?

Eratosthenes o tshotswe mo e ka nnang ka 276 B.C.E., mme a dira dithuto dingwe tsa gagwe kwa Athena, Gerika. Le fa go ntse jalo, o ntse dingwaga di le dintsi kwa Alexandria, Egepeto, e ka nako eo e neng e busiwa ke Gerika. Mo e ka nnang ka 200 B.C.E., Eratosthenes o ne a ikemisetsa go lekanya lefatshe ka go dirisa thupa fela. O ka nna wa re, ‘Ga go kgonege!’ O ne a go dira jang?

Kwa toropong ya Siene (e gone jaanong e bidiwang Aswân), Eratosthenes o ne a lemoga gore ka ura ya sethoboloko mo letsatsing la ntlha la selemo, letsatsi le ne le le fa godimo. O ne a itse seno ka gonne go ne go se na moriti fa letsatsi le ne le fitlha kwa tlase mo didibeng tse di boteng. Le fa go ntse jalo, ka ura ya sethoboloko ka letsatsi le le tshwanang kwa motseng wa Alekesanderia, o o neng o le bokgakala jwa di-stadium * di le 5 000 go ela kwa bokoneng jwa Siene, motho o ne a kgona go bona moriti. Seno se ne sa dira gore Eratosthenes a akanye ka leano lengwe.

Eratosthenes o ne a tlhoma gnomon, thupana fela e e tlhamaletseng. Fa letsatsi le ne le le fa godimo ka ura ya sethoboloko, o ne a lekanya gore moriti wa thupana eno o dira enkele ya didikirii di le kae kwa Alexandria. O ne a lekanya gore moriti wa thupana eno o ne o dira enkele ya didikirii di le 7,2 fa e eme.

Eratosthenes o ne a dumela gore lefatshe le kgolokwe, e bile o ne a itse gore go na le didikirii di le 360 mo selong se se sediko. Ka jalo o ne a kgaoganya 360 ka didikirii tse a neng a di bona pelenyana tse 7,2. Mme a fitlhela eng? O ne a fitlhela gore 7,2 e tsena ga 50 mo selong se se sediko. Ka jalo o ne a konela ka gore sekgala sa go tloga Siene go ya Alexandria kgotsa di-stadium di le 5 000 di tshwanetse tsa bo di lekana le didikirii di le 7,2 fa motho a dikologa lefatshe. Ka go atisa 50 ka 5 000, Eratosthenes o ne a fitlhelela gore go dikologa lefatshe ke di-stadium di le 250 000.

Palo eno ya gagwe e ne e le boammaaruri go le kana kang fa e bapisiwa le dipalo tsa gompieno? Di-stadium di le 250 000 di lekana le dikilometara tse di magareng ga 40 000 le 46 000 go ya ka dipalo tsa bosheng. Ka go dirisa sesutlhalefaufau se se dikologang lefatshe, baithutadinaledi ba lekantse sediko sa kwa mafelong a a tsididi mme ba fitlhela se le dikilometara di le 40 008. Ka gone, dingwaga tse di fetang 2 000 tse di fetileng, Eratosthenes o batlile a nepa palo eo. Go a gakgamatsa go bo a batlile a e nepa jalo fa o akanya gore monna yono o dirisitse fela thupa le go akanyetsa fela! Baithutadinaledi gompieno ba dirisa mokgwa ono wa go bala fa ba lekanya sekgala se se kwa ntle ga thulaganyo ya rona ya letsatsi.

Bangwe ba ka nna ba fitlhela gore go a gakgamatsa go bo Eratosthenes a ne a itse gore lefatshe le kgolokwe. Fa o akanya fela gore ke dingwaga tse di makgolo a le mmalwa fela tse di fetileng fa banna bangwe ba ba botlhale ba ba itseng saense ba neng ba akanya gore lefatshe le sephaphati. Bagerika ba bogologolo ba ne ba konela ka sebopego sa lefatshe go ya ka se ba se lemogileng ka tsa saense. Le fa go ntse jalo, dingwaga tse di ka nnang 500 pele ga Eratosthenes, moporofeti mongwe wa Mohebera o ne a tlhotlhelediwa go kwala jaana: “Go na le [Modimo] Yo o nnang kwa godimo ga kgolokwe ya lefatshe.” (Isaia 40:22) Isaia e ne e se rasaense. O ne a itse jang gore lefatshe le ne le le kgolokwe? Boammaaruri jono bo ne jwa senolwa ka tlhotlheletso ya Modimo.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 4 Di-stadium e ne e le dilo tse Bagerika ba neng ba di dirisa go lekanya boleele. Le fa tsela e stadium se lekanngwang ka yone e ne e farologana go ya ka mafelo, go akanngwa gore se le sengwe se lekana le dimetara di le 160 go ya go 185.

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Marang a letsatsi

Siene

7,2°

Alexandria

7,2°