Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nka Dira Jang Gore Mosimane yo ke Ratanang le Ene a Tlogele go Ntshotla?

Nka Dira Jang Gore Mosimane yo ke Ratanang le Ene a Tlogele go Ntshotla?

Basha ba Botsa Jaana . . .

Nka Dira Jang Gore Mosimane yo ke Ratanang le Ene a Tlogele go Ntshotla?

“Gompieno mosimane yo ke ratanang le ene o ne a ntitaya ka lekgetlho la ntlha. O ne a ikopa maitshwarelo, mme ga ke itse gore ke dire eng gone jaanong.”—Stella. *

GO YA ka setlhogo se se mo The Journal of the American Medical Association “mo e ka nnang moithuti a le 1 wa mosetsana mo go ba le 5 o bega gore a kile a sotliwa mo mmeleng kgotsa a sotliwa ka tlhakanelodikobo ke molekane yo a intshang le ene.” Mo patlisisong e e neng ya dirwa kwa Jeremane mo basheng ba dingwaga tse 17 go ya go 20, basetsana ba ba fetang diperesente di le 25 ba kile ba patelediwa go kopanela mo ditirong tsa tlhakanelodikobo ba sa batle mo go neng go akaretsa go sotliwa mo mmeleng, go tsiediwa ka loleme, go dirisiwa ga diokobatsi kgotsa bojalwa. Go ya ka patlisiso nngwe ya kwa United States, diperesente di le 40 tsa basha ba dingwaga tsa bolesome ba ba neng ba botsolodiwa ba kile ba bona balekane ba bone ba ba tsenang le bone mo tlelaseng ba “kgoba mongwe yo ba neng ba intsha le ene ka tsela e e utlwisang botlhoko.” *

A o mosha yo o godileng yo o akanyetsang go nyalana le mongwe yo o go sotlang kgotsa a go omanya kgotsa a go tseela kwa tlase, a go kgarametsa kgotsa a go itaya? Setlhogo se se fetileng mo metseletseleng eno se ne sa bontsha gore go tshwarwa jalo ka tsela e e sa siamang go tlwaelegile thata. * Se ne sa bontsha gape gore Jehofa Modimo ga a dumelele puo e e kgobang kgotsa boitshwaro jo bo ntseng jalo le gore batho ba ba sotliwang ga ba a tshwanela go leba seo se siame kgotsa ba tsaya gore ke phoso ya bone. (Baefeso 4:31) Le fa go le jalo, ga go motlhofo go itse se o tshwanetseng go se dira mo maemong a a ntseng jalo. O ka ne o sa ntse o rata mosimane yo o ratanang le ene—le mororo a na le go itshwara jalo. Kgotsa se se maswe le go feta, o ka ne o boifa kafa a tla itshwarang ka gone fa o mo lemosa bokoa jwa gagwe. O tshwanetse go dira eng?

Sekaseka Boemo Jo o Mo go Jone

Sa ntlha, o tlhoka go ritibala mme o lebe dilo sentle ka tsela e di diregileng ka yone. (Moreri 2:14) A ruri o sotliwa ka puo? A mosimane yo o ratanang le ene o dirile jalo ka boomo fela kgotsa a o ne a ‘bua fela a sa akanye’? (Diane 12:18) Seno se diregile makgetlho a le kae? A ke phoso e e diregileng gangwe fela e o ka e tlodisang matlho? Kgotsa a ka dinako tsotlhe o bua dilo tse di nyatsang le tse di utlwisang botlhoko?

Fa o sa tlhomamisege kafa o ikutlwang ka teng mo ntlheng eno, buisana le mongwe—e seng tsala ya gago mme le mongwe yo mogolo le yo o botlhale. Gongwe o ka bua le batsadi ba gago kgotsa Mokeresete ka wena yo o godileng semoyeng. Go tlotla mmogo jalo go ka go thusa go bona gore a o feteletsa dilo kgotsa o tota o na le bothata.

Fa go bonala go siame go dira jalo, rulaganya go buisana le mosimane yo o ratanang le ene ka seno. (Diane 25:9) Mmolelele o ritibetse kafa tsela e a itshwarang ka yone e dirang gore o ikutlwe ka yone. Tlotla ka tlhamalalo ka dilo tse di go kgopisitseng. Mmolelele ka tsela e e utlwalang sentle dilo tse o se kitlang o kgona go di letlelela. O itshwara jang? A o kgaphela se o se buang kwa thoko kgotsa o go galefela thata? Seno se bontsha sentle gore ga a ikemisetsa go fetoga.

Go tweng he fa a bontsha dinonofo tsa Modimo, a ikokobetsa e bile a swabela se a se dirileng go tswa pelong? Gongwe go ka kgonega gore lo boloke botsalano jwa lona. Le fa go ntse jalo, nna kelotlhoko! Batho ba ba sotlang ba bangwe ka puo gantsi ba bua ka tsela e e bonalang e kete ba ikwatlhaela se ba se dirileng fa ba sena go kgopisa mongwe—mme ba bo ba boeletsa puo ya bone e e utlwisang botlhoko ka lekgetlho le lengwe fa ba tenegile. Go tla bonala fa nako e ntse e ya gore a tota o batla go fetoga. Selo se se tla bontshang kafa a lekang ka gone ka bopeloephepa ke fa a ikemiseditse go batla thuso mo bagolwaneng ba Bakeresete.—Jakobe 5:14-16.

Gakologelwa gore “botlhe ba leofile e bile ba tlhaela kgalalelo ya Modimo.” (Baroma 3:23) Ga o kitla o bona motho yo o itekanetseng. Banyalani botlhe ba tla nna le ‘pitlagano nngwe mo nameng’ ka ntlha ya bosaitekanelang. (1 Bakorintha 7:28) Kgabagare, o tshwanetse go swetsa gore a o ka kgona go itshokela diphoso tsa gagwe. Gape, tsela e e molemo ke go letlelela nako e e rileng gore e fete fa o ikaeletse go dira seno.

Fa a Lwa

Le fa go ntse jalo, ke kgang e sele fa puo e e kgobang e akaretsa matlhapa kgotsa o tshosediwa ka go itewa kgotsa o iphitlhela o sotliwa mo mmeleng—gongwe o kgoromediwa kgotsa o fapholwa. Seno se bontsha gore o palelwa ke go ikgapa; go ka nna motlhofo gore dilo di nne maswe a bo a lwe.

Go molemo gore balekane ba ba iseng ba nyalane ba tile go nna ba le bosi. Mme fa o iphitlhela ka tsela nngwe o le esi le monna yo o bogale, o se ka wa “busetsa . . . bosula ka bosula.” (Baroma 12:17) Gakologelwa: “Karabo fa e le bonolo e faposa bogale, mme lefoko le le utlwisang botlhoko le tsosa bogale.” (Diane 15:1) Nna o ritibetse. Mo kope gore a go ise gae. Fa go tlhokega, tsamaya—kgotsa o tshabe!

Go tweng fa monna a leka go pateletsa mosadi go kopanela mo ditirong tsa tlhakanelodikobo? Totatota, go botlhale gore baratani, fa ba sa ntse ba simolola go ratana, ba ipeele dithibelo tsa kafa ba tla bontshanang lorato ka gone. (1 Bathesalonika 4:3-5) Fa lekau le pateletsa mosetsana go tlola melaometheo ya Baebele, o tshwanetse go mmolelela sentle gore ga a kitla a bo a tsamaya a letlelela seo. (Genesise 39:7-13) Anne, yo o neng a ineela fa mosimane mongwe a ne a mo pateletsa go dira ditiro tsa tlhakanelodikobo, a re: “O se ka wa dumela. Itlotle. Tsweetswee, o se ka wa dira phoso eno, go sa kgathalesege gore o mo rata go le kana kang!” Fa a go itlhokomolosa fa o gana, mmolelele gore o tla tsaya maiteko ape fela a a a dirang e le petelelo. Fa a sa ntse a sa emise, kopa thuso mme o leke go mo kganela fela jaaka o ka dira ka motho yo o go betelelang. *

Mo maemong ano ka bobedi, kgakololo ya Baebele e e mo go Diane 22:24 e a tshwanela: “O se ka wa nna molekane le ope yo o tlwaetseng go nna bogale; mme o se ka wa ikopanya le motho yo o shakgalang thata.” Ga o patelesege ka tsela epe fela go tswelela pele ka thatano e o sotliwang mo go yone. Go phepafetse gore e tla bo e le boeleele go kopana lo le babedi fela le monna yo o sotlang go mmolelela gore lo kgaogane. Go bonala gore tsela e e siameng ya go dira dilo ke go itsise batsadi ba gago ka se se diragetseng. Ke ga tlholego fela gore ba galefele go bo o ile wa tshwarwa makgwakgwa. Mme ba ka go thusa go bona gore ke dikgato dife tse dingwe tse go tlhokegang gore di tsewe. *

Go Leka go mo Fetola

Mme gone, ga se boikarabelo jwa gago go dira gore mosimane yo o ratanang le ene a fetoge. Irena o dumela jaana: “O akanya gore o a mo rata, o tla kgona go itshoka le gore o tla mo thusa. Mme ga go kgonege.” Nadine le ene o dumela jaana: “Ke nna ke ipolelela gore nka mo fetola.” Boammaaruri ke gore ke ene fela a ka ‘fetolang mogopolo wa gagwe’ mme a fetoge. (Baroma 12:2) Mme seno se tla tsaya lobaka lo loleele e bile ga se motlhofo.

Ka jalo kgomarela tshwetso ya gago, o se ka wa mo letla go dirisa maikutlo a gago go go laola. Leka go dira gore o nne kgakala le ene ka moo o ka kgonang ka gone—mo maikutlong le ka namana. O se ka wa mo letla gore a go tlhotlheletse, a go kope kgotsa a go tshosetse gore o boelane le ene gape. Fa Irena a ne a kgaogana le mosimane yo o neng a ratana le ene yo o dikgoka, o ne a tshosetsa ka gore o tla ipolaya. Eleruri motho yo o ntseng jalo o tlhoka thuso, mme e seng thuso ya gago. O mo thusa sentle ka go nna kgatlhanong le boitshwaro jwa gagwe jo e seng jwa Bokeresete. Fa a batla go fetoga, o gololesegile go kopa thuso.

Le fa go ntse jalo, batho bangwe ba akanya gore lenyalo le tla rarabolola mathata. Mmatlisisi mongwe a re: “Basadi ba ba nyalanang le basimane ba ba ratanang le bone ba ba sotlang le banna ba ba nyalanang le basetsana ba ba ratanang le bone ba ba sotlang gantsi ba a gakgamala go bona gore dintwa ga di fele. Batho ba le bantsi ba dumela kinane ya gore fa lo setse lo nyalane ka molao, mathata otlhe a a ntseng jalo a tla fela. O se ka wa dumela seo.” Boammaaruri ke gore go sotliwa mo mmeleng go go simololang ka nako ya fa lo ratana go ka tswelela pele le mo lenyalong.

Baebele ya re: “Yo o botlhale ke yo o boneng masetlapelo a bo a iphitlha.” (Diane 22:3) Go kgaogana le motho yo o mo ratang ga go motlhofo. Mme go iphitlhela o le mo lenyalong le o sotliwang mo go lone go boima le go feta. Mo godimo ga moo, ga o tlhoke go boifa gore ga o kitla o bona molekane yo o tshwanetseng. Ka kitso e o nang le yone, o tla tlhotlheletsega gore o batle mongwe yo o bonolo, pelonomi e bile a le boikgapo.

Go Alafa Botlhoko Jo bo Mo Maikutlong

Go utlwisiwa botlhoko mo mmeleng kgotsa ka mafoko go ka kgoba marapo e le ruri. Mongwe yo a kileng a sotliwa yo leina la gagwe e leng Mary o gakolola jaana: “Batla thuso—bolelela mongwe ka bonako. Ke ne ke akanya gore ke ne ke tla kgona ke le esi, mme go buisana le batho go nthusitse.” Bulela batsadi ba gago mafatlha, tsala nngwe e e godileng kgotsa mogolwane mongwe wa Mokeresete. *

Gape bangwe ba fitlhetse go thusa go dira dilo tse di tshwanang le go bala, go tshameka kgotsa go dira tiro ya go itlosa bodutu. Irena o gakologelwa jaana: “Selo se se botlhokwa thata e ne e le go ithuta Baebele le go nna teng kwa dipokanong tsa Bokeresete.”

Eleruri, Jehofa ga a itumelele mafoko a a kgobang kgotsa ditiro tse di ntseng jalo. Ka thuso ya gagwe, o ka itshireletsa mo go reng o se ka wa tshwarwa makgwakgwa.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 3 Maina mangwe a fetotswe.

^ ser. 4 Le fa banna le basadi ba ka sotliwa ka puo le mo mmeleng, Ditheo Tsa United States Tsa Taolo ya Malwetse le Thibelo di bolela gore “basadi ba gobala thata go na le banna.” Le fa banna le basadi ba sotliwa, go dira dilo motlhofo mo setlhogong seno, re tla bua ka motho yo o sotlang e le monna.

^ ser. 5 Bona setlhogo se se reng “Basha ba Botsa Jaana . . . Ke ka Ntlha Yang fa a Mpogisa Jaana?” mo makasineng wa Tsogang! wa June 8, 2004.

^ ser. 15 Tsogang! ya March 8, 1993 e na le tshedimosetso ya kafa o ka dirang ka gone gore o se betelelwe.

^ ser. 16 Mo mabakeng mangwe, a a tshwanang le go leka go betelela, batsadi ba gago ba ka nna ba swetsa gore ba begele mapodise kgang eno. Seno se ka thibela gore basetsana ba bangwe ba se ka ba diragalelwa ke selo se se tshwanang.

^ ser. 23 Ka nako ya go utlwisiwa botlhoko, bangwe ba tlhopha go alafiwa ke ngaka kgotsa ke moitse wa boitekanelo jwa tlhaloganyo.

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

Go tshwarwa ka tsela e e sa siamang fa lo ratana go ka tswelela le mo lenyalong

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

O se ka wa patelediwa go dira dilo tse di sa siamang go bontsha lorato