Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Nna o Gakologetswe Mmopi wa Gago”

“Nna o Gakologetswe Mmopi wa Gago”

“Nna o Gakologetswe Mmopi wa Gago”

“Nna o gakologetswe Mmopi wa gago fa o sa le mosha! Mo dingwageng tse di tlang, o tla bo o imelwa ke mathata o bo o re, ‘Ga ke sa tlhole ke itumelela botshelo.’”—Moreri 12:1, “Contemporary English Version.”

TEMANA e e fa godimo ya Baebele e dira gore motho a akanye tota. O nna mosha gangwe fela mo botshelong jwa gago. Nako nngwe, o tla gakologelwa dingwaga tsa gago tsa fa o ne o le mosha, e ka tswa e le ka boitumelo le kgotsofalo kgotsa ka boikwatlhao jo bo utlwisang botlhoko. Wena go tla nna jang ka wena? O ka kaela jang kafa dilo tse o di dirang mo nakong ya gago ya bosha di tla felelang ka gone?

Baebele e go kgothaletsa go “Nna o gakologetswe Mmopi wa gago” jaaka fa go nopotswe fa godimo. O ka dira seo jang? Ka go ikobela melao ya Modimo le melaometheo ya gagwe, e e kwadilweng mo Lefokong la gagwe, Baebele. Nnyaa, seno ga se bolele gore o tshele botshelo jo bo gagametseng jwa go tlhagafalela bodumedi ka tsela e e feteletseng, o itima menate yotlhe. Go na le moo, go nna o gakologetswe Mmopi wa gago go tla felela ka gore o nne le boitumelo jo bogolo go gaisa kafa o ka akanyang ka teng. Seno se ka direga jang?

Go tshwantsha, akanya o setse o neilwe koloi le laesense ya go kgweetsa. O na le kgololesego e ntšha e e itumedisang fa pele ga gago, kgololesego e e ka go leretseng boitumelo jo bogolo. Akanya fela ka mafelo a a kgatlhang a o ka kgonang go ya kwa go one! Le fa go ntse jalo, kgololesego e o sa tswang go nna le yone e go tlhoka gore o nne le boikarabelo. Fa o ntse o kgweetsa, o tshwanetse wa ikobela melao ya tsela le go ela tlhoko matshwao a tsela, go kgweetsa ka lebelo le le tshwanetseng le go ela tlhoko matshwao a a go lemotshang dikotsi tse di rileng. A boikarabelo jono jo o nang le jone bo go kgoreletsa gore o se ka wa itumelela go kgweetsa? Legoka! Tota e bile, e a go sireletsa. Ruri ga o kitla o itumelela go tlhagelwa ke kotsi, a ga go jalo?

Go ntse fela jalo le ka kgololesego e Mmopi wa gago, Jehofa Modimo, a go e neileng. Fa o ntse o gola, o go letlelela gore o itlhophele kafa o tla tshelang botshelo jwa gago ka teng. (Duteronome 30:19; Diane 27:11) A bo seo e le tshiamelo e kgolo jang ne! Mme gone kgololesego e e ntseng jalo e naya motho boikarabelo jo bo masisi. Mo Lefokong la gagwe, Jehofa o tlhomile ‘melao ya tsela’—melao e a batlang o tshela ka yone. A melao eno e kgoreletsa boitumelo jwa gago? Legoka! Go na le moo, e go sireletsa mo mahutsaneng le mo matlhokong a a tlhaselang basha ba le bantsi gompieno.

Federico, yo gone jaanong a leng mo dingwageng tsa bo30, o itse boammaaruri jwa seno. Fa e ne e sa ntse e le lekawana, o ne a bona baithuti mmogo le ene ba dira mefuta yotlhe ya ditiro tse a neng a itse gore ga a tshwanela go di dira. A re: “Go ne go bonala ba ja monate, mme ga ke ise nko ke akanye gore ba itumetse ka tsela ya mmatota.” Fa Federico a akanya ka nako e e fetileng, o itumelela gore o ile a nna le melao ya Baebele e e neng e mo kaela mo nakong ya bosha. A re: “Gone ke boammaaruri gore ke ne ke na le mathata a ke neng ke lwantshana le one, fela jaaka mosha mongwe le mongwe. Mme gone tota Baebele e ntshireleditse. Ka dinako tsotlhe go ne go na le Mokeresete mmogo le nna yo o neng a nthusa. Go latela melaometheo ya Baebele go ile ga dira gore ke itumele thata go gaisa kafa nkileng ka akanya ka gone!”

Jehofa Modimo o batla gore o itumele—o itumele tota. Seno se akaretsa se se fetang kgakala gore motho a ijese monate wa nakwana fela o tota o fitlhang seemo se se tlhomolang pelo se a leng mo go sone. Baebele ya re: “Itumelele bosha jwa gago. Itumele fa o sa ntse o le mosha.” Mme yone temana eno ya Baebele e boa e neela tlhagiso. Ya re: “Gakologelwa gore Modimo o tlile go go atlhola ka sengwe le sengwe se o se dirang.”—Moreri 11:9, Today’s English Version.

Nna o gakologetswe Mmopi wa gago ka go dirisa kgololesego e a go fileng yone ka tsela e e botlhale. Fa o dira jalo, o ka tlhomamisega gore Mmopi wa gago o tla nna a go gakologetswe le gore o tla go naya boitumelo jo bogolo go gaisa. Baebele ya re: “Tshegofatso ya ga Jehofa—ke yone e e humisang, mme ga a e oketse ka botlhoko.”—Diane 10:22.

Go thusa basha go fenya diteko tsa nako ya bosha, Basupi ba ga Jehofa ba gatisitse buka ya ditsebe tse 320 ya setlhogo se se reng Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang . . . Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo. Go tla go fitlha gompieno, go ile ga gatisiwa dikhopi di ka nna dimilione di le 34 tsa buka eno ka dipuo di le 77. O ka nna wa iponela khopi ka go ikgolaganya le Basupi ba ga Jehofa ba lefelo la lona.

[Ditshwantsho mo go tsebe 8, 9]

Go go Thusa Gore o Atlege mo Nakong ya Bosha

Iphe nako ya go bala Lefoko la Modimo

Dira ka natla mo bodireding

Tila go itlwaelanya le ba ba bosula

Nna le puisano e e molemo le batsadi ba gago

[Motswedi wa Setshwantsho]

Brochure cover: Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.