Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Tota Modimo o Amega ka Bana?

A Tota Modimo o Amega ka Bana?

Kgopolo E e Mo Baebeleng

A Tota Modimo o Amega ka Bana?

BANA ba le dimilionemilione ba a sotliwa, ba tshwarwa setlhogo e bile ba a tlhaselwa ngwaga le ngwaga. Ba le bantsi ba bereka jaaka e kete ke makgoba mo maemong a a kotsi. Ba bangwe ba tsewa ka dikgoka mme ba patelediwa go nna masole kgotsa diaka tsa bana. Bana ba le bantsi ba ile ba sotlwa ke ba losika ka go tlhakanela dikobo le bone le ka ditsela tse dingwe tse di maswe.

Go a utlwala go bo batho ba ba peloephepa le ba ba lorato ba tshwenngwa ke mathata a bana. Le fa bangwe ba dumela gore selo se segolo se se bakang gore bana ba tshwarwe ka tsela e e ntseng jaana ke ka ntlha ya bogagapa jwa batho le go tlhoka maitsholo, ba ka nna ba go fitlhela go le thata go dumela gore Modimo yo o lorato a ka letlelela tshiamololo e kana kana. Ba ka nna ba nna le maikutlo a gore Modimo o latlhile bana bano le gore gongwe ga a kgathale. A seno se boammaaruri? A lebaka leno le le utlwisang botlhoko la gore bana ba a sotliwa le gore gantsi ba tshwarwa setlhogo le raya gore Modimo ga a ba kgathalele? Baebele ya reng?

Modimo o Kgala Basotli

Ga go ise go ke go tsene mo maikaelelong a ga Jehofa Modimo gore bana ba sotliwe ke bagolo ba ba setlhogo. Go tshwarwa setlhogo ga bana ke nngwe ya ditlamorago tse di sa itumediseng tsa go tsuologa ga batho kwa tshimong ya Edene. Go gana bolaodi jwa Modimo ka tsela eo go ne ga dira gore batho ba sotle ba bangwe ka tsela e e setlhogo.—Genesise 3:11-13, 16; Moreri 8:9.

Modimo o ila ba ba sotlang ba ba bokoa le ba ba sa kgoneng go itshireletsa. Ditšhaba di le dintsi tsa bogologolo tse di neng di sa direle Jehofa di ne di dira ditlhabelo ka bana, mme Jehofa o ne a re seno e ne e le ‘selo se a neng a sa se laela le se se neng se sa tla mo pelong ya gagwe.’ (Jeremia 7:31) Modimo o ne a tlhagisa batho ba gagwe ba bogologolo jaana: “Ruri fa lo ka mmogisa [mosimane yo o se nang rre], e tla re fa a lelela kwa go nna, ruri ke tla utlwa selelo sa gagwe; mme bogale jwa me bo tla tuka.”—Ekesodo 22:22-24.

Jehofa o Rata Bana

Tsela e Modimo a amegang ka yone ka bana e bonala mo ditaelong tse di botlhale tse a di nayang batsadi. Bana ba ba godiseditsweng mo legaeng le le babalesegileng go ka direga gore e nne bagolo ba ba ka kgonang go lepalepana sentle le maemo otlhe. Ka jalo, Mmopi wa rona o theile lenyalo, thulaganyo ya botshelo jotlhe e mo go yone “monna o tla tlogelang rraagwe le mmaagwe mme o tla ngaparela mosadi wa gagwe mme ba tla nna nama e le nngwe.” (Genesise 2:24) Mo Baebeleng, tlhakanelodikobo e dumeletswe fela mo lenyalong gore bana ba ba tla nnang gone ba tlhokomelwe mo legaeng le le siameng.—Bahebera 13:4.

Dikwalo di gatelela gape botlhokwa jwa gore batsadi ba thapise bana ba bone. Baebele ya re, “Bana ke boswa jo bo tswang kwa go Jehofa, maungo a sebopelo ke tuelo. Jaaka metswi mo seatleng sa monna yo o thata, bana ba bosha ba ntse fela jalo.” (Pesalema 127:3, 4) Bana ke mpho e e botlhokwa e e tswang mo Modimong mme o batla gore ba gole sentle. Modimo o laela batsadi go naya bana ba bone kaelo e e molemo mo botshelong, fela jaaka motho yo o hulang motswi a korola ka kelotlhoko pele a hula metswi ya gagwe. Lefoko la Modimo le laela jaana, “Borre, lo se ka lwa tshwenya bana ba lona, mme tswelelang lo ba godisetsa mo kotlhaong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa.”—Baefeso 6:4.

Tsela e nngwe e Jehofa a bontshitseng bana lorato lwa gagwe ka yone ke ka go ruta batsadi gore ba sireletse bana ba bone mo bathong ba ba setlhogo. Kwa Iseraeleng wa bogologolo, tota “le ba bannye” ba ne ba laelwa go reetsa Molao, o o neng o akaretsa ditaelo tse di kaga boitshwaro jo bo siameng le jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. (Duteronome 31:12; Lefitiko 18:6-24) Modimo o batla gore batsadi ba dire bojotlhe jwa bone go sireletsa bana ba bone mo bathong ba ba ka ba sotlang kgotsa ba ba tshwara setlhogo.

Tsholofelo ya Bana

Lorato lo lo sa feleng lwa ga Jehofa ka bana lo bontshitswe sentle ke Jesu Keresete, yo o bontshang botho jwa ga Rraagwe ka tsela e e feletseng. (Johane 5:19) Fa baaposetoloi ba ga Jesu ba ne ba leka go mo thusa ka go thibela batsadi go tlisa bana ba bone ba bannye kwa go ene, Jesu o ne a ba kgalemela ka bogale. O ne a re, “Lesang bana ba babotlana ba tle kwa go nna.” Morago ga moo, “a tsaya bana ka mabogo mme a simolola go ba segofatsa.” (Mareko 10:13-16) Bana ga ba nyatsege mo matlhong a ga Jehofa Modimo kgotsa a Morwawe.

Tota e bile, ka Kgosi e a e tlhophileng e bong Jesu Keresete, go ise go ye kae Modimo o tla tsaya kgato ya go golola bana ba ba sotliwang. Batho ba ba sa tshwareng bana sentle le basotli ba ba setlhogo ba lefatshe leno ba tla fedisiwa ka bosakhutleng. (Pesalema 37:10, 11) Fa e le batho ba ba pelonolo ba ba batlang Jehofa, Baebele ya re: “O tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.”—Tshenolo 21:3, 4.

Go sa ntse go le jalo, Modimo o bontsha lorato lwa gagwe gone jaanong ka go thusa botlhe ba ba sotlilweng le ba ba tshwarwang setlhogo mo semoyeng le mo maikutlong. O solofetsa jaana, “Ke tla batla e e latlhegileng, le e e faletseng ke tla e busa, e bile ke tla hapa e e robegileng le e e bobolang ke tla e nonotsha.” (Esekiele 34:16) Jehofa o dirisa Lefoko la gagwe, moya wa gagwe o o boitshepo le phuthego ya Bokeresete go gomotsa bana ba ba gateletsweng le ba ba humanegileng. A bo go itumedisa jang ne go itse gore gone jaanong, fela jaaka a tla dira le mo isagweng, ‘Rara wa mautlwelobotlhoko a manana le Modimo wa kgomotso yotlhe, o re gomotsa mo pitlaganong yotlhe ya rona.’—2 Bakorintha 1:3, 4.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 16]

© Mikkel Ostergaard /Panos Pictures