Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

‘E Nthusa go Itshoka fa ke Lekwa’

‘E Nthusa go Itshoka fa ke Lekwa’

‘E Nthusa go Itshoka fa ke Lekwa’

Ke kafa mmadi mongwe wa kwa Connecticut, U.S.A, a ileng a tlhalosa buka ya Atamalana le Jehofa ka gone. A re: “Ke e ithuta go se kae letsatsi le letsatsi. Mo malatsing a fa ke tshwenyegile thata mo maikutlong mo e bileng ke hema ka thata, go e ithuta go se kae go nthusa go itshoka fa ke lekwa.”

O tswelela jaana: “Setshwantsho sa modisa yo o bonolo se se mo tsebeng ya 69 se ne sa nkgomotsa tota. Ke lebogela le ntlha e e mo tsebeng ya 28, serapa 8, e e buang ka tiragalo ya fa Moshe a ne a bona sekhi se se tukang mo e leng gore ‘tota le mmu o o foo o ne wa nna boitshepo ka ntlha ya go amana ga one le Jehofa!’ Fa Jehofa a kgona go dira gore le mmu tota o nne boitshepo, go raya gore go ka tswa go na le tsholofelonyana ka nna. Kgopolo eno e nthusitse fela thata ka gonne ke na le bothata jo bo sa kgaotseng jwa go tshwenyega thata mo maikutlong.”

Re dumela gore o tla solegelwa molemo ke go bala buka eno ya Atamalana le Jehofa e e nang le ditsebe tse 320 ya khabara e e seng thata. O ka nna wa kopa khopi ya yone ka go tlatsa setlankana seno le go se romela kwa atereseng e e mo go sone kgotsa kwa go e e tshwanetseng mo go tse di mo go tsebe 5 ya makasine ono.

□ Ke kopa gore lo nthomelele khopi ya buka ya Atamalana le Jehofa, kwantle ga gore ke itlame.

□ Tsweetswee ikgolaganyeng le nna malebana le thuto ya legae ya Baebele ya mahala.