Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Katse ya Naga E e Mo Kotsing e Kgolo ya go Nyelela mo Lefatsheng

Katse ya Naga E e Mo Kotsing e Kgolo ya go Nyelela mo Lefatsheng

Katse ya Naga E e Mo Kotsing e Kgolo ya go Nyelela mo Lefatsheng

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA SPAIN

Batho ga ba bolo go itse ka matlho a a bogale le go kgona go tsiboga ka bonako ga katse ya thwane. Fa motho a lemoga dilo sentle, batho ba kwa Spain ba re o na le “matlho a thwane.” Ka maswabi, thwane ya kwa Iberia (Lynx pardinus) gone jaanong e itsege ka sengwe se sele se se sa amaneng le matlho a a bogale a yone kgotsa botlhale jwa yone. E tsewa e le “katse ya naga e e mo kotsing e kgolo ya go nyelela mo lefatsheng.” *

Dingwaga tse di fetileng thwane ya kwa Iberia e ne e ka bonwa mo dikarolong tsotlhe tsa Portugal le Spain, tota le kwa mafelong a a kgakala a a tshwanang le dikarolo tsa dithaba tsa Fora. Gompieno, ditlhopha di le mmalwa tsa katse eno di kwa kgaolong e e kwa borwabophirima jwa Sekasetlhake sa Iberia. Le fa go ntse jalo, ke ditlhopha di le pedi fela tsa diphologolo tseno tse di nang le palo e e lekaneng gore di kgone go oketsa palo ya tsone, mme palogotlhe ya bothwane e fokotsegile fela thata.

Go ya ka diphopholetso dingwe, palo ya bothwane ba kwa Iberia gone jaanong e wetse kwa tlase fela thata ga 200. Ke eng se se bakileng gore di fokotsege thata jaana? Bangwe ba re lebaka la konokono ke go tlhaela ga diphologolo tse di di jang, e leng mebutla, e bontsi jwa yone e bolailweng ke bolwetse jwa myxomatosis (bolwetse jo bo tlhaselang mebutla). Mo godimo ga moo, bothwane bangwe ba ile ba tshwarwa ke batsomi ba ba tsomang e se kafa molaong kgotsa ba bolailwe ke dikoloi mo ditseleng tse dikgolo. E bile mafelo a di tshelang mo go one a katogane fela thata. Pego ya bosheng ya World Wildlife Fund e bega gore mathata ano a bakile gore palo e e fokotsegang ya bothwane e nne potlana kwa mafelong a mannye.

Le fa dimilione di le 230 tsa diranta di beetswe kwa thoko gore di dirisiwe go sireletsa bothwane ba ba mo kotsing ya go nyelela, bosheng jaana setlhopha sengwe sa bomankge se ne sa tlhalosa boemo jono “e le jo bo tshwenyang thata.” Go ya ka Nicolás Guzmán, mookamedi wa National Plan for the Conservation of the Iberian Lynx, a re mo gare ga bothwane ba ba kafa tlase ga 200 ba ba setseng kwa sekgweng, ‘ke fela ba le magareng ga 22 le 32 ba ba namagadi ba ba ka kgonang go tsala.’ O ne a oketsa jaana, ‘Mofuta ono wa bothwane o ikaegile ka ba ba namagadi bano gore ba se ka ba nyelela.’ Ka maswabi, boemo jwa bothwane ba kwa Iberia bo bontsha seemo se ditshedi tse dintle tse dintsi tsa lefatshe di lebaneng le sone.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Mo bukeng ya Red List, thwane ya Iberia kgotsa ya Spain e ne e tsewa e le “phologolo e e mo kotsing e kgolo” mo lenaaneng la diphologolo tse di mo kotsing ya go nyelela go ya ka International Union for Conservation of Nature and Natural Resources.

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 18]

Foto © Fernando Ortega

sos lynx