Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tsietso—Bothata Jwa Lefatshe Lotlhe

Tsietso—Bothata Jwa Lefatshe Lotlhe

Tsietso—Bothata Jwa Lefatshe Lotlhe

GO NE go bonala Wayne, yo o ratwang ke batho le yo o bonolo e le ene monna yo tota Karen a ntseng a mmatla. Karen a re: “E ne e le monna yo tota ke sa bolong go mo rapelela le go mmatla. Mongwe le mongwe yo o neng a re bona re le mmogo o ne a akanya gore re tshwanelana sentle. O ne a dira gore ke ikutlwe gore o swa a ikepela ka nna.”

Le fa go ntse jalo, go ne go na le bothata. Wayne o ne a bolelela Karen gore o ne a le mo maemong a boraro a bookamedi mo tirong ya gagwe kwa setheong sa Australian Secret Intelligence Organization. O ne a batla go tlogela tiro eno, mme mokgatlho ono o ne o ka se mo letle go dira jalo. O ne a itse sengwe le sengwe ka one. Ba ne ba tla mmolaya! Bobedi jono bo ne jwa loga leano. Ba ne ba tla nyalana, morago ga moo ba phuthaphuthe dithoto tsa bone, ba bo ba ngwega mo Australia ba tshabela kwa Canada. Karen o ne a rekisa ntlo ya gagwe le sengwe le sengwe se a neng a na le sone a bo a naya Wayne madi a teng gore a a tlhokomele.

Ba ne ba nyalana jaaka fa ba ne ba rulagantse. Wayne o ne a ngwega kwa nageng eo, mme o ne a tlogela Karen, a mo phuaganya jalo a setse ka madi a a kafa tlase ga diranta di le 30 mo bankeng. Go ise go ye kae o ne a lemoga gore o ne a logetswe leano la go mo tsietsa. Fela jaaka motshameki wa terama, Wayne o ne a itira se a seng sone—e le fela gore a gape maikutlo a ga Karen. Tsela e a neng a le ka yone, dilo tse a di kgatlhegelang, botho jwa gagwe le lorato lo a neng a re o mo rata ka lone e ne e le maaka fela a gore mosadi yono a mo tshepe—se se ileng sa felela ka gore a mo tseele madi a a fetang diranta di le dimilione di le 1,32. Lepodise lengwe le ile la re: “O utlwisitswe botlhoko tota mo maikutlong. Kwantle ga go tseelwa, tsela e a utlwisitsweng botlhoko ka yone ke e e ka se kang ya lekanngwa.”

Karen a re: “Ke kgoberegile maikutlo. O ne a itira motho yo tota a seng ene.”

Karen ke mongwe wa batho ba le bantsi ba ba tsiediwang mo lefatsheng lotlhe. Ga go itsiwe gore batho ba bangwe bone ba tseelwa madi a le kana kang, le fa gone palo ya teng e fopholediwa go nna dibilione tsa diranta mme e bile e oketsega ngwaga le ngwaga. Mo godimo ga go tseelwa madi, batho ba ba tshwanang le Karen ba sala ba utlwile botlhoko thata mo maikutlong fa ba akanya gore motho mongwe—gantsi motho yo ba neng ba mo tshepa—o ba jele ntsoma.

Go go Thibela ke Tsela e e Molemo go Gaisa

Tsietso e tlhalosiwa e le “leano kgotsa boferefere jo bo dirwang ka boomo go bona madi ka go itira se o seng sone kgotsa go solofetsa dilo tse di seyong.” Ka maswabi, batho ba le bantsi ba ba tsietsang ga ba otlhaiwe ka gonne gantsi go thata go ntsha bosupi jwa gore tota ba tsieditse batho. Mo godimo ga moo, batho ba le bantsi ba ba tsietsang ba tlhaloganya molao mme ba dirisa diphoso tse ba di bonang mo go one gore ba solegelwe molemo—ba itse kafa ba ka tsietsang batho ka gone ba dirisa ditsela tse go leng thata kgotsa tse go sa kgonegeng gore ba ka di atlholelwa. Mo godimo ga moo, go isa motho yo o go tsieditseng kwa kgotlatshekelong go ja madi a mantsi e bile go tsaya nako. Gantsi batsietsi ba ba bonwang molato ka ntlha ya tlolomolao ya bone ke ba ba utswileng dimilione di le dintsi tsa diranta kgotsa ba ba dirileng sengwe se se tshosang tota mo se feleletsang se itsiwe ke batho ba le bantsi. Tota le fa motho yo o tsieditseng a ka lemogiwa a bo a atlholwa, o a bo a setse a dirisitse madi ao a a boneng ka go tsietsa kgotsa a a fitlhile. Gantsi seno se dira gore batho ba ba tsieditsweng ba se ka ba busediwa madi a a ba latlhegetseng.

Re ka bua fela ra re fa o tsieditswe, go ka direga gore o se ka wa nna le sepe se o ka se dirang gore o boelwe ke madi a gago. Selo se se botoka thata ke gore o tile go tsiediwa go na le go leka go bona kafa o ka boelwang ke madi a gago ka gone fa o sena go tsiediwa. Monna yo o botlhale a ile a kwala jaana bogologolo: “Yo o botlhale ke yo o boneng masetlapelo a bo a iphitlha, ba ba se nang maitemogelo ba fetile mme ba tla boga matswela a a botlhoko.” (Diane 22:3) Setlhogo se se latelang se tla tlhalosa ditsela tse o ka itshireletsang ka tsone gore o se ka wa tsiediwa.