Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Basha ba ba Emelang Tumelo ya Bone ka Bopelokgale

Basha ba ba Emelang Tumelo ya Bone ka Bopelokgale

Basha ba ba Emelang Tumelo ya Bone ka Bopelokgale

GO NA le basha ba le bantsi mo gare ga Basupi ba ga Jehofa. Ba rata Modimo mme ba leka go tshela go dumalana le ditekanyetso tsa gagwe tse di tlhalosiwang mo Baebeleng. Basha bano ba motlotlo ka tumelo ya bone, mme ba bua le ba bangwe ba gololesegile ka yone kwa sekolong. Akanya ka dingwe tsa dikai tseno.

▪ Fa Holly a ne a le mo mophatong wa borataro, ene le ba a tsenang le bone mo tlelaseng ba ne ba kopiwa go kwala tlhamo ya setlhogo se se reng “O ka fedisa jang bothata jwa borukhutlhi kwantle ga go dirisa thubakanyo?” Holly o ne a dirisa tshono eno go kwala ka tsholofelo ya gagwe ya Baebele ka isagwe. O ne a tlhalosa gore go ralala hisitori ‘motho o laotse motho yo mongwe go mo utlwisa botlhoko.’ (Moreri 8:9) Morago ga moo o ne a bontsha se tsholofelo e le yosi ya mmatota ya batho e leng yone—Bogosi jwa Modimo. O ne a kwala a re: “E re ka Jesu e le Kgosi e e tlhomilweng ya Bogosi joo, mathata otlhe, go akaretsa le borukhutlhi, a tla fedisiwa.” Holly o ne a tlhalosa kafa Jesu a tla dirang se go seng mmusi ope wa motho a ka se dirang. O ne a kwala jaana: “Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a bontsha gore o tla nna mmusi yo o ntseng jang. O ne a rata batho e bile a amega ka bone. O ne a bontsha maatla a gagwe ka go fodisa malwetse le go tsosa baswi. Ga go na puso epe ya batho e e kgonang go tsosa batho ba ba suleng. Mme Bogosi jwa Modimo bo tla kgona go dira jalo.” Holly o ne a konela tlhamo ya gagwe ka go re “Ka jalo Modimo ke ene a ka lereng tharabololo, e seng batho.”

Mo bofelong jwa tlhamo eo, morutabana o ne a kwala a re: “Banna, Holly! O tota o kwadile tlhamo e ntle. E bile o e akanyeditse sentle thata.” Morutabana o ne a kgatlhilwe le ke go bo Holly a ne a kwadile Dikwalo tse a di dirisitseng. Seno se ne sa naya Holly tshono ya go buisana le morutabana wa gagwe kaga Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo, e leng thulaganyo ya beke le beke ya go bua le go ruta e e tshwarwang ke Basupi ba ga Jehofa. Morutabana wa gagwe o ne a itumelela go amogela khopi ya buka e e dirisiwang mo Sekolong sa Bodiredi.

Jessica le ene o kgonne go bua ka tumelo ya gagwe fa a kwala ditlhamo tsa sekolo. A re: “Ke kgonne go kwala ditlhamo tse tharo ka tumelo ya me. E nngwe e ne e le ka Basupi ba ga Jehofa le ditshwanelo tsa bodumedi. Morutabana o ne a e baya mo laeboraring gore e balwe ke mongwe le mongwe yo o neng a batla. Bosheng jaana ke e ile ka kwala tlhamo ka kolobetso ya me le kafa letsatsi leo le neng le le botlhokwa ka gone mo go nna. Baithuti ba refosana ditlhamo tsa bone tse di iseng di fele, ka jalo tlelase ya me e ne ya kgona go bala tlhamo ya me. Mosetsana mongwe o ne a re: ‘O dirile sentle tota. Go molemo go itse ka maikarabelo a motho o nnang le one fa e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Re itumela le wena jaaka o kolobeditswe!’ Mosetsana yo mongwe o ne a re: ‘Pego ya gago e ne e kgatlha tota! Ke itumela go bo tumelo ya gago e nonofile jaana!’ Mosimane mongwe o ne a kwala fela a re: ‘O motho yo o botlhale tota. Re itumela le wena.’”

▪ Fa Melissa a ne a le dingwaga di 11, o ne a nna le tshono e e molemo ya go bua ka tumelo ya gagwe. “Mooki wa sekolo o ne a tla mo tlelaseng ya me ya saense go bua ka thulaganyo ya mmele ya go lwantsha malwetse. Go ne ga buiwa ka go tshelwa madi. Morago ga tlelase ke ne ka bolelela morutabana wa me wa saense kaga nngwe ya dibidio tsa rona tse di kaga madi. Ke ne ka tla le yone kwa sekolong letsatsi le le latelang, mme morutabana wa me o ne a ya gae le yone mme a e lebelela le ba lelapa la gagwe. Mo letsatsing le le latelang o ne a tla sekolong le bidio eno mme a e bontsha ditlelase tse pedi, go akaretsa le tlelase e ke neng ke le mo go yone. Morago ga moo o ne a dira dikakgelo tse di molemo ka Basupi ba ga Jehofa, a bolelela tlelase gore fa e ne e se ka rona Basupi, go ka bo go se na mefuta e mengwe ya kalafi e e sa diriseng madi. Fa a mpusetsa bidio eo, o ne a botsa a re, ‘Nka kgona jang go bonela laeborari ya sekolo khopi ya bidio eno?’ Ke ne ka mo naya khopi. O ne a itumetse, mme le nna ke ne ke itumetse!”

Holly, Jessica le Melissa ke bangwe ba basha ba bantsi ba Basupi ba ga Jehofa ba ba latelang kgakololo ya Baebele ya go gopola Mmopi wa bone. (Moreri 12:1) A le wena o dira jalo? Fa go ntse jalo, o ka tlhomamisega gore o itumedisa pelo ya ga Jehofa.—Diane 27:11; Bahebera 6:10.

Fa lona basha lo bolelela balekane ba lona ba sekolo le barutabana ba lona ka tumelo ya lona, seno se neela bosupi jo bo maatla ka Jehofa Modimo le ka maikaelelo a gagwe. Gape go nonotsha tumelo ya lona, mme go dira gore lo nne motlotlo go bo lo na le tshiamelo ya go nna batlhanka ba Modimo. (Jeremia 9:24) Gape go neela bosupi kwa sekolong go a lo sireletsa. Jessica o go tlhalosa ka tsela eno: “Mosola o le mongwe wa go bua ka tumelo ya me ke gore baithuti ka nna ga ba leke go nkgatelela go dira dilo tse di sa dumalaneng le se Baebele e se bolelang.”

[Ditshwantsho mo go tsebe 12]

Holly

[Ditshwantsho mo go tsebe 12, 13]

Jessica

[Ditshwantsho mo go tsebe 13]

Melissa