Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Borre ba ba Seyong—Bothata jo bo Golelang Pele

Borre ba ba Seyong—Bothata jo bo Golelang Pele

Borre ba ba Seyong—Bothata jo bo Golelang Pele

PALO ya borre ba ba itlhokomolosang malapa a bone e ntse e oketsegela pele. Kwa bofelong jwa dingwaga tsa bo1990, lekwalodikgang la USA Today le ne la bitsa United States le re “ke naga e e nang le palo e ntsi go gaisa ya malapa a a se nang borre.” Le fa go ntse jalo, go se nne teng ga borre ke bothata jwa lefatshe lotlhe.

Pego ya palo ya baagi ba kwa Brazil e e neng ya dirwa ka 2000 e ne ya senola gore palo ya malapa a a tlhokometsweng ke basadi ke dimilione di le 11,2 fa baagi bone ba le dimilione di le 44,7. Kwa Nicaragua, diperesente di le 25 tsa bana di ne di nna le bommaabone fela. Kwa Costa Rica palo ya bana ba borraabone ba neng ba ba itatola e ne ya oketsega mo dingwageng tsa bo1990 go tswa go diperesente di le 21,1 go ya go di le 30,4.

Dipalopalo tse di tswang mo dinageng tseno di le tharo ke dikai fela tsa bothata jwa lefatshe lotlhe. Akanya ka karolo e nngwe gape ya bothata jwa borre ba ba itlhokomolosang bana ba bone.

Ba Teng Mme ga ba Dire Maikarabelo a Bone

Tsweetswee bona lebokose le le reng, “Papa, o Tla Boa Leng?” Nao, yo gone jaanong a nang le dingwaga di le 23, a re: “Pele ga ke simolola sekolo se se potlana, ke ne ke bona rre ka sewelo. Nako nngwe fa a ne a tsamaya ke ne ka mo kopa jaana: ‘O boe, tlhe?’”

Dikamano tsa lelapa tse di tshwanang le eno ya ga Nao le rraagwe ke tsone di dirileng gore mokwadi wa kwa Poland e bong Piotr Szczukiewicz a re: “Go bonala rre e le motho wa botlhokwa yo o tlhaelang mo lelapeng.” Ke boammaaruri gore borre ba le bantsi ba nna le malapa a bone le go a tlamela ka dilo tse a di tlhokang tsa senama. Le fa go ntse jalo, makasine wa Fora wa Capital o ile wa bolela gore, “borre ba le bantsi ba kgotsofalela fela go tlamela malapa a bone ka dijo, ba sa nne le seabe mo go ruteng bana.”

Gantsi rre o a bo a le gone mo lelapeng mme ga a nne le seabe mo botshelong jwa bana ba gagwe. Tlhokomelo ya gagwe e lebisitswe go sele. Makasine wa kwa Fora wa Famille chrétienne wa re, “tota le fa [rre] a ka tswa a le teng ka namana, mogopolo wa gagwe o ka nna wa bo o seyo mo lelapeng.” Ke ka ntlha yang fa gompieno borre ba le bantsi ba katogane le malapa a bone ka mogopolo le ka maikutlo?

Jaaka fa lekwalodikgang le le fa godimo le tlhalosa, lebaka la konokono ke gore “ga a tlhaloganye boikarabelo jwa go nna rre kgotsa monna yo o nyetseng.” Go ya ka tsela e borre ba le bantsi ba lebang dilo ka yone, boikarabelo jwa rre yo o molemo ke go lere madi a a lekaneng mo gae. Jaaka fa mokwadi wa kwa Poland e bong Józef Augustyn a ile a bolela, “borre ba le bantsi ba akanya gore ke batsadi ba ba molemo ka gonne fela ba tlamela lelapa ka madi.” Mme go dira jalo ke bontlhanngwe fela jwa maikarabelo a go nna rre.

Boammaaruri ke gore, bana ga ba lebe rraabone a le molemo ka ntlha ya selekanyo sa madi a a amogelang kgotsa tlhwatlhwa ya dimpho tse a di ba rekelang. Go na le moo, se tota bana ba se tlhokang—se se fetang kgakala dimpho—ke fa rraabone a ba rata, a ipha nako le bone le go ba kgatlhegela. Dilo tseno ke tsone tsa botlhokwa tota mo go bone.

Borre ba Tlhoka go Itshekatsheka Sesha

Go ya ka pego ya Japanese Central Council for Education, “borre ba tlhoka go sekaseka gape tsela e ba tshelang ka yone, e e sekametseng thata mo tirong.” Potso ke gore, A rre o iketleeleditse go dira diphetogo dingwe ka ntlha ya bana ba gagwe? Lekwalodikgang la Jeremane la Gießener Allgemeine le ne la bega ka patlisiso nngwe e bontsi jwa borre ba ba neng ba botsolodiwa mo go yone ba neng ba sa dumalane le kgang ya gore bana ba botlhokwa go gaisa tiro ya bone ya boitshediso.

Bana ba ka nna ba utlwisiwa botlhoko thata ke go bo rraabone a lebega a sa amege ka bone. Lidia, yo gone jaanong a nang le dingwaga di le 21, o sa ntse a gakologelwa sentle gore rraagwe o ne a ntse jang fa ene e ne e sa ntse e le mosetsanyana kwa Poland. A re: “O ne a se ka a bua le rona. Mongwe le mongwe o ne a itshelela jaaka a batla. O ne a sa itse gore ke ne ke tsamaya ditantshe tsa bosigo.” Macarena, mosetsana wa dingwaga di le 21 wa kwa Spain, le ene o bolela gore fa e ne e sa ntse e le ngwana, rraagwe “o ne a tsamaya le ditsala tsa gagwe ka mafelobeke ba ya go ijesa monate, le gore o ne a fetsa malatsi a mantsi a nyeletse mo lelapeng ka makgetlo a le mmalwa.”

Go Dira Gore Dilo Tsa Botlhokwa di Tle Pele

Borre ba le bantsi ba ka nna ba lemoga gore ga ba iphe nako e ntsi le bana ba bone le gore ga ba ba kgatlhegele. Rre mongwe wa kwa Japane yo o nang le morwa wa dingwaga tsa bolesome o ne a re: “Ke solofela gore ngwanake o tla tlhaloganya maemo a ke leng mo go one. Ke nna ke akantse ka ene, tota le fa ke potapotilwe ke tiro e ntsi.” Le fa go ntse jalo, a go akanya fela gore ngwana o tla tlhaloganya lebaka la go bo rraagwe a mo itlhokomolosa go tla rarabolola bothata?

Ga go pelaelo gore—go tlhokega boiteko tota, ee go intsha setlhabelo—gore ngwana a newe dilo tse a di tlhokang. Ruri go neela bana se ba se tlhokang thata—e leng lorato, go ipha nako le bone le go ba kgatlhegela—ga go motlhofo. Jesu Keresete o ne a re: “Motho o tshwanetse go tshela, e seng ka senkgwe [kgotsa dijo] se le sosi.” (Math. 4:4) Gape ke boammaaruri gore bana ba ka se gole sentle fa ba newa dilo tsa senama fela. Borre, a lo iketleeditse go latlhegelwa ke dilo tse e ka tswang e le tsa botlhokwa go gaisa mo go lona—nako ya lona kgotsa gongwe le go tlhatlosiwa maemo kwa tirong—gore lo nne gone fa bana ba lona ba lo tlhoka?

Mainichi Daily News ya February 10, 1986, e ne ya bega ka rre mongwe yo o neng a lemoga kafa bana ba gagwe ba leng botlhokwa thata ka gone. E ne ya re: “Motsamaisimogolo wa Seteishene sa Terena sa Naga sa Japane [Japanese National Railways (JNR)] o tlhophile go rola tiro go na le gore a kgaogane le lelapa la gagwe.” Morago ga moo lekwalodikgang le ne la nopola motsamaisimogolo yono a re: “Mongwe le mongwe a ka nna mokaedimogolo. Le fa go ntse jalo, ga se mongwe le mongwe yo o ka nnang rraagwe bongwanake.”

Ee ruri, selo sa ntlha se se dirang gore motho e nne rre yo o molemo ke gore a lemoge gore bana ba tlhoka rre yo o ntseng jang. A re sekasekeng gore ke dilo dife tse di dirang gore motho e nne rre yo bana ba mo tlhokang.

[Lebokoso mo go tsebe 19]

“Papa, o Tla Boa Leng?”

Eno ke potso e mosetsana mongwe wa Mojapane yo o nang le dingwaga di le tlhano e bong Nao a neng a e botsa rraagwe fa a ne a ya tirong letsatsi lengwe. Le mororo rraagwe a ne a nna le bone mo gae, mosetsana yono o ne a mmona sewelo. Gantsi o ne a tla gae fa Nao a sena go robala a bo a ya tirong pele ga Nao a tsoga.