Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Fela ga Tlhaolele

Go Fela ga Tlhaolele

Go Fela ga Tlhaolele

A RE kgona go lemoga dilo dingwe mo go rona tse di bontshang gore re sekametse mo go bontsheng tlhaolele? Ka sekai, a re itirela ditshwetso dingwe ka botho jwa motho re lebile fela mmala wa letlalo la gagwe, naga ya gabone, setšhaba, kgotsa lotso—le mororo re sa itse motho yoo? Kgotsa a re kgona go leba motho mongwe le mongwe go ya ka dinonofo tsa gagwe tse di mo tlhaolang mo go ba bangwe?

Mo motlheng wa ga Jesu ba le bantsi ba batho ba ba neng ba nna kwa Judea le Galalea ‘ba ne ba sa dirisane le Basamarea.’ (Johane 4:9) Ga go na pelaelo gore polelo nngwe e e neng ya kwalwa mo Talmud e ne e tlhalosa sentle tsela e Bajuda ba le bantsi ba neng ba ikutlwa ka yone: “A matlho a me a se ka a ba a tsamaya a bona Mosamarea.”

Tota le baaposetoloi ba ga Jesu ba ka nna ba bo ba ne ba na le maikutlo mangwe a go se rate Basamarea. Nako nngwe ba ne ba sa amogelwa sentle mo motseng mongwe wa Basamarea. Jakobe le Johane ba ne ba botsa gore a ba ka bitsa molelo gore o nyeletse batho ba ba neng ba sa utlwe. Ka go ba kgalemela, Jesu o ne a ba bontsha gore boikutlo jo ba nang le jone ga bo a siama.—Luke 9:52-56.

Moragonyana Jesu o ne a anela setshwantsho sa monna mongwe yo o neng a tlhasetswe ke dinokwane fa a ne a le mo loetong go tswa Jerusalema go ya Jeriko. Banna bangwe ba babedi ba bodumedi ba Bajuda, ba ba neng ba feta ka tsela ba ne ba sa ikemisetsa go thusa monna yono. Le fa go ntse jalo, Mosamarea mongwe ene o ne a ema mme a mo hapa dintho. Go tswa foo o ne a rulaganyetsa gore monna yono a tlhokomelwe gore dikgobalo tsa gagwe di fole. Mosamarea yoo o ne a itshupa gore e ne e le moagelani wa mmatota. (Luke 10:29-37) Setshwantsho sa ga Jesu se ka nna sa bo se thusitse bareetsi ba gagwe go lemoga gore maikutlo a bone a tlhaolele a dirile gore ba se ka ba bona dinonofo tse dintle tsa batho ba bangwe. Dingwaga di le mmalwa moragonyana, Johane o ne a boela kwa Samarea mme a fitlha a rerela metse e le mentsi ya teng—gongwe go akaretsa le motse o a kileng a bo a batla go o senya.—Ditiro 8:14-17, 25.

Moaposetoloi Petere le ene o ne a tshwanelwa ke go dira ka go tlhoka tlhaolele fa moengele a ne a mo kaela gore a ye go bua le Korenelio, molaodi wa masole a Roma, ka Jesu. Petere o ne a sa tlwaela go dirisana le batho ba e seng Bajuda, mme Bajuda ba le bantsi ba ne ba sa rate masole a Baroma. (Ditiro 10:28) Mme e ne ya re fa Petere a bona kaelo ya Modimo mo ntlheng eno, o ne a re: “Ruri ke a lemoga gore Modimo ga a na tlhaolele, mme mo setšhabeng sengwe le sengwe motho yo o mmoifang a ba a dira tshiamo o a amogelesega mo go ene.”—Ditiro 10:34, 35.

Boitlhomo Jwa go Lwantsha Tlhaolele

Tlhaolele e thulana le molaomotheo wa konokono o Jesu a neng a o ruta: “Jalo, dilo tsotlhe tse lo batlang batho ba di lo direla, le lona lo tshwanetse go di ba direla ka tsela e e tshwanang.” (Mathaio 7:12) Ke mang yo o ka batlang go tseelwa kwa tlase fela ka ntlha ya lefelo le a tsholetsweng mo go lone, mmala wa letlalo la gagwe, kgotsa tsela e a godisitsweng ka yone? Gape, tlhaolele e thulana le melao ya Modimo ya go tlhoka tlhaolele. Baebele e ruta gore Jehofa “o dirile setšhaba sengwe le sengwe sa batho go tswa mo mothong a le mongwe, gore ba nne mo godimo ga lefatshe lotlhe.” (Ditiro 17:26) Ka gone batho botlhe ke bana ba motho.

Mo godimo ga moo, Modimo o atlhola motho mongwe le mongwe a le esi. Ga a nyatse motho ka ntlha ya se batsadi ba gagwe kgotsa bagologolwane ba gagwe ba se dirileng. (Esekiele 18:20; Baroma 2:6) Tota le go gatelelwa ke setšhaba sengwe ga go neye motho lebaka le le utlwalang la go tlhoa batho ba setšhaba seo, ba go ka diregang gore ga se bone ba re diretseng tshiamololo eo. Jesu o ne a ruta balatedi ba gagwe gore ba ‘rate baba ba bone ba bo ba rapelele ba ba ba bogisang.’—Mathaio 5:44, 45.

Ka ntlha ya dithuto tseno, Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba thusiwa go fenya maikutlo ano a tlhaolele mme ba nne mokgatlho wa boditšhabatšhaba wa bakaulengwe o o sa tshwaneng le ope. Ba ne ba bitsana bakaulengwe le bokgaitsadi e bile ba tsaana jalo, le mororo ba ne ba tswa mo ditsong tse dintsintsi tse di farologaneng. (Bakolosa 3:9-11; Jakobe 2:5; 4:11) Melaometheo e e ba thusitseng go fetoga jalo e ka nna le matswela a a tshwanang le gompieno.

Go Lwantsha Tlhaolele Gompieno

Mo e ka nnang mongwe le mongwe wa rona o na le dikgopolo tse di rileng tse di se nang motheo ka batho bangwe, mme dikgopolo tseno ga di a tshwanela go dira gore re nne le maikutlo a tlhaolele ka batho bao. “Go dira ditshwetso ka motho pele ga o nna le tshedimosetso e e feletseng go fetoga tlhaolele fa motho a sa kgone go fetola mogopolo wa gagwe morago ga go utlwa tshedimosetso e ntšha ka motho yoo,” go rialo buka ya The Nature of Prejudice. Gantsi batho ba ka kgona go fenya maikutlo ano a tlhaolele fa ba ka dira gore ba itsane. Le fa go ntse jalo, yone buka eno ya re “dikamano tse di dirang gore batho ba dire dilo mmogo ke tsone fela tse di ka nnang tsa thusa go fetola boikutlo jwa batho.”

Ke sone se se neng sa thusa John, monna mongwe wa kwa Nigeria wa lotso lwa Ba-Ibo, go fenya tlhaolele e a neng a na le yone ka batho ba Ba-Hausa. O bolela jaana: “Kwa yunibesithing ke ne ka kopana le baithuti bangwe ba Ba-Hausa ba ba neng ba nna ditsala tsa me, mme ke ne ka tlhokomela moo gore ke batho ba ba tshelang ka melaometheo e mentle. Go ne go na le porojeke nngwe e re neng re e kopanetse le moithuti mongwe wa Mo-Hausa, mme re ne re kgona go dirisana sentle thata nna le ene; mme yo ke neng ke dira le ene pele, yo ene e neng e le Mo-Ibo, o ne a sa dire se a tshwanetseng go se dira.”

Se se Ka go Thusang go Lwantsha Tlhaolele

Go ya ka pego ya UNESCO Against Racism, “thuto e ka nna selo se se molemo thata se se ka go thusang go lwantsha mefuta e mesha ya go tlhaola batho ka mmala, go ba kgetholola le go ba kgaphela kwa thoko.” Basupi ba ga Jehofa ba dumela gore thuto ya Baebele ke yone e e ka thusang tota mo ntlheng eno. (Isaia 48:17, 18) Fa batho ba dirisa se e se rutang, mo boemong jwa go belaela batho ba bangwe, ba tla ba tlotla, mme mo boemong jwa go tlhoa ba bangwe, ba tla ba rata.

Basupi ba ga Jehofa ba fitlhetse gore Baebele e ba thusa go fenya maikutlo a ba nang le one a tlhaolele. Ee ruri, Baebele e ba naya lebaka, le tshono ya go dira dilo le batho ba lotso lo sele le ba setšhaba se sele. Christina, yo o nopotsweng mo setlhogong sa ntlha sa metseletsele eno ya ditlhogo, ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. A re: “Dipokano tsa rona kwa Holong ya Bogosi di dira gore ke itshepe. Ke ikutlwa ke sireletsegile koo ka gonne ga ke bone ope a bontsha maikutlo a tlhaolele mo go nna.”

Jasmin, yo le ene e leng Mosupi, o gakologelwa a bontshiwa tlhaolele la ntlha fa a na le dingwaga di le robongwe. A re: “Ka metlha boLabone ke malatsi a a monate thata mo bekeng mo go nna ka gonne mo maitseboeng ao ke ya kwa Holong ya Bogosi. Fa ke le koo ke bontshiwa lorato. Batho ba ba koo dira gore ke ikutlwe ke le botlhokwa go na le gore ke ikutlwe ke le motho yo o nyatsegang.”

Ditiro tsa boithaopo tse di dirwang ke Basupi ba ga Jehofa le tsone di kopanya batho ba maemo a a farologaneng. Simon o tsholetswe kwa Boritane, le mororo ba lelapa la gabone ba tswa kwa go nngwe ya ditlhaketlhake tsa Caribbean. O ne a lebana le tlhaolele e ntsi fa a ne a sa ntse a dira tiro ya go aga, a berekela dikhampani tse di agang. Mme ga go a ka ga nna jalo mo dingwageng tsa fa a direla e le moithaopi a bereka le bakaulengwe ba gagwe mo tumelong. Simon o bolela jaana: “Ke berekile le Basupi ka nna ba ba tswang kwa dinageng di le dintsi tse di farologaneng, mme re ithutile go tshedisana sentle mmogo. Bangwe ba batho ba ba neng ba nna ditsala tsa me tse dikgolo e ne e le batho ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe le ba maemo a a farologaneng.”

Gone ke boammaaruri gore Basupi ba ga Jehofa ga ba a itekanela. Ka gone go ka direga gore ba tshwanelwa ke go nna ba lwantshana le moya ono wa go bontsha ba bangwe tlhaolele. Mme go itse gore Modimo ga a na tlhaolele go ba naya lebaka le le maatla thata la go lwantsha moya ono.—Baefeso 5:1, 2.

Maduo a go lwantsha tlhaolele a mantsi thata. Fa re ntse re kopakopana le batho ba maemo a a farologaneng, seno se dira gore re nne batho ba ba itumetseng. Mo godimo ga moo, go ise go ye kae Modimo o tla dirisa Bogosi jwa gagwe go dira lefatshe le tshiamo e tla agang mo go lone. (2 Petere 3:13) Ka nako eo tlhaolele e tla bo e fentswe ka bosakhutleng.

[Lebokoso mo go tsebe 11]

A ke Na le Maikutlo a Tlhaolele?

Ipotse dipotso tse di latelang go bona gore a go ka direga gore gongwe o ka tswa o na le maikutlo mangwe a tlhaolele o sa lemoge:

1. A ke ipoleletse fela gore batho ba lotso longwe, ba karolo nngwe ya lefatshe, kgotsa ba setšhaba sengwe ba na le dinonofo dingwe tse di seng dintle, tse di tshwanang le gore ke dieleele, ba ditshwakga, kgotsa ke bongame? (Metlae e le mentsi e na le go buiwa go tsenya dikgopolo tse di ntseng jalo tsa tlhaolele mo bathong.)

2. A ke na le go pega batswakwa kgotsa ba setšhaba se sele molato fa ke nna le mathata a madi kgotsa mo setšhabeng?

3. A ke letlile maikutlo a bobaba a mo ke nnang teng ka batho ba setšhaba se sele gore a dire gore ke nne le maikutlo a bobaba mo bathong ba setšhaba seo?

4. A ke kgona go leba motho mongwe le mongwe yo ke kopanang le ene e le motho yo o ikemetseng—ke sa lebe mmala wa letlalo la gagwe, setso sa gagwe, kgotsa mo a tswang teng?

5. A ke dirisa sebaka se ke nnang le sone sa go ithuta batho ba setso se sengwe se se farologaneng le sa me? A ke leka go dira jalo?

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Mo setshwantshong sa gagwe sa Mosamarea yo o molemo, Jesu o ne a re ruta tsela ya go fenya tlhaolele

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Kwa legaeng la ga Korenelio, Petere o ne a re: “Ruri ke a lemoga gore Modimo ga a na tlhaolele”

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Thuto ya Baebele e kopanya batho ba maemo a a farologaneng

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Basupi ba ga Jehofa ba dira se ba se ithutileng

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Christina—‘Dipokano kwa Holong ya Bogosi di dira gore ke itshepe’

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Jasmin—“Fa ke le koo ke bontshiwa lorato. Batho ba ba koo ba dira gore ke ikutlwe ke le botlhokwa, go na le gore ke ikutlwe ke le motho yo o nyatsegang”

[Ditshwantsho mo go tsebe 10]

Simon, modiri wa moithaopi yo o agang—“Re ithutile go tshedisana mmogo sentle”