Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kafa o ka Nnang Rre yo o Molemo ka Gone

Kafa o ka Nnang Rre yo o Molemo ka Gone

Kafa o ka Nnang Rre yo o Molemo ka Gone

SETLHOGO sengwe mo makasineng wa Economist se se buang ka go senyega ga botshelo jwa lelapa se ne sa simolola ka mafoko ano a a gapang tlhokomelo: “Go motlhofo go dira bana, mme go nna rre yo o molemo gone ga go motlhofo.”

Le fa gone dilo di le dintsi mo botshelong di le thata go di dira, nngwe ya tse di thata go gaisa—le ya botlhokwa go gaisa—ke go nna rre yo o molemo. Rre mongwe le mongwe a ka rata go nna molemo, e re ka kgang eno e ama botsogo le boitumelo jwa lelapa la gagwe.

Ke Eng Fa go Se Motlhofo

Ka bokhutshwane fela, lebaka le legolo la go bo go se motlhofo go nna rre yo o molemo ke bosaitekanelang jo re tsholwang re na le jone—jwa batsadi le jwa bana ba bone. Baebele ya re: “Tshekamelo ya pelo ya motho e bosula go tloga bosheng jwa gagwe go ya pele.” (Genesise 8:21) Ke ka moo mokwadi mongwe wa Baebele a ileng a re: “Mmè o ne a inthwalela mo boleong.” (Pesalema 51:5; Baroma 5:12) Tshekamelo ya go dira bosula ka ntlha ya boleo jo re tsholwang re na le jone ke nngwe ya dikgoreletsi tse di dirang gore go nne boima go nna rre yo o molemo.

Lefatshe leno, kgotsa tsamaiso eno ya dilo, le yone ke sekgoreletsi se segolo. Ka ntlha yang? Ka gonne jaaka fa Baebele e tlhalosa, “lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo,” yo o senolwang e le ‘yo o bidiwang Diabolo le Satane.’ Gape Baebele e bitsa Satane e re ke “modimo wa tsamaiso eno ya dilo.” Ga go gakgamatse go bo Jesu a ile a bolela gore balatedi ba gagwe “ga ba karolo ya lefatshe” fela jaaka ene!—1 Johane 5:19; Tshenolo 12:9; 2 Bakorintha 4:4; Johane 17:16.

Gore motho e nne rre yo o molemo go botlhokwa gore a nne a etse tlhoko bosaitekanelang jwa rona, Satane Diabolo le lefatshe le a le laolang. Dikgoreletsi tseno ga se dilo tse di ikakanyediwang fela. Ke dilo tsa mmatota! Mme gone monna a ka bona kae tshedimosetso ya kafa a ka fenyang dikgoreletsi tseno ka teng le kafa a ka nnang rre yo o molemo ka gone?

Sekao sa Modimo

Rre a ka leba mo Baebeleng gore a kgone go fenya dikgoreletsi tse di umakilweng fa godimo. E na le dikai tse di molemomolemo mo go yone. Jesu o ne a bontsha sekai se se molemo go gaisa tsotlhe fa a ne a ruta balatedi ba gagwe go rapela jaana: “Rraarona yo o kwa magodimong.” Baebele e tlhalosa Rraarona yo o kwa legodimong e re: “Modimo o lorato.” Rre wa motho o tshwanetse a tsibogela jang sekai seno sa lorato? Moaposetoloi Paulo o ne a kgothatsa jaana: “Nnang baetsi ba Modimo, . . . lo bo lo tswelele lo tsamaya mo loratong.”—Mathaio 6:9, 10; 1 Johane 4:8; Baefeso 5:1, 2.

Fa e le gore o rre, akanya ka se o ka se ithutang go tswa mo tiragalong e le nngwe fela ya fa Modimo a ne a dirisana le Morwawe, e bong Jesu. Mathaio 3:17 e re bolelela gore fa Jesu a ne a kolobediwa mo metsing, lentswe la Modimo le ne la utlwala go tswa kwa legodimong, le re: “Yono ke Morwaake, moratwa, yo ke mo amogetseng.” Re ka ithuta eng go tswa mo go seno?

Sa ntlha, akanya kafa go amang ngwana maikutlo ka gone fa rraagwe a le motlotlo go bolelela mongwe a re, ‘Yono ke morwaake’ kgotsa ‘Yono ke morwadiake.’ Bana ba dira dilo sentle fa batsadi ba ba naya tlhokomelo, segolobogolo fa ba ba akgolela sengwe se ba kgonneng go se dira. Gantsi ngwana o tla tlhotlheletsega go iteka ka natla gore a tshwanelwe ke kakgolo e a e newang.

Sa bobedi, Modimo o ne a bontsha kafa a ikutlwang ka gone ka Jesu, a mmitsa “moratwa.” Mafoko ano a a supang lorato lwa ga Rraagwe a tshwanetse a bo a ile a itumedisa Jesu fela thata. Le wena bana ba gago ba tla itumela fa o ba bolelela gore o a ba rata—o ipha nako le bone—o ba naya tlhokomelo le go amega ka bone.

Sa boraro, Modimo o ne a bolelela Morwawe jaana: “Ke go amogetse.” (Mareko 1:11) Seo le sone ke selo sa botlhokwa thata se rre a ka se dirang, e leng go bolelela bana ba gagwe gore o a ba itumelela. Ke boammaaruri gore gantsi ngwana a ka nna a dira diphoso. Rotlhe re dira diphoso. Mme jaaka rre, a o batla ditshono tsa go bontsha gore o amogela bana ba gago ka ntlha ya dilo tse di molemo tse ba di dirang kgotsa tse ba di buang?

Jesu o ne a ithuta ka botlalo go tswa mo go Rraagwe wa kwa legodimong. Fa a ne a le mo lefatsheng, o ne a bontsha ka tsela e a buang ka yone le ka go tlhoma sekao kafa Rraagwe a ikutlwang ka teng ka bana ba gagwe ba ba mo lefatsheng. (Johane 14:9) Tota le fa Jesu a ne a tshwaregile thata e bile a ngomogile pelo, o ne a ipha nako ya go nna fa fatshe le bana le go tlotla le bone. O ne a bolelela barutwa ba gagwe jaana: “Lesang bana ba babotlana ba tle kwa go nna; lo se ka lwa leka go ba thiba.” (Mareko 10:14) Lona borrabana a lo ka latela sekao sa ga Jehofa Modimo le Morwawe ka botlalo?

Go Tlhoma Sekao se se Molemo go Botlhokwa Thata

Go botlhokwa fela thata gore o tlhomele bana ba gago sekao se se molemo. Gongwe maiteko a gago a go ‘tswelela o ba godisetsa mo kotlhaong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa’ ga a kitla a nna le matswela ape fa e le gore wena ka bowena ga o ikobele kotlhao ya Modimo e bile o sa dire gore botshelo jwa gago bo laolwe ke yone. (Baefeso 6:4) Le fa go ntse jalo, ka thuso ya Modimo, o ka kgona go fenya sekgoreletsi sepe fela se se go thibelang go diragatsa taelo ya gagwe ya go tlhokomela bana ba gago.

Akanya ka sekai sa ga Viktor Gutschmidt, Mosupi wa ga Jehofa wa kwa go se pele e neng e le Soviet Union. Ka October 1957, o ne a atlholelwa dingwaga di le lesome mo kgolegelong ka ntlha ya go bua ka tumelo ya gagwe. O ne a kgaoganngwa le barwadie ba ba botlana ba le babedi le mosadi wa gagwe, Polina. Fa a le mo kgolegelong, o ne a letleletswe go kwalela lelapa la gagwe makwalo mme a thibetswe gore a se ka a bua sepe ka Modimo kgotsa kgang epe fela e e amanang le bodumedi. Le fa gone a ne a lebane le bothata jono, Viktor o ne a ikemiseditse go nna rre yo o molemo, mme o ne a itse gore go ruta bana ba gagwe ka Modimo go ne go le botlhokwa thata. Ka gone, ke eng se a neng a se dira?

Viktor a re: “Ke ne ka bona tshedimosetso mo dimakasineng tsa Soviet tsa Young Naturalist le Nature. Ke ne ka tshwantsha diphologolo le batho mo diposokarateng ke bo ke kwala kgang nngwe kgotsa maitemogelo mangwe malebana le tlhago.”

Polina a re: “Ka bonako fela fa re sena go amogela diposokarata tseno, re ne re di golaganya le dikgang tsa Baebele. Ka sekai, fa di ne di bua ka bontle jwa tlhago, dikgwa kgotsa dinoka, ke ne ke bala Isaiah kgaolo 65,” e e buang ka ditsholofetso tsa Modimo tsa go dira lefatshe paradaise.

Morwadia Viktor e bong Yulia a re: “Morago ga moo, Mama o ne a rapela le rona mme re ne re tle re lele. Dikarata tseno di nnile le seabe sa botlhokwa mo tseleng e re neng ra gola ka yone.” Polina o bolela gore ka ntlha ya tsone, “basetsana ba ne ba rata Modimo thata go tswa bongwaneng.” Lelapa la bone le ntse jang gone jaanong?

Viktor o tlhalosa gore, “Gone jaanong bomorwadiake ba nyetswe ke bagolwane ba Bakeresete, mme ka bobedi ba na le malapa a a nonofileng semoyeng le bana ba ba direlang Jehofa ka boikanyegi.”

Go tlhoma sekao se se molemo gantsi ga go tlhoke fela go dira dilo ka botswerere, go tlhoka gape le maiteko a magolo. Gantsi dipelo tsa bana di tla amiwa ke go bona gore rraabone o leka ka natla go ba tlhomela sekao se se molemo. Morwa yo o feditseng nako e ntsi a le mo bodireding jwa nako e e tletseng o ne a bontsha kanaanelo ka go bolela jaana ka rraagwe: “Ka dinako tse dingwe Papa o ne a tla a lapile thata fa a tswa tirong mo a neng a palelwa le ke go nna a thantse, mme gone re ne re tshwara thuto ya lelapa ya Baebele le fa a ne a lapile jalo, mme seno se re thusitse go lemoga bomasisi jwa thuto eno.”

Go bonala sentle gore go tlhoma sekao se se molemo—ka tsela e o buang ka yone le ka ditiro—go botlhokwa thata gore motho e nne rre yo o molemo. O tshwanetse wa dira jalo fa e le gore o batla go bona boammaaruri jwa seane sa Baebele se se reng: “Thapisa mosimane ka tsela e e mo tshwanetseng; le fa a tsofala ga a na go e fapoga.”—Diane 22:6.

Ka gone, gakologelwa gore se o se buang ga se sone fela se se leng botlhokwa; se o se dirang ke sone se se botlhokwa go gaisa—sekao se o se tlhomang. Moitse mongwe wa go rutiwa ga bana ba bannye wa kwa Canada o ne a kwala jaana: “Tsela e e molemo go gaisa ya go dira gore bana ba rona ba itshware sentle [jaaka fa re batla] ke gore le rona re itshware sentle.” Ee ruri, fa o batla gore bana ba gago ba tseye dilo tsa semoya di le botlhokwa, go tlhokega gore le wena o di tseye di le botlhokwa.

Iphe Nako le Bone!

Bana ba gago ba tshwanetse ba bona sekao se se molemo se o se tlhomang. Seno se bolela gore o tshwanetse wa ipha nako le bone—nako e ntsi, e seng fela nako e nnye ka sewelo. Ka botlhale latela kgakololo ya Baebele ya gore o ‘ithekele nako,’ ke gore, tlogela dilo tse di seng botlhokwa go le kalo gore o nne le bone. (Baefeso 5:15, 16) Tota ke eng se se botlhokwa go gaisa bana ba gago? A ke thelebishene e kgolo, didirisiwa tsa maemo a a kwa godimo tsa go tshameka golf, ntlo e ntle kgotsa tiro ya gago?

Go na le polelwana e e tlwaelegileng e e reng, ‘Duela gone jaanong, kgotsa o tla duela moragonyana.’ Borre ba bana ba bone ba ileng ba dira boitsholo jo bo sa siamang kgotsa ba tshela botshelo jwa go se amege ka dilo tsa semoya gantsi ba ile ba ikwatlhaya thata. Ba bolela ka bohutsana gore ba ile ba palelwa ke go ipha nako le bana ba bone segolobogolo ka nako ya fa bana ba ne ba ba tlhoka fela thata.

Gakologelwa gore nako ya fa bana ba gago ba sa le bannye ke yone e o tshwanetseng go akanya ka matswela a dilo tse o di tlhophang. Baebele e bitsa bana ba gago “boswa jo bo tswang kwa go Jehofa,” sengwe se Jehofa a go se neileng gore o se tlhokomele. (Pesalema 127:3) Ka gone le ka motlha o se ka wa lebala gore o tla ikarabelela mo Modimong ka ntlha ya bone!

Thuso e Gone

Rre yo o molemo o tlhoafaletse go amogela thuso e e tla solegelang bana ba gagwe molemo. Fa moengele a sena go bolelela Manoa gore mosadi wa gagwe o ne a tlile go tshola ngwana, Manoa o ne a rapela Modimo jaana: “Tsweetswee mma a tle gape kwa go rona mme a re rute se re tshwanetseng go se dira ngwana yo o tla tsholwang.” (Baatlhodi 13:8, 9) Fela jaaka batsadi gompieno, ke thuso efe e Manoa a neng a e tlhoka? Mma re bone.

Brent Burgoyne, yo e leng morutabana kwa Yunibesithing ya Cape Town, mo Afrika Borwa, a re: “Nngwe ya dimpho tse dikgolo go gaisa e motho a ka e abelang ngwana ke go mo ruta melao ya boitshwaro.” Go bontsha gore bana ba tlhoka go rutiwa melao e e ntseng jalo ya boitshwaro go ka bonwa mo pegong ya lekwalodikgang la Japane la Daily Yomiuri, le le neng la re: “Patlisiso nngwe e bontsha gore diperesente di le 71 tsa bana ba Bajapane ga ba ise ba bolelelwe ke borraabone gore ba se ka ba bua maaka.” A seno ga se utlwise botlhoko?

Ke mang yo o ka ba rutang melao e e tshwanetseng ya boitshwaro? Ke motho yo Manoa le ene a neng a bona thuso mo go ene—Modimo ka boene! Go neela thuso eno, Modimo o ile a romela Morwawe yo o rategang, Jesu, e le Morutisi—lereo le gantsi a neng a bidiwa ka lone. Gone jaanong buka ya Ithute mo Morutising yo Mogolo, e e nang le dithuto tse di theilweng mo go se Jesu a neng a se ruta, e teng ka dipuo di le dintsi tse o ka di dirisang fa o ruta bana ba gago.

Buka ya Ithute mo Morutising yo Mogolo ga e tlhalose fela melao ya boitshwaro e e mo Lefokong la Modimo mme gape e na le ditshwantsho di feta 160 tse di tsamaelanang le se se kwadilweng tse di nang le dipotso tse di tlhamaletseng. Ka sekai, kgaolo 22, ya setlhogo se se reng “Lebaka La go Bo re Sa Tshwanela go Bua Maaka,” e na le setshwantsho se se bontshitsweng mo tsebeng ya 32 ya makasine ono. Mafoko a a kwadilweng mo tsebeng e setshwantsho seno se tlhagelelang mo go yone a re: “Gongwe mosimane o raya rraagwe a re: ‘Nnyaa, ga ke a ragela bolo mo ntlong.’ Mme go tweng fa e le gore tota o dirile jalo? A go tla bo go le phoso gore a re ga a dira jalo?”

Go na le dithuto tse dingwe tse di kgothatsang tse di rutiwang mo dikgaolong tse di reng “Go Utlwa Go a Go Sireletsa,” “Re tshwanetse go Gana fa Batho ba re Raela,” “Thuto ka go Nna Molemo,” “Le ka Motlha O se Ka wa Nna Legodu!,” “A Diphathi Tsotlhe di Itumedisa Modimo?,” “Kafa re ka Itumedisang Modimo ka Gone,” le “Lebaka La go Bo re Tshwanetse go Bereka,” fa re umaka di le mmalwa fela tsa di le 48 tse di mo bukeng eno.

Ketapele ya buka eno e feleletsa ka mafoko a a reng: “Selo sa botlhokwa ke gore bana ba rutiwe ka Motswedi wa botlhale jotlhe, e leng Rraarona yo o kwa legodimong, Jehofa Modimo. Ke sone se Jesu, Morutisi yo Mogolo a ileng a se dira ka metlha. Re solofela gore buka eno e tla thusa wena le lelapa la gago go tshela ka tsela e e itumedisang Jehofa, gore lo bone masego a a nnelang ruri.”  *

Go bonala sentle gore go nna rre yo o molemo go akaretsa go tlhomela bana ba gago sekao se se molemo, go ipha nako e ntsi le bone le go ba thusa go tshela ka melao ya Modimo e a e senotseng mo Baebeleng.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 35 Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela, Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo, le Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng ke dibuka tse dingwe gape tse Basupi ba ga Jehofa ba di gatisang go thusa malapa.

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Le fa gone Viktor Gutschmidt a ne a le mo kgolegelong, o ne a kgona go nna rre yo o molemo

[Ditshwantsho mo go tsebe 24, 25]

Fa Viktor a ne a tshwerwe ka ntlha ya tumelo ya gagwe, o ne a dira ditshwantsho tseno go ruta bana ba gagwe

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Barwadie Viktor ka 1965

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Borre ba tshwanetse go nna le seabe ka botlalo mo go ruteng bana ba bone