Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nka Tila Jang go Tlhakanela Dikobo Pele ga Lenyalo?

Nka Tila Jang go Tlhakanela Dikobo Pele ga Lenyalo?

Basha ba Botsa Jaana . . .

Nka Tila Jang go Tlhakanela Dikobo Pele ga Lenyalo?

“Fa ke ne ke le dingwaga di le 19, ke ne ka tlhakanela dikobo le mosimane mongwe kwa sekolong. Go ne ga ntlhabisa ditlhong tota. Morago ga foo ke ne ka ikutlwa ke se na seriti.”—Laci. *

BAEBELE e laela jaana: “Tshabang kgokafalo.” (1 Bakorintha 6:18) Le fa go ntse jalo, go bonala e le basha ba se kae fela ba ba ikemiseditseng go utlwa mafoko a Baebele le go tila go tlhakanela dikobo go fitlha ba nyala. Ba bangwe, ba ba jaaka Laci, ba ile ba ineelela dikeletso tsa bone mme seno sa ba utlwisa botlhoko le go ba tlogela ba tshwenngwa ke segakolodi.

Gone ke boammaaruri gore ga go motlhofo go laola dikeletso tsa tlhakanelodikobo. Jaaka fa buka ya Adolescent Development e bolela, go fetoga ga dihoromone tsa bosha go dira gore “keletso ya tlhakanelodikobo e oketsege.” Paul o dumela jaana: “Ka dinako tse dingwe, ke iphitlhela fela ke setse ke akanya ka tlhakanelodikobo.”

Le fa go ntse jalo, porofesa wa malwetse a bana e bong Howard Kulin a re: “ke go sokamisa dilo thata go bolela gore boitshwaro jwa [bosha] bo bakwa fela ke dihoromone.” O tlhalosa gore go na le mabaka a mangwe a loago a a nang le seabe mo go seno. Ee, mabaka a loago—segolobogolo tlhotlheletso ya balekane—a ka nna le tlhotlheletso e kgolo mo basheng.

Mo bukeng ya gagwe ya A Tribe Apart, mokwadi Patricia Hersch o bolela gore “basha ba itiretse setšhabanyana sa bone. . . . Ga se setlhotshwana fela sa balekane, go na le moo ke setšhaba se se itlhaotseng [mo bathong ba ba bogolo] se se itlhometseng melao le melawana ya sone ya boitsholo.” Le fa go ntse jalo, gantsi “melawana ya boitsholo” le “melao” ya basha ba le bantsi gompieno e rotloetsa go ineelela dikeletso tsa tlhakanelodikobo e seng go di laola. Ka jalo, ba le bantsi ba ka ikutlwa ba gatelelwa gore ba leke go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo.

Le fa go ntse jalo, basha ba Bakeresete ka botlhale ba ikemiseditse go tila mefuta yotlhe ya kgokafalo, ka gonne ba itse gore Modimo o kgatlhanong le yone e re ka e le nngwe ya “ditiro tsa nama.” * (Bagalatia 5:19) Mme gone, o ka ipoloka jang o le phepa le fa o lebane le kgatelelo e kgolo?

Batla Ditsala Tse di Botlhale

Selo se se kgatlhang ke gore, le fa dikgatelelo tsa loago di ka nna tsa go tlhotlheletsa ka tsela e e sa siamang, ditsala tse di siameng di ka go tlhotlheletsa ka tsela e e siameng. Go ntse jaaka fa Baebele e re: “Yo o tsamayang le ba ba botlhale o tla nna botlhale.” (Diane 13:20; 1 Bakorintha 15:33) Pego nngwe ya World Health Organization (WHO) e ne ya bolela gore “basha ba ba nang le kamano e e siameng le batsadi ba bone, le batho ba bangwe ba ba amegang ka bone, le balekane ba bone” le “basha ba ba thusiwang gore ba tlhomame mo botshelong le ba ba beelwang dithibelo dingwe mo botshelong jwa bone . . . ga se gantsi ba tsayang kgato pele mo go tlhakaneleng dikobo.”

Go nna le kamano e e siameng le batsadi ba gago go ka go solegela molemo thata. Joseph o gakologelwa jaana: “Ruri batsadi ba me ba ile ba nthusa go lwantsha kgatelelo ya go lekeletsa tlhakanelodikobo.” Ee, batsadi ba ba boifang Modimo ba ka kgona go go thusa gore o tlhomame le go go beela dithibelo tse di theilweng mo Lefokong la Modimo. (Baefeso 6:2, 3) Ba ka go ema nokeng fa o ntse o dira maiteko a go nna o le phepa.

Ke boammaaruri gore, go bua le bone ka dikgang tsa tlhakanelodikobo go ka nna boima mo tshimologong. Mme o ka gakgamala go bona kafa ba tlhaloganyang maikutlo a o nnang le one sentle ka teng. Tota e bile, le bone ba kile ba bo ba le basha. Ke ka moo Sonja a gakololang basha ba bangwe jaana: “Bua le batsadi ba gago, mme o se ka wa tlhabiwa ke ditlhong go bua ka tlhakanelodikobo.”

Mme go tweng fa e le gore batsadi ba gago ga ba tshele ka melaometheo ya Baebele? Le fa o ba tlotla, o ka nna wa tshwanelwa ke gore o batle kaelo gongwe go sele go na le mo lelapeng. Paul, yo o nopotsweng pelenyana, a re, “Ke thusiwa thata ke banyalani ba Bakeresete ba ba godileng semoyeng.” Kenji, mosetsana mongwe yo mmaagwe a sa dumeleng, le ene a re, “Fa ke batla kgakololo, ke ya fela kwa bathong ba ba godileng semoyeng ba ba nkagang semoyeng.” Mme o tlhagisa jaana: “Ga ke ye kwa bathong ba ba sa lateleng melao ya boitsholo, tota le fa ba dumela dilo tse ke di dumelang.”

Ka dinako tse dingwe o ka nna wa tshwanelwa ke go ela tlhoko batho ba o itsalanyang le bone mo phuthegong ya Bokeresete. Baebele e re gakolola gore gantsi le fa e le mo setlhopheng sefe se segolo, go tla nna le bangwe ba ba sa itshwareng sentle. (2 Timotheo 2:20) Ke eng se o tshwanetseng go se dira fa o lemoga gore basha bangwe mo phuthegong ya lona ba ‘fitlha se ba leng sone’? (Pesalema 26:4) O se ka wa itsalanya le batho ba ba ntseng jalo, go na le moo batla ditsala tse di tla go emang nokeng mo boikaelelong jwa gago jwa go batla go nna o le phepa mo boitshwarong.

Gana Dipolelo Tsa Maaka Tse di Kotsi

O tshwanetse gape wa tsaya dikgato tsa go itshireletsa mo ditshwantshong le mo dikgopolong tse dintsintsi tsa tlhakanelodikobo tse di anamisiwang mo dibukeng, dimakasineng, dibidiong tsa mmino, mo metshamekong ya bidio, mo dibaesekopong le mo Internet. Metswedi ya tshedimosetso e bontsha gore go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo ke selo se se kgatlhang, se se monate le se se se nang dikotsi dipe. Ditlamorago tsa gone ke eng? Kenji, yo o umakilweng pelenyana, o dumela jaana: “Ke ne ke lebelela thulaganyo ya thelebishene e mo go yone go tlhakanela dikobo go neng go tsewa e se sepe mme e bile go tlhotlhelediwa bosodoma. Ka ntlha ya seo, ke ne ka simolola go lebala tsela e e masisi e Jehofa a lebang dilo tseno ka yone.”

Boammaaruri ke gore, boitlosobodutu jo bo ratiwang gantsi bo fitlha matswela a a sa itumediseng a go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo—go ima go go sa batlegeng, go tsena mo lenyalong pele ga nako, le malwetse a tlhakanelodikobo. Ka jalo, o se ka wa tsiediwa ke “ba ba reng molemo ke bosula le bosula ke molemo.”—Isaia 5:20.

Gakologelwa mafoko ano a a mo go Diane 14:15: “Ope fela yo o se nang maitemogelo o dumela lefoko lengwe le lengwe, mme yo o botlhale o akanyetsa dikgato tsa gagwe.” Fa o kopana le dilo tse di tlhotlheletsang kgotsa tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo fa o ntse o bala, o fenyenkolola Internet, kgotsa o lebeletse thelebishene, tsaya kgato ka bonako! Tswala buka eo, tima khomputara kgotsa o fetole seteishene sa thelebishene! Go tswa foo tlhoma mogopolo mo go sengwe se sele—sengwe se se phepa. (Bafilipi 4:8) Ka go dira jalo, o ka thibela dikeletso tse di sa siamang pele ga di simolola go gola.—Jakobe 1:14, 15.

Itlhokomele mo Maemong a a Kotsi

A go na le mongwe yo o e intshang le ene? Fa e le gore go ntse jalo, o tshwanetse go ikela tlhoko thata. Baebele e tlhagisa jaana: “Pelo e boferefere go gaisa sengwe le sengwe mme e gagamalela se e se batlang.” (Jeremia 17:9) Go motlhofo go dira gore go bontshana lorato go felele ka boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. Tsaya dikgato tse di tshwanetseng, tse di jaaka go nna le mongwe yo o lo beileng leitlho yo o tshwanelang kgotsa go intsha ka ditlhopha tse di itshwereng sentle. Nna kelotlhoko gore lo se ka lwa nna lo le losi mo maemong a a ka lo tsenyang mo kotsing.

Le fa go ntse jalo, gongwe lo setse lo beeletsane gore lo nyalane mme o akanya gore go bontshana lorato ka go kgomana ga go molato. Tota le mo maemong a a ntseng jalo, pego nngwe ya WHO e tlhagisa jaana: “Fa lenyalo le le gaufi, go bonala bontsi jwa basadi ba tlhakanela dikobo pele ga lenyalo, tota le mo mafelong a kwa go one dingwao di tseelwang kwa godimo thata.” * Ka jalo, tlhomang dithibelo malebana le go bontshana lorato, mme ka go dira jalo o tla itshireletsa mo matlhotlhapelong a a sa tlhokegeng.

Le fa go ka lebega go tshosa, basha ba le bantsi—segolobogolo basetsana ba basha—ba patelediwa go tlhakanela dikobo. Go ya ka patlisiso nngwe, “diperesente di le 60 tsa basetsana ba kwa United States ba ba mo dingwageng tsa bolesome ba ba ileng ba tlhakanela dikobo pele ga ba tshwara dingwaga di le 15 ba ile ba dira jalo ba sa batle.” Gantsi batho ba ba ba pateletsang jalo ba dira jalo ka go dirisa dikgoka kana go ba fekeetsa. (Moreri 4:1) Ka sekai, Baebele e bolela gore morwawe Kgosi Dafide e bong Amenone o ne a “rata” kgaitsadie ka rraagwe e bong Tamare mme ka boferefere o ne a mo pateletsa go tlhakanela dikobo nae.—2 Samuele 13:1, 10-16.

Seno ga se reye gore motho a ka se kgone go tila go betelelwa kgotsa go patelediwa go tlhakanela dikobo. Ka go nna podimatseba, o tila maemo a a tla go tsenyang mo kotsing, le ka go tsaya kgato ka bonako fa go na le matshosetsi, o ka dira go le gontsi go itshireletsa. *

“Kitlanya” Pelo ya Gago

Re solofela gore dikakantsho tse re di sekasekileng fano di tla go thusa mo ntweng ya gago ya go nna o le phepa. Mme boammaaruri ke gore, boitsholo jwa gago bo tla ikaega ka se se mo pelong ya gago. Jesu o ne a re “mo pelong go tswa . . . dikgokafalo.” (Mathaio 15:19) Ka jalo o tshwanetse go lwantsha boikutlo jwa go nna “le pelo e e sa felelang” (go itsemeletsa) kgotsa go “nna pelopedi” (go itimokanya) mo kgannyeng eno e e botlhokwa thata.—Pesalema 12:2; 119:113, NW.

Fa o utlwa e kete o palelwa ke go itshwara kgotsa o utlwa pelo ya gago e go raela, rapela jaaka Dafide fa a ne a ikuela jaana: “Kitlanya pelo ya me gore e boife leina la gago.” (Pesalema 86:11) Fa o sena go dira jalo, dira se se tsamaisanang le thapelo ya gago ka go ithuta Baebele le dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng le go dirisa dilo tse o di ithutang. (Jakobe 1:22) Lydia a re, “Fa ke gakologelwa ka metlha gore ‘ga go na mogokafadi ope kgotsa motho yo o seng phepa yo o tla ruang bogosi jwa Modimo,’ go nthusa gore ke lwantshe dithaelo tsa go tlhakanela dikobo.”—Baefeso 5:5.

Go ka nna ga se ka ga nna motlhofo go tila go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo. Mme ka thuso ya ga Jehofa, o ka kgona go ipoloka o le phepa le go dira gore wena le ba bangwe lo se ka lwa utlwa botlhoko le go boga.—Diane 5:8-12.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 3 Maina a fetotswe.

^ ser. 21 Bona kgaolo 29 ya buka ya Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 23 Go ile ga neelwa dikakantsho malebana le seno mo ditlhogong tsa “Basha ba Botsa Jaana . . . ” tsa “Go Sukasukiwa ka Tsa Tlhakanelodikobo—Nka Itshireletsa Jang?” le “Nka Dira Jang Gore Mosimane yo ke Ratanang le Ene a Tlogele go Ntshotla?” mo dimakasineng tsa rona tsa September 8, 1995 le July 8, 2004.

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Go tlotla ka maikutlo a gago le batsadi ba gago go ka go thusa gore o nne o le phepa

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

Go intsha ka ditlhopha tse di itshwereng sentle e ka nna tshireletso