Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“O Tla Fetsa Leng go di Bala Tsotlhe?”

“O Tla Fetsa Leng go di Bala Tsotlhe?”

“O Tla Fetsa Leng go di Bala Tsotlhe?”

Ka July 2001 monna mongwe kwa Khabarovsk kwa Russia Botlhaba o ne a fitlhela mokoa wa dimakasine di le 34 tsa Tsogang! kwa laeboraring ya motse. O ne a di adima kwa laeboraring mme fa letlha la gore a di buse le fitlha ka August, o ne a sa batle go di busa. Ka jalo, o ne a tsosolosa letlha la kadimo go fitlha ka September. O ne a rata dimakasine tseno thata jaana mo a neng a di adima gape ka November, mmogo le dimakasine tse dingwe tse disha tse thataro.

Pele ga monna yono a bona dimakasine tseno, o ne a tlhola a itlhokomolosa dikgatiso tsa bodumedi. Ke eng se se dirileng gore a simolole go bala Tsogang!? O kwala jaana: “Ke ka gonne bontsi jwa tshedimosetso e e mo dimakasineng tseno e bua ka mathata a batho a a gakgamatsang a a amang mongwe le mongwe.”

Monna yono o tswelela pele jaana: “Gantsi, di bua ka ‘maeto’ a go tlhalosiwang sentle ka one a go ya kwa metseng le kwa dinageng tsa segompieno e bile di na le tshedimosetso e e malebana le dingwao tsa batho.” Gapa o ne a kgatlhwa ke ditlhogo tse di neng di bua ka batho ba ba ileng ba atlega mo botshelong, ba ba ileng ba boloka ditekanyetso tsa bone tsa semoya mme tsa thusa ba bangwe go itshokela bomadimabe le masetlapelo. O ikutlwa jang ka dimakasine tseno? “Tota go ka twe makasine wa Tsogang! ke dimakasine tsa Time, Popular Science, le National Geographic tsotlhe di kopane mo makasineng o le mongwe!”

Monna yono o ne a kopa dimakasine tsa dingwaga tse di fetileng tsa Tsogang! go fitlha ka ngwaga wa 1995 ka Se-Russia. Mo godimo ga Tsogang! o ne a kopa dibuka le diboroutšhara tse di farologaneng tse di gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa. O ne a re: “O ka nna wa ipotsa gore, ‘O tla fetsa leng go di bala tsotlhe?’” O ne a araba potso ya gagwe ka go bolela gore o na le nako ya go bala dibuka tse di mosola, ka gonne ga a senye nako e ntsi a lebeletse thelebishene le go fenyonkolola Internet.

Makasine wa Tsogang! o na le tshedimosetso e ntsi e e malebana le ditiragalo tsa bosheng e bile e bontsha kafa go ka lebanwang le mathata a gompieno ka teng. Ke eng fa o sa kope Basupi ba ga Jehofa gore ba go tlisetse makasine wa bosheng wa Tsogang! kgwedi nngwe le nngwe?

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Go Tlhaloganya Malwetse a go Fetofetoga Maikutlo

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

A o Itse Modimo ka Leina?

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Matshosetsi a Ntwa ya Nuklea—Ke a Mmatota go le Kana Kang?

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 31]

Nuclear explosion: U.S. Department of Energy photograph