Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Se se Bakang Tlhaolele

Se se Bakang Tlhaolele

Se se Bakang Tlhaolele

TLHAOLELE e ka nna ya bo e bakwa ke dilo di le mmalwa. Le fa go ntse jalo, dilo di le pedi tse di itsegeng thata tse di ka nnang tsa bo di e baka ke (1) go batla fela yo o ka mo pegang molato, le (2) letlhoo mo pelong ya motho le le bakwang ke tiragalo nngwe e e sa siamang e e mo diragaletseng mo nakong e e fetileng.

Jaaka fa re bone mo setlhogong se se fetileng, fa go nna le masetlapelo mangwe, batho gantsi ba batla motho yo ba ka mo pegang molato. Fa batho ba ba tumileng ba na le go nna ba latofatsa setlhopha sengwe se sennye, gantsi tatofatso eo e a amogelwa mme e tsale tlhaolele. Ka sekai, ka nako ya kwelotlase ya ikonomi kwa dinageng tsa Bophirima, ga twe ke molato wa batswakwa gore go bo go se na ditiro—le mororo batswakwa bano gantsi ba dira ditiro tse ba le bantsi ba batho ba mo nageng ba sa batleng go di dira.

Mme ga se ka metlha tlhaolele e bakwang ke go batla yo o ka mo pegang molato. E ka nna gape ya bo e bakwa ke se se diragetseng mo nakong e e fetileng. Pego nngwe e e kwadilweng ke UNESCO Against Racism e bega jaana: “Ga se go feteletsa dilo fa re re go rekisiwa ga makgoba ke gone go dirileng gore batho ba bantsho ba bo ba tlhoilwe sekanakana e bile ba nyadiwa jaana.” Batho ba ba gwebang ka makgoba ba ne ba leka go bontsha gore ga go na molato ope ka tiro eno ya bone e e tlhabisang ditlhong ya go gweba ka batho, ka go tlhalosa gore Maafrika e ne e le batho ba maemo a a kwa tlase. Tlhaolele eno e e se nang motheo, e moragonyana e neng ya fetela le kwa dinageng tse dingwe tse di neng di busiwang ke dinaga tse dingwe, e sa ntse e tsweletse pele.

Mo lefatsheng lotlhe, ditiragalo tse di tshwanang tsa kgatelelo le tshiamololo di dira gore tlhaolele e bo e sa ntse e le teng le gompieno. Bobaba jo bo leng teng mo gare ga Bakatoliki le Baporotesetanta kwa Ireland ga bo bolo go simolola bogologolo kwa ka lekgolo la bo16 la dingwaga, fa babusi ba Engelane ba ne ba bogisa le go leleka Bakatoliki. Bosetlhogo jo bo feteletseng jwa ba ba neng ba ipitsa Bakeresete ka nako ya Bolwelatumelo bo sa ntse bo baka letlhoo le le tseneletseng mo gare ga Bamoselema ba ba kwa Botlhabagare. Bobaba jwa Ba-Serbia le Ba-Croatia kwa dinageng tsa Balkan bo ne jwa gakatswa ke go bolawa ga batho ba e neng e se masole ka nako ya ntwa ya bobedi ya lefatshe. Jaaka fa dikai tseno di bontsha, hisitori ya bobaba jo bo tsweletseng mo gare ga ditlhopha tse pedi e ka baka tlhaolele.

E Tlhotlheletsa Botlhokakitso

Ngwana yo monnye ga a na moya ono wa tlhaolele. Go na le moo, babatlisisi ba bontsha gore gantsi ngwana o rata go tshameka le ngwana wa mmala o sele. Le fa go ntse jalo, fa a fitlha mo dingwageng tsa bo10 kgotsa 11, a ka nna a simolola go nna le maikutlo a go se rate batho ba morafe, lotso kgotsa bodumedi bo sele. Mo dingwageng tsa fa a simolola go bulega matlho, o simolola go nna le dikgopolo tse dintsi tse di ka nnang tsa nna lobaka lo loleele thata mo mogopolong wa gagwe.

Go tla jang gore a nne le dikgopolo tseno? O simolola pele go ithuta maikutlo a a sa siamang—a a buiwang ka molomo kgotsa a a bontshiwang fela ka ditiro—go tswa mo batsading ba gagwe le mo ditsaleng tsa gagwe le mo barutabaneng ba gagwe. Moragonyana baagelani, makwalodikgang, radio, kgotsa thelebishene di ka nna tsa mo tlhotlheletsa le go feta. Le mororo go ka direga gore a bo a sa itse sepe se se kalo ka setlhopha sa batho ba a sa ba rateng, ka nako ya fa a nna mogolo, o a bo a setse a sweditse mo mogopolong wa gagwe gore ke batho ba maemo a a kwa tlase le gore ga se batho ba o ka ba ikanyang. Ka dinako tse dingwe le go ba tlhoa a ka ba tlhoa.

Jaaka fa mekgwa ya go tsaya mesepele le ya kgwebo e ntse e gola, ditshono tsa go kopana le batho ba ditso le mekgwa e e farologaneng le tsone di ile tsa nna tsa gola mo dinageng tse dintsi. Le fa go ntse jalo, motho yo o nang le maikutlo a a tseneletseng a tlhaolele gantsi o tla nna a tshwareletse mo dikgopolong tse a setseng a na le tsone ka batho ba bangwe. A ka nna a bo a tsaya setlhopha se segolo fela thata sa batho a ba dira segopa se le sengwe fela sa batho ba ba bosula, a ipolelela gore botlhe ba tshwana fela mo go bontsheng nonofo nngwe e e sa siamang. Le fa e le eng se se sa siamang se se ka mo diragalelang, le fa se ka tswa se dirilwe ke motho a le mongwe fela mo setlhopheng seo, se gatelela letlhoo le a neng a ntse a na le lone ka setlhopha seo sa batho. Mme fa mongwe mo setlhopheng seo a ka dira sengwe se sentle, ga a akanye ka seo, o tsaya fela gore motho yoo ke ene fela mo setlhopheng seo yo o kgonang go dira sengwe se se siameng.

Go Tlogela Maikutlo Ano a Tlhaolele

Le mororo batho ba le bantsi ba nyatsa moya ono wa tlhaolele, ke ba sekae fela ba ba kgonang go ikgolola mo go one. Tota e bile, ba le bantsi ba ba nang le moya ono o o feteletseng wa tlhaolele, ba a ganela fa o ba bolelela gore ba na le one. Ba bangwe bone ba re ga go tshwenye, bogolo jang fa motho a boloka boikutlo jono mo go ene, a sa bo bontshe ba bangwe. Le fa go ntse jalo, eleruri moya ono o a tshwenya ka gonne o utlwisa batho botlhoko e bile o a ba kgaoganya. Fa e le gore botlhokakitso ke jone jo bo tsalang tlhaolele, gantsi se se latelang morago ga foo e nna letlhoo. Mokwadi Charles Caleb Colton (1780?-1832) o ne a kwala a re: “Re tlhoile batho bangwe ka gonne re sa ba itse; mme ga re na go tsamaya re ba itse ka gonne re ba tlhoile.” Le fa go ntse jalo, fa e le gore motho o kgona go ithuta go nna le tlhaolele, gape a ka kgona go ithuta go e tlogela. Jang?

[Lebokoso mo go tsebe 7]

Bodumedi—A bo Tlhotlheletsa Batho go Itshokelana Kgotsa bo Tlhotlheletsa Tlhaolele?

Gordon W. Allport mo bukeng ya gagwe ya The Nature of Prejudice, o bolela gore “ka kakaretso, batho ba ba tsenang Kereke ba bonala ba na le tlhaolele e ntsi go feta ba ba sa tseneng Kereke.” Ga go gakgamatse, ka gonne gantsi bodumedi e nnile jone jo bo bakang tlhaolele go na le go e fedisa. Ka sekai, ka makgolokgolo a dingwaga baruti ba ile ba tlhotlheletsa boikutlo jwa go se rate Bajuda. Go ya ka buka ya A History of Christianity, Hitler o kile a bua a re: “Fa e le ka Bajuda bone, ke tsweletsa pele fela se kereke ya Katoliki e ntseng e se dira ka dingwaga di le 1500.”

Ka nako ya bosetlhogo jo bo feteletseng jo bo neng jwa direga kwa dinageng tsa Balkan, go ne go bonala dithuto tsa Orthodox le tsa Katoliki di sa kgone go dira gore batho ba itshokele ba bo ba tlotle baagelani ba bone ba bodumedi jo bongwe.

Ka tsela e e tshwanang, kwa Rwanda, maloko a kereke a ne a bolaya badumedi mmogo le bone. National Catholic Reporter e ne ya bontsha gore ntwa ya koo e ne e le “kgailo ya mmatota ya morafe eo ka bomadimabe le Bakatoliki tota ba neng ba nna le seabe mo go yone.”

Kereke ya Katoliki ka boyone e amogetse gore e na le hisitori eo ya go se itshokele ditumelo tse dingwe. Ka ngwaga wa 2000, Mopapa John Paul II, kwa Mmiseng wa batho botlhe kwa Roma, o ne a kopa go itshwarelwa ka ntlha ya “ditiro tse di duleng mo tseleng tse ba di dirileng mo nakong e e fetileng.” Mo moletlong ono go ne ga umakwa ka tlhamalalo “go se itshokelane ga bodumedi le tshiamololo mo Bajudeng, mo basading, mo bathong ba naga, mo go batswakwa, mo bahumaneging le mo baneng ba ba iseng ba tsalwe.”

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Kwa godimo: Kampa ya batshabi, Bosnia le Herzegovina, October 20, 1995

Batshabi ba le babedi ba ba le 250 000 ba Ba-Serbia ba Bosnia ba letetse go bona ntwa ya maraganela teng a bana ba mpa e khutla

[Motswedi wa Setshwantsho]

Photo by Scott Peterson/Liaison

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Ngwana o rutiwa go tlhoa

O kgona go ithuta maikutlo a a sa siamang mo batsading ba gagwe, mo thelebisheneng le go sele