Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Sengwe se se Botoka Go na Le go Tuma

Sengwe se se Botoka Go na Le go Tuma

Sengwe se se Botoka Go na Le go Tuma

JAAKA GO BOLETSE CHARLES SINUTKO

Ka 1957, ke ne ka fiwa tshono ya go saena tumalano ya dibeke di le 13 ya go opela kwa Las Vegas, kwa Nevada, U.S.A., ke duelwa didolara di le sekete ka beke, e bile go na le kgonego ya gore nka tswelela ke opela ka dibeke tse dingwe tse 50 fa nka dira sentle. Seo se ne se raya gore ke ne ke tla amogela madi a mangwe a a oketsegileng a a kana ka $50 000—a e neng e le madi a mantsi ka nako eo. Mma ke tlhalose gore ke eng se se dirileng gore ke fiwe tshono ya go saena tumalano ya go dira madi a mantsi jaana le gore ke eng se se neng sa dira gore go nne thata go dira tshwetso ya gore ke e amogele kgotsa nnyaa.

RRE, yo e neng e le moagi wa kwa Ukraine, o ne a tsholetswe kwa Yuropa ka 1910. Ka 1913 mmemogolo o ne a tsamaya le ene go ya kwa United States go ya go nna le monna wa gagwe yo o neng a setse a nna teng. Rre o ne a nyala ka 1935, mme nna ke ne ka tsholwa ngwaga morago ga foo kwa Ambridge, kwa Pennsylvania. Mo e ka nnang ka yone nako eo bomogoloe Rre ba babedi ba ne ba nna Basupi ba ga Jehofa.

Fa nna le bonnake ba bararo re sa ntse re le bannye mme lelapa la gaetsho le nna gaufi le New Castle, kwa Pennsylvania, mmè o ne a ithuta Baebele go se kae le Basupi. Ga go na ope wa batsadi ba me yo o neng a nna Mosupi ka nako eo, mme Rre o ne a akanya gore bomogoloe ba na le tshwanelo ya gore ba dumele se ba se batlang. Le fa Papa a ne a re godisitse gore re nne le moya wa boratanaga, gantsi o ne a buelela tshwanelo ya batho ba bangwe ya go obamela ka tsela e ba batlang ka yone.

Tiro ya go Opela

Batsadi ba me ba ne ba dumela gore ke na le bokgoni jwa tlholego jwa go opela, ka jalo ba ne ba dira sengwe le sengwe se ba ka se kgonang gore ke tswelele pele ka go opela. Fa ke ne ke le dingwaga di ka nna thataro kgotsa di le supa, Papa o ne a tle a mpege mo godimo ga khaontara ya kwa bareng nngwe gore ke opele le go tshameka katara. Ke ne ke tle ke opele pina e e reng “Mother.” Pina eo e ne e tlhalosa dinonofo tsa mmè yo o lorato mme e ne e felela ka segalo se se amang pelo.” Banna ba kwa bareng, ba gantsi ba neng ba nole thata ba ne ba tle ba lele mme ba tsenye madi mo hutsheng ya ga Rre.

Thulaganyo ya me ya ntlha ya radio e ne ya gasiwa kwa New Castle mo seteisheneng sa radio sa WKST ka 1945, ke opela mmino wa country. Moragonyana ke ne ka oketsa dipina tse ke di opelang ke tsenya le dipina tse di ratiwang tsa Hit Parade e e neng e le thulaganyo ya radio e e neng e tshameka beke le beke e mo go yone go gasiwang dipina tse di lesome tse di ratiwang thata. Ke ne ka tlhaga la ntlha mo thelebisheneng ka 1950 mo thulaganyong ya ga Paul Whiteman. Thulaganyo ya gagwe ya dipina tsa ga George Gershwin tsa “Rhapsody in Blue” e sa ntse e tumile. Ka bonako morago ga foo Papa o ne a rekisa ntlo ya rona kwa Pennsylvania, mme re ne ra fudugela kwa karolong ya Los Angeles kwa California ka tsholofelo ya gore ke tla tswelela ka tiro ya me koo.

Ka ntlha ya matsapa a Rre a ileng a a dira, go ise go ye kae ke fa ka nna le thulaganyo ya beke le beke ya radio kwa Pasadena le thulaganyo ya beke le beke ya thelebishene e e tsayang metsotso e le masomeamararo kwa Hollywood. Ke ne ka rekota dipina tsa me kwa khampaning ya Capitol Records le setlhopha sa okhestra sa ga Ted Dale sa batho ba le lekgolo ka ba ka nna moopedi mo seteisheneng sa radio sa CBS. Ka 1955, ke ne ka nna le pontsho ya mmino ya go opela kwa Lake Tahoe kwa bokone jwa California. Fa ke ntse ke le koo, dilo tse di tlang pele mo botshelong jwa me di ne tsa fetoga fela thata.

Go Nna le Dilo Tse Dingwe Tse di Tlang Pele

Ka nako eo, Ramogolo John—mogolowe Papa yo le ene a neng a fudugile go tswa kwa Pennsylvania a ya California—o ne a nnaya buka e e reng “Let God Be True.” * * Ke ne ka tsamaya ka yone go ya kwa Lake Tahoe. Morago ga pontsho ya rona ya bofelo ya mmino, e e neng ya fela bosigogare, ke ne ka itisa ka go bala buka eo pele ga ke ya go robala. Ke ne ka itumela go bona dikarabo tsa Baebele tse di arabang dipotso tse ke sa bolong go nna le tsone.

Go ise go ye kae ke ne ka iphitlhela ke dutse kwa tlelapong morago ga tiro ke ntse ke bua le baopedi ba bangwe go fitlha ka masa. Re ne re tlotla ka ditlhogo tse di jaaka botshelo morago ga loso, ke ka ntlha yang fa Modimo a letleletse boikepo le gore a kgabagare motho o tla fedisa lefatshe mme le ene a bo a nyelela gotlhelele. Dikgwedi di se kae moragonyana, ka July 9, 1955, kwa kopanong ya kgaolo ya Basupi ba ga Jehofa e e neng e tshwaretswe kwa Wrigley Field kwa Los Angeles, ke ne ka kolobediwa go bontsha boineelo jwa me jwa go batla go direla Jehofa Modimo.

Mo nakong e e sa feteng dikgwedi tse thataro morago ga moo, ka moso wa Keresemose ya 1955, Mosupi mongwe ka nna e bong Henry Russell, o ne a ntaletsa gore ke tsamaye le ene go ya go etela Jack McCoy, yo a neng a le mo kgwebong ya tsa boitlosobodutu. Henry ka boene e ne e le mokaedi wa seteishene se se gasang mmino sa NBC. Mme fa re fitlha, Jack le bana ba gagwe ba bararo le mosadi wa gagwe ba ne ba nna fa fatshe ba re reetsa, le fa e ne e le gone ba bulang dimpho tsa bone tsa Keresemose. Go ise go ye kae, ene le ba lelapa la gagwe ba ne ba nna Basupi.

Ka nako eo, ke ne ke ithuta le Mmè mme o ne a tlhaloganya a bo a amogela boammaaruri jwa Baebele. Kgabagare o ne a nna Mosupi wa ga Jehofa a bo a nna mmulatsela, moreri wa nako e e tletseng. Fa nako e tse e tsamaya, bomorwarre ba bararo le bone ba ne ba kolobediwa mme ba tsenela tirelo ya bobulatsela ka nakwana. Ka September 1956, fa ke ne ke le dingwaga di le 20, ke ne ka nna mmulatsela.

Ditshwetso Malebana le Tiro

Mo e ka nnang ka yone nako eo tsala ya mmueledi wa me e bong George Murphy, o ne a batla go ntlhatlosa maemo. George o ne a tlhaga mo difiliming di le dintsi ka bo1930 le bo1940. Ka December 1956, ke ne ka tlhaga mo thulaganyong ya ga Jackie Gleason kwa New York City mo thelebisheneng ya CBS ka ntlha ya dikamano tse Murphy a neng a na le tsone. Seno se ne sa nthusa thata mo tirong ya me ka gonne thulaganyo eo ya mmino e ne ya lebelelwa ke batho ba ka nna 20 000 000. Fa ke le kwa New York, ke ne ka etela ntlokgolo ya Basupi ba ga Jehofa kwa Brooklyn e le lekgetlho la ntlha.

Fa ke sena go tlhaga mo thulaganyong ya thelebishene ya ga Gleason, ke ne ka saena tumalano ya go dira difilimi le khampani ya MGM. Ke ne ka fiwa tshono ya gore ke nne le seabe ka metlha mo thulaganyong ya thelebishene ya Western. Le fa go ntse jalo, morago ga nakwana, segakolodi sa me se ile sa ntshwenya, ka gonne ke ne ke tla tshwanelwa ke go tshameka karolo ya motho yo o betšhang e bile e le setswerere mo go diriseng tlhobolo—dikarolo tse di neng di tlotlomatsa boitsholo jo bo sa siamang le mekgwa e mengwe e e seng ya Bokeresete. Ka jalo, ke ne ka tlogela tiro eo. Ba tsa kgwebo ya difilimi ba ne ba akanya gore ke a tsenwa.

Ke ka yone nako e ke neng ka fiwa tshono ya go ya go opela kwa Las Vegas, e e umakilweng kwa tshimologong. Ke ne ke tshwanetse go simolola tiro ka beke ya ketelo ya molebedi wa rona yo o etang. Fa ke ne ke sa amogele tiro ka nako eo, ke ne ke tla latlhegelwa ke tshono eo. Ke ne ke tlhakatlhakane mo maikutlong, ka gonne Papa o ne a lebeletse go mpona ke dira madi a mantsi! Ke ne ke akanya gore ke tshwanelwa ke go mo duelelwa matsapa otlhe a a dirileng go nthusa go tswelela ka mmino wa me.

Ka jalo, ke ne ka atamela molebedi yo o okamelang e bong Carl Park, yo le ene e neng e le rammino mme e bile a kile a bo a le motshameki wa violin mo seteisheneng sa radio sa kwa New York sa WBBR ka dingwaga tsa bo1920. Ke ne ka mo tlhalosetsa gore fa nka dumela go amogela tshono eo, ke ne ke tla kgona go bulatsela botshelo jwa me jotlhe ke sa tlhoke go tshwenyega ka madi. O ne a re: “Nka se ka ka go bolelela gore o dire eng, mme gone nka go thusa go dira tshwetso.” O ne a mpotsa a re, “A o ne o ka tsamaya fa moaposetoloi Paulo a ne a etela phuthego ya rona beke eno?” O ne a oketsa ka gore, “O akanya gore Jesu o ne a ka rata gore o direng?”

Ke ne ka akanya gore sengwe le sengwe se a se buang se utlwala sentle. Fa ke ne ke bolelela Papa gore ke dirile tshwetso ya gore ke se ka ka tsaya tiro ya kwa Las Vegas, o ne a re ke mo sulafaletsa botshelo. Bosigo joo, o ne a nkemela ka tlhobolo ya gagwe ya .38-caliber. O ne a ikaeletse go mpolaya, le fa go ntse jalo o ne a thulamela—go bonala e le ka go bo a ile a nwa bobe. Morago ga foo o ne a leka go ipolaya kwa karatšheng ka mosi wa sentshamosi sa koloi. Ke ne ka bitsa ba lephata la namolo mme ba ne ba kgona go mo namola.

E re ka ba le bantsi ba ne ba itse bogale jwa ga Papa, ba ne ba mo tshaba, mme molebedi wa rona wa potologo e bong Roy Dowell ene o ne a sa mo tshabe. Fa Roy a ne a ya go mmona, Papa o ne a mmolela gore fa ke ne ke tsholwa, go ne go batlile go direga gore ke se ka ka tshela. Papa o ne a solofetsa Modimo gore fa nka tshela, o ne a tla nkitsha setlhabelo gore ke mo direle. Roy o ne a mmotsa gore a o ne sa akanye gore gongwe Modimo o batla gore a diragatse tsholofetso ya gagwe. Papa o ne a gakgamala. Morago ga foo, Roy o ne a mmotsa gore, “Fa e le gore tirelo ya nako e tletseng e ne e tshwanela Morwa Modimo, ke eng se se dirang gore e se tshwanele morwao?” Morago ga foo, Papa o ne a bonala a amogela tshwetso e ke e dirileng.

Mo e ka nnang ka yone nako eo, ka January 1957, Shirley Large o ne a tla go tswa kwa Canada le mopati wa gagwe wa mmulatsela ba tlile go etela ditsala dingwe. Nna le Shirley re ne ra tlwaelana fa ke ne ke ntse ke tsamaya le ene le mopati wa gagwe mo bodireding jwa tshimo. Go ise go ye kae morago ga foo, Shirley o ne a tsamaya le nna go ya kwa Hollywood Bowl, kwa ke neng ka opela le Pearl Bailey gone.

Go Diragatsa Tshwetso ya Me

Ka September 1957, ke ne ka amogela kabelo ya go nna mmulatsela yo o kgethegileng kwa motseng wa Iowa. Fa ke ne ke bolelela Papa gore ke sweditse go amogela kabelo eo, o ne a lela. O ne a sa tlhaloganye tsela e ntšha e ke neng ke leba dilo ka yone malebana le gore ke eng se se botlhokwa tota. Ke ne ka ya Hollywood mme ka phimola ditumalano tsa me tsotlhe. Moeteledipele yo o tumileng wa okhestra le mmino wa dikhwaere e bong Fred Waring e ne e le mongwe wa batho ba ke neng ke dirile tumalano le bone. O ne a mpolelela gore nka se tlhole ke kgona go bereka gape ke le moopedi fa nka phimola tumalano ya me. Ka jalo ke ne ka mo tlhalosetsa gore ke tlogela tiro ya me ya go opela gore ke kgone go oketsa bodiredi jwa me mo tirelong ya ga Jehofa Modimo.

Rre Waring o ne a ntheetsa ka tlotlo fa ke ntse ke tlhalosa sengwe le sengwe mme a nkgakgamatsa ka karabo ya gagwe e e bonolo fa a re: “Ngwanaka, ke maswabi gore o tlogela tiro e e molemo jaana, le fa go ntse jalo ke nnile mo kgwebong ya mmino botshelo jwa me jotlhe mme ke ithutile gore go na le dilo tse dingwe tse di botlhokwa go feta mmino. E kete Modimo a ka segofatsa se o se dirang.” Ke gakologelwa ke boela gae ke geletse dikeledi mo matlhong ka ntlha ya boitumelo, ke lemoga gore gone jaanong ke gololesegile go dirisa botshelo jwa me mo tirelong ya ga Jehofa.

“A ga O na Tumelo?”

Ka August ke ne ka simolola go direla kwa Strawberry Point, kwa Iowa, motse mongwe o o nang le baagi ba le 1 200 ke na le mopati wa me wa mmulatsela e bong Joe Triff. Shirley o ne a tla go nketela mme ra buisana ka lenyalo. Ke ne ke se na madi ape a ke a bolokileng mme le ene o ne a se na ape. Madi a ke neng nkile ka nna le one a ne a laolwa ke rre. Ka jalo ke ne ka mo tlhalosetsa jaana: “Ke batla go go nyala, mme re tla tshela jang? Madi a ke nang le one fela ke madinyana a ke thusiwang ka one a bobulatsela jo bo kgethegileng a a kana ka $40 ka kgwedi.” Ka mokgwa wa gagwe o o ritibetseng, o o tlhamaletseng o ne a bolela jaana a sa potapote: “Charles, a ga o na tumelo? Jesu o rile fa re batla pele Bogosi le tshiamo ya gagwe, o tla re okeletsa sengwe le sengwe se re se tlhokang.” (Mathaio 6:33) Seo se ne sa fetsa kgang. Re ne ra nyalana ka November 16, 1957.

Ke ne ke ithuta Baebele le molemirui mongwe yo o neng a nna ka kwa ntle ga Strawberry Point yo o neng a na le ntlo e e dirilweng ka dikgong ya dimetara di le 3,7 mo matlhakoreng otlhe mo sekgweng mo polasing ya gagwe. E ne e se na motlakase le metsi a tepe le ntlwana ya boithomelo. Mme o ne a re fa re rata re ka nna mo go yone mahala. E ne e le ntlo ya segologolo mme re ne ra swetsa ka gore re tlhola mo bodireding letsatsi lotlhe mme re ne re tlhoka fela lefelo la go robala.

Ke ne ke gelela metsi mo motsweding mongwe o o gaufi. Re ne re gotetsa metsi ka setofo sa dikgong mme re bala ka lesedi la lebone la parafini; mme Shirley o ne a apaya ka setofo sa parafini. Re ne re dirisa bata ya bogologolo go tlhapela mo go yone. Re ne re tlhola re reetsa go bokolela ga diphiri bosigo mme re ikutlwa re le lesego go bo re le mmogo le go bo re direla Jehofa mmogo mo lefelong le go tlhokegang badiredi ba Bakeresete thata mo go lone. Bill Malenfant le mosadi wa gagwe e bong Sandra, ba gone jaanong ba direlang kwa ntlokgolo ya kwa Brooklyn, e ne e le babulatsela ba ba kgethegileng ba ba neng ba nna bokgakala jwa dikilometara di le 100 go tswa kwa go rona, kwa Decorah, Iowa. Gangwe le gape ba ne ba tla go bereka le rona letsatsi lotlhe mo bodireding. Fa nako e ntse e tsamaya, go ne ga nna le phuthego e nnye ya batho ba ka nna 25 kwa Strawberry Point.

Go Tsena mo Tirong ya go Eta

Ka May 1960 re ne ra kopiwa go dira tiro ya potologo, e leng bodiredi jwa go eta. Potologo ya rona ya ntlha e ne e le North Carolina mme e ne e akaretsa metse ya Raleigh, Greensboro, le Durham, mmogo le metsana e mengwe e mentsi ya metseselegae. Tsela e re neng re tshela ka yone e ne ya tokafala, ka gonne re ne re gorogela mo malapeng a le mantsi a a neng a na le motlakase le ntlwana ya boithomelo e e mo ntlong. Le fa go ntse jalo, se se neng sa re kgoba marapo e ne e le ditlhagiso tse re neng re di newa ke batho ba ba neng ba na le matlwana a boithomelo a a kwa ntle. Ba ne ba re tlhagisa gore re tlhokomele dinoga tsa copperhead le tsa rattlesnake mo tselaneng e e yang kwa matlwaneng a boithomelo!

Mo tshimologong ya 1963 re ne ra fudusediwa kwa potologong ya Florida, kwa ke neng ka nna le bolwetse jo bo masisi jwa pelo jwa pericarditis gone mme ka batla ke swa. Gongwe nka bo ke ile ka swa fa e ne e se ka thuso ya ga Bob le Ginny Mackey ba kwa Tampa. * Ba ne ba nkisa kwa ngakeng ya bone ba bo ba re duelela ditshenyegelo tsotlhe.

Ke Dirisa Thapiso E ke E Boneng Fa ke Sa le Mosha

Ka setlha sa selemo sa 1963, ke ne ka lalediwa go ya go direla kwa New York go ya go dira tiro ya go rulaganya kopano ya kgaolo ya Basupi ba ga Jehofa e e neng e tla tshwarelwa koo. Ke ne ka tsamaya le Milton Henschel, yo e neng e le mmueledi wa Basupi ba ga Jehofa, re ya go bua mo thulaganyong ya thelebishene e e neng e tshwerwe ke Larry King. Rre King e sa ntse e le motsamaisi yo mogolo wa thulaganyo ya thelebishene ya puisano. O ne a le maitseo thata mme morago ga thulaganyo o ne a botsa dipotso ka tiro ya rona ka sebaka sa ura.

Ka yone nako eo ya selemo, Harold King, morongwa mongwe yo o neng a golotswe kwa kgolegelong ya kwa China ya Bokomonisi, o ne a etela ntlokgolo ya Basupi. Maitseboa mangwe o ne a bua le bareetsi ba ka nna 700, a tlhalosa ka se se mo diragaletseng le kafa go tswalelwa a le nosi mo kgolegelong go ileng ga nonotsha tumelo ya gagwe ka teng. Fa a le kwa kgolegelong o ne a kwala dipina dingwe tse di nang le ditlhogo tse di buang ka Baebele le bodiredi jwa Bokeresete.

Maitseboa mangwe a a sa lebalegeng ke ne ka opela le Audrey Knorr, Karl Klein le Fred Franz—yo o neng a sa bolo go nna Mosupi yo o neng a thapiseditswe go opela ka lentswe la tenor—re opela pina ya “Ka Ntlo le Ntlo,” e moragonyana e neng ya tsenngwa mo bukeng ya dipina e e dirisiwang ke Basupi ba ga Jehofa. Nathan Knorr, yo o neng a eteletse tiro ya Basupi pele ka nako eo, o ne a nkopa gore ke opele pina eo beke e e latelang kwa Kopanong ya “Dikgang Tse di Molemo Tsa Bosakhutleng” kwa Yankee Stadium mme ke ne ka dira jalo.

Maitemogelo a Tiro ya go Eta

Fa re ne re sa ntse re direla kwa Chicago, Illinois, go ne ga direga dilo tse pedi tse re ka se kang ra di lebala. Sa ntlha, kwa kopanong ya potologo, Shirley o ne a bona Vera Stewart, yo o neng a mo rerela le mmaagwe kwa Canada mo magareng a dingwaga tsa bo1940. Shirley, yo ka nako eo a neng a le dingwaga di le 11, o ne a itumela go utlwa ka ditsholofetso tsa Modimo tse di mo Baebeleng. O ne a botsa Vera a re, “A o akanya gore nka tshela mo lefatsheng leo le lesha?” Vera o ne a mo araba a re “Shirley, ga ke bone gore ke eng se se ka dirang gore o se ka wa kgona.” Ga go na ope wa bone yo o neng a lebala mafoko ao. Go tloga ka nako eo a neng a kopane le Vera la ntlha ka yone, Shirley o ne a itse gore go direla Jehofa e ne e le sone se a batlang go se dira.

Sa bobedi, Mosupi mongwe o ne a mpotsa gore a ke gakologelwa ke fitlhela kgetsi ya dikilogerama di le 22 ya ditapole mo pele ga setswalo sa rona ka mariga a 1958. Ee, ke ne ka gakologelwa. Re ne ra e fitlhela fa re sena go kgaratlhela go fitlha kwa gae re tsamaya mo sefefong sa kapoko maitseboa mangwe! Le mororo re ne re sa itse gore e tswa kae, re ne ra leboga Jehofa go bo a re thusitse. Re ne ra tshwanelwa ke go nna mo ntlong ka malatsi a le matlhano mme re ne ra itumelela go ja diphaphatha tsa ditapole, ditapole tse di besitsweng, ditapole tse di gadikilweng, ditapole tse di ritilweng le sopo ya ditapole! Re ne re se na dijo tse dingwe. Mosupi yoo o ne a sa itse gore re nna kae mme o ne a utlwa gore babulatsela bangwe ba ba nnang gaufi ba tshela bokete. O ne a re bolelela gore sengwe se ne sa mo tlhotlheletsa gore a simolole go batla gore banyalani ba basha bano ba nna kwa kae. Balemirui ba itse sengwe le sengwe ka baagelani ba bone, ka jalo o ne a kaelwa ntlo ya rona ya dikgong mme a isa ditapole tseo mo kapokong.

Ke Itumelela Ditshwetso Tse ke di Dirileng

Ka 1993, dingwaga di le 33 ke sena go nna mo tirong ya go eta, botsogo jwa me bo ne jwa koafala mo e leng gore ke ne ka tshwanela go tlogela tshiamelo ya tiro e ke neng ke e dira. Nna le Shirley re ne ra nna babulatsela ba ba kgethegileng ba ba mo lenaaneng la batho ba ba lwalang mme re sa ntse re le bone le gompieno. Le fa gone ke utlwa botlhoko go bo ke sa tlhole ke na le maatla a go dira tiro ya go eta, ke itumela go bo ke ile ka kgona go dirisa maatla a me ka tsela e ke a dirisitseng ka yone.

Bomorwarre ba bararo ba ne ba dira ditshwetso tse di farologaneng. Kgabagare botlhe ba ne ba gagamalela go nna le dikhumo mme ga go na ope wa bone yo gone jaanong a direlang Jehofa. Ka 1958, Papa o ne a kolobediwa. Ene le Mmè ba ne ba thusa batho ba le bantsi go itse Jehofa, gore ba ineele mo go ene le go kolobediwa. Ka bobedi jwa bone ba ne ba swa ka 1999. Ka jalo, go bonala tshwetso e ke neng ka e dira ya go gana go tuma mo lefatsheng le go nna le dikhumo e ne ya dira gore rre a bone botshelo mmogo le ba le bantsi ba ene le mmè ba ileng ba ba bolelela ka boammaaruri jwa Baebele. Ke na le go ipotsa gore, ‘A nkabo ke tsweletse pele ka go direla Jehofa fa nkabo ke sa dira ditshwetso tse ke di dirileng?’

Mo e ka nnang dingwaga di le tlhano fa ke sena go tlogela tiro ya potologo, botsogo jwa me bo ne jwa tokafala mme ke ne ka kgona go oketsa tirelo ya me. Gone jaanong ke molebedi yo o okamelang mo phuthegong ya Desert Hot Springs kwa California. Mme gape ke na le tshiamelo ya go thusa mo tirong ya potologo, ke direla mo dikomiting tse di kgethegileng, mme ka dinako tse dingwe, ke ruta kwa Sekolong sa Tirelo sa Babulatsela.

Go fitlha le gompieno Shirley e sa ntse e le tsala ya me e kgolo. Ke itumelela botsala jwa gagwe thata. Ka metlha re nna le metlotlo e e monate ya dilo tsa semoya, roobabedi re kgatlhwa ke boammaaruri jwa Baebele jo re tlotlang ka jone. Ke sa ntse ke gakologelwa ka kanaanelo potso e a neng a mpotsa yone a ritibetse dingwaga di le 47 tse di fetileng: “Charles, a ga o na tumelo?” Fa banyalani ba basha ba Bakeresete ba ka botsana potso e e ntseng jalo, ke ipotsa gore ke ba le ba kae ba bone ba ba tla nnang le boitumelo le masego a re ileng ra nna le one mo bodireding jwa nako e e tletseng.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 11 John Sinutko o ne a nna Mosupi yo o ikanyegang wa ga Jehofa go fitlha a swa ka 1996 a le dingwaga di le 92.

^ ser. 11 E ne e gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa mme ga e tlhole e le teng.

^ ser. 32 Mo makasineng wa Tsogang! wa February 22, 1975, tsebe 12-16, (ka Seesemane) go na le kgang ya botshelo ya ga Bob Mackey e mo go yone a tlhalosang kafa a ileng a lepalepana ka teng le bolwetse jwa go swa ditokololo.

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Ramogolo John ka 1935, ka ngwaga o a kolobeditsweng ka one

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Ntlo ya rona e e dirilweng ka dikgong

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Setshwantsho se se tserweng ka 1975 sa batsadi ba me ba ba ileng ba nna ba ikanyega go fitlha ba swa

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Ke na le Shirley gompieno