Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ba Nna Bommè Ba sa Le Bannye Thata

Ba Nna Bommè Ba sa Le Bannye Thata

Ba Nna Bommè Ba sa Le Bannye Thata

“Lekau la me e ne e le monna wa maratagolejwa. Le ne le na le madi e bile re ne re kgona go ya fela kwa re ratang teng. E ne ya re fa ke tlolwa ke kgwedi, ke ne ka lemoga gore sengwe se teng. Ke ne ke sa itse gore ke tlile go bolelela mmè jang. Seno se ka ntiragalela jang? Ke ne ke na le dingwaga di le 16 fela, mme ke ne ke sa itse gore ke direng.”—Nicole.

GOMPIENO Nicole, * yo o mo dingwageng tsa gagwe tsa bo30, o a itshepa e bile ke mmè yo o matlhagatlhaga wa bana ba le bararo. Ngwana wa gagwe wa ntlha o na le dingwaga di le 20. Ee, dingwaga tse di fetileng Nicole e ne e le mongwe wa basha ba le dimilione ba ba sa nyalwang ba ba imileng. Jaaka bommè ba bangwe ba ba sa leng basha, o ne a iphitlhela a tlhakane tlhogo, a lebane le dikgwetlho le ditshwetso tse dintsi tse di thata, a sa itse gore o tlile go felela kae.

Nicole ga a bue thata ka tsela e a neng a tshogile ka yone, a sa dumele se se diragetseng, a galefile e bile a ngomogile pelo mo dingwageng tsa gagwe tsa bolesome—nako e mo go yone balekane ba gagwe ba neng ba tshwenyegile ka diaparo tsa bone le ka maduo a kwa sekolong. Le fa go ntse jalo, Nicole o ne a na le tsholofelo. O ne a tswa mo lelapeng le le neng le mo rata le le neng le lekile go mo ruta ditekanyetso tse di kwa godimo. Le fa gone a ne a gana ditekanyetso tseo ka nakwana—mme a tshwanela ke go lebana le matswela a gone—moragonyana ditekanyetso tsone tseo di ne tsa dira gore botshelo jwa gagwe e nne jo bo nang le mosola. Moano wa gagwe e ne ya nna o o reng, “Ke sa ntse ke na le tsholofelo.”

Ka maswabi, ga se bommè botlhe ba ba sa leng basha ba ba nang le malapa a a ba tshegetsang jalo—kana ba ba nang le tsholofelo jalo. Gantsi ba le bantsi ba iphitlhela ba le mo boemong jwa lehuma jo ba sa itseng gore ba tla tswa jang mo go jone. Ba bangwe ba tshwanetse go lebana le go ngomoga pelo fa ba sena go betelelwa kana ka ntlha ya thubakanyo.

Mathata a bommè ba ba sa leng basha ba kopanang le one gantsi a ama bana ba bone ka tsela e e sa siamang. Buka ya Teen Moms—The Pain and the Promise ya re masea a bommè ba ba sa leng basha “gantsi a nna le boima jo bo kwa tlase ga jo bo tlwaelegileng jwa mmele, a na le malwetse a le mantsi a bana, a swa ka bontsi, ga a bone tlhokomelo e e lekaneng ya kalafi e bile ga a fepiwe sentle; gantsi a lebana le thubakanyo, mme a gola ka bonya go feta masea a bommè ba ba godileng.” Tota e bile, bana ba ba tshotsweng ke bommè ba ba sa leng basha gantsi go direga gore le bone ba nne bommè ba sa le basha.

Go ima ga basha go aname go le kana kang? Bommè ba ba sa leng basha ba ka lebana jang le mathata a go godisa masea a bone? A go na le tsela ya go thusa basha gore ba se ka ba wela mo maemong a a ngomolang pelo jaana kwa tshimologong? Ditlhogo tse di latelang di araba dipotso tseno.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Maina mangwe a fetotswe mo ditlhogong tseno.