Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Ima ga Basha—Bothata Jwa Lefatshe Lotlhe

Go Ima ga Basha—Bothata Jwa Lefatshe Lotlhe

Go Ima ga Basha—Bothata Jwa Lefatshe Lotlhe

GO IMA ga basha go ile ga bidiwa leroborobo. Le fa go ntse jalo, re kgona go lemoga ditlamorago tsa bothata jono sentle fa re bona kafa go ima go amang mosetsana yo mosha yo o tshogileng ka teng. Ka bokhutshwane fela, go tla nna le diphetogo tse dikgolo mo botshelong jwa gagwe tse di se kitlang di ama ene fela mme di ame le ba lelapa la gagwe le batho ba a ba ratang.

Basha ba mo go se Baebele e reng ke “nako ya bosha”—nako e gantsi mo go yone go eletsa go tlhakanela dikobo go ileng magoletsa. (1 Bakorintha 7:36) Le fa go ntse jalo, e tla bo e le go tlhofofatsa dilo go tsaya gore basha ba ima fela ka ntlha ya go sa dirise thibela pelegi. Bosupi bo bontsha gore basha ba ima ka ntlha ya mabaka a a raraaneng a tsa loago le a maikutlo.

Dilo Tse di Bakang go Ima ga Basha

Dipatlisiso di bontsha gore bommè ba le bantsi ba ba sa leng basha ba tswa mo malapeng a a thubegileng. Gantsi basha ba le bantsi ba ba imileng ba a tle ba re: “Selo se segolo se ke se batlang mo botshelong jwa me ke go nna le lelapa la mmatota.” Ka jalo go bonala gore, malapa a a thubegileng e ka nna lebaka la go bo basha ba ima. Thulaganyo nngwe ya go thusa bommè ba ba sa leng basha e ile ya fitlhela gore gantsi ba na le “kamano e e sa siamang le bommaabone mme ga ba na kamano epe le borraabone.” Anita, yo e nnileng mmè a na le dingwaga tse 18, o gakologelwa gore le fa mmaagwe yo o neng a se na molekane a ne a dira ka natla go mo naya dilo tse a di tlhokang, Anita o ne a sa ntse a ikutlwa a le lolea mo maikutlong ka go bo a ne a se na rraagwe.

Basetsana ba bangwe ba nna bommè ba ba sa nyalwang ka ntlha ya go betelelwa. Mo go bangwe ba bone go utlwa botlhoko jalo go ka felela ka gore fa nako e ntse e tsamaya ba nne le boitshwaro jo bo ka tsenyang matshelo a bone mo kotsing. Ka sekai, Jasmine o ne a betelelwa a na le dingwaga tse 15. O gakologelwa jaana: “Morago ga moo, ke ne ke sa tlhole ke kgathala gore go diregang ka nna. Fa ke ne ke le dingwaga tse 19, ke ne ka ima.” Go sotliwa ka tlhakanelodikobo le gone go ka dira gore motho a ikutlwe a se na mosola ope. Jasmine o bua jaana a tlaletswe: “Ga ke ise ke tsamaye ke ikutlwe ke na le mosola mongwe.” Anita o ne a diragalelwa ke se se tshwanang: “Ke ne ka tlhorontshiwa ke mosha mongwe fa ke le dingwaga tse di fa gare ga 7 le 11. Ke ne ke sa ithate. Ke ne ke ipega molato.” O ne a ima a na le dingwaga tse 17.

Mo letlhakoreng le lengwe, basha bangwe ba ima ka ntlha ya go bo ba itshepa thata e bile ba rata go lekeletsa dilo. Nicole, yo go builweng ka ene mo setlhogong se se fetileng, o dumela jaana: “Ke ne ke ithaya gore ke itse sengwe le sengwe, gore ke kgona go dira sengwe le sengwe. Ka maswabi, ke ne ke kgona le go dira ngwana.” Carol, yo le ene a neng a nna mmè yo o sa nyalwang a sa le mosha, o ne a swetsa go tlhakanela dikobo ka ntlha ya go lekeletsa dilo. A re, “Ke ne ke utlwa e ka re ke timiwa dilo dingwe.”

Go itlhokomolosa matswela a go tlhakanela dikobo le gone go nna le seabe. Go ya ka baithutaloago bangwe ba kwa Boritane e bong Karen Rowlingson le Stephen McKay, basha bangwe “ga ba na kitso e e siameng . . . malebana le gore ke eng se ba tshwanetseng go se lebelela fa ba ratana le gore ke eng se se dirang gore motho a ime.” Go bonala basha bangwe ba sa tlhaloganye tota le gore go tlhakanela dikobo go ka felela ka gore motho a ime. Go ya ka patlisiso nngwe, bommè ba ba sa leng basha “gantsi go bolelwa ba ne ba tshogile kana ba gakgametse fa ba fitlhela gore ba imile le fa gone ba ne ba sa dirise dilo tse di thibelang pelegi.”

Le fa go ntse jalo, ditsela tse di fetofetogang tse batho ba lebang tlhakanelodikobo ka teng ke tsone tse di ileng tsa tlhotlheletsa thata go ima ga basha. Re tshela mo dinakong tse mo go tsone batho e leng “barati ba menate go na le go nna barati ba Modimo.” (2 Timotheo 3:1-4) Babatlisisi bangwe ba kwa Australia e bong Ailsa Burns le Cath Scott ba re “dithibelo tse di bewang ke loago, bodumedi le tsa ikonomi malebana le go tlhakanela dikobo kwantle ga lenyalo di ile tsa fokotsega.” Go nna le ngwana kwantle ga lenyalo go ka tswa go sa tlhole go tlhabisa ditlhong jaaka mo nakong e e fetileng. Tota e bile, mo mafelong mangwe basha ba ka nna ba leba go nna le losea e le tsela nngwe ya go nna le maemo a a rileng!

Kafa Maikutlo a Amegang ka Teng

Maikarabelo a go nna mmè a farologane thata le a basha ba tlholang ba lora ka one. Fa basetsana ba lemoga gore ba imile, gantsi ba tlhakatlhakana maikutlo. Ba le bantsi ba dumela gore ba ne ba tshogile e bile ba gakgametse. Mokgatlho wa American Academy of Child and Adolescent Psychiatry wa re: “Maikutlo a gantsi ba nnang le one a akaretsa go galefa, go ikutlwa ba le molato le go gana go dumela.” Le fa go ntse jalo, go gana go dumela jalo go ka nna kotsi ka gonne go ka dira gore mosetsana a se ka a senka thuso ya kalafi e a e tlhokang.

Fa Elvenia a gakologelwa kafa a neng a ikutlwa ka gone fa a utlwa gore o imile a re: “Ke ne ka tshoga.” Basetsana ba le bantsi ba ba imileng ga ba na mongwe yo ba ka mmulelang mafatlha a bone kana ba tlhabiwa ke ditlhong thata mo ba sa kgoneng go bua ka bothata jwa bone. Ka jalo, ga go gakgamatse go bo bangwe ba bone ba fekeediwa ke maikutlo a go ikutlwa ba le molato e bile ba boifa. Gape basha ba le bantsi ba tshwenyega thata mo maikutlong. Jasmine a re: “Ke ne ke se na sepe le botshelo, e bile ke ne ke sa kgathale le fa nka swa.” *

Go sa kgathalesege gore mosetsana a ka itshwara jang kwa tshimologong, kgabagare o tshwanetse go dira ditshwetso dingwe tse di thata tse di amang ene le ngwana wa gagwe. Setlhogo sa rona se se latelang se tla tlotla ka kafa basetsana ba ka dirang ditshwetso tse di ntseng jalo ka botlhale ka gone.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 12 Go bona tshedimosetso malebana le go fenya maikutlo a go batla go ipolaya, bona motseletsele wa ditlhogo tse di buang ka kgang eno mo makasineng wa Tsogang! ya November 8, 2001.

[Lebokoso mo go tsebe 7]

Go Ima ga Basha—Dintlha Tse di Tshosang

Le fa gone dintlha tse di latelang di tlhalosa boemo jo bo leng gone kwa United States, di bontsha mathata a basha ba ba imang mo lefatsheng lotlhe ba lebaneng le one.

● Basetsana ba le 4 mo go ba le 10 ba ima pele ga ba tshwara dingwaga di le 20—basha ba ba imang ba ba fetang 900 000 ka ngwaga.

● Mo e ka nnang diperesente di le 40 tsa bommè ba ba sa leng basha ba ka fa tlase ga dingwaga tse 18.

● Go direga gantsi gore bana ba batsadi ba ba sa leng basha ba tlhorontshiwe le go tlhokomologiwa go feta bana ba batsadi ba ba godileng.

● Ke fela bommè ba le 4 mo go ba le 10 ba ba kafa tlase ga dingwaga tse 18 ba ba fetsang sekolo se se kwa godimo.

● Mo e ka nnang diperesente di le 80 tsa borrabana ga ba nyale basetsana ba ba ba imisang.

● Ke diperesente di le 30 fela tsa bommè ba ba sa leng basha ba ba nyalwang fa bana ba bone ba sena go tsholwa ba ba nnang mo manyalong ao; go ka direga ka makgetlho a le mabedi gore manyalo a basha a thubege fa a bapisiwa le manyalo ao mo go one mosadi a nyalwang a na le dingwaga tse di ka nnang 25.

● Go ka direga thata gore bana ba bommè ba e leng basha ba tsholwe ba na le boima jo bo kwa tlase ga jo bo tlwaelegileng jwa mmele, ba swe, ba tsholwe ba sa bone, ba sa utlwe, ba na le mathata a a sa feleng a go hema, ba sa gole sentle mo tlhaloganyong, ba na le malwetse a tlhaloganyo, ba golafetse boboko, ba sa kgone go bala e bile ba le matlhagatlhaga thata.

[Motswedi wa Setshwantsho]

Dintlha tseno di tserwe mo go Not Just Another Single Issue: Teen Pregnancy Prevention’s Link to Other Critical Social Issues, The National Campaign to Prevent Teen Pregnancy, February 2002.

[Lebokoso mo go tsebe 7]

Go Ima ga Basha Lefatshe ka Bophara

BRAZIL: Go begiwa gore, “basetsana ba basha ba le 698 439 ba ba kafa tlase ga dingwaga tse 19 ba ile ba tshola bana ka 1998 mo Lefapheng la Boitekanelo la Puso ya Brazil . . . ba le 31 857 ba basetsana bano e ne e le bana ba ba nang le dingwaga tse di fa gare ga 10 le 14, tse le wena o ka dumelang gore ke dingwaga tse di kwa tlase tota tse motho a ka nnang le ngwana mo go tsone.”—Folha de S. Paulo, August 25, 1999.

BORITANE: “Boritane e na le palo e e kwa go godimo thata ya bommè ba ba sa leng basha ba ba tsholang bana go feta dinaga tse dingwe mo Yuropa Bophirima . . . Go nnile le basha ba ba ka nnang 90 000 ba ba neng ba ima kwa Engelane ka 1997. Mo e ka nnang ba le bararo mo go ba le batlhano (56 000) ba bone ba ne ba felela ba tshotse bana, mme diperesente di le 90 tsa basha ba ba neng ba tshola bana ka 1997 ba ne ba sa nyalwa (mo e ka nnang ba le 50 000).”—Lone Parent Families, 2002.

MALAYSIA: “Bana ba ba tshotsweng kwantle ga lenyalo mo nageng ba oketsegile go tloga ka 1998 mme bontsi jwa bommaabone ba digela dingwaga tsa bone tsa bosha.”—New Straits Times—Management Times, April 1, 2002.

RUSSIA: “Dipalopalo tse di tserweng ke puso di bontsha gore mo e ka nnang nngwetharong ya masea otlhe a a tshotsweng mo Russia ngogola a ne a tsholwa ke bommè ba ba sa nyalwang, e leng palo e e menaganeng gabedi le ya dingwaga tse di lesome tse di fetileng e bile e le ka selekanyo se se iseng se bonwe go tloga ka Ntwa ya Lefatshe II. Mo e ka nnang diperesente tse di fetang 40 tsa masea ano a ne a tsholwa ke bommè ba ba sa leng basha.”—The Moscow Times, November 29, 2001.

UNITED STATES: “Le fa gone bosheng jaana dipalo tsa basha ba ba imang di ile tsa fokotsega, basha ba le 4 mo go ba le 10 ba ima mo e ka nnang gangwe pele ba tshwara dingwaga tse 20.”—Whatever Happened to Childhood? The Problem of Teen Pregnancy in the United States, 1997.

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Fa batsadi ba kgaogana, go ka direga thata gore mosha a ime

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Go bonala basha bangwe ba sa tlhaloganye sentle gore go tlhakanela dikobo go ka felela ka go ima

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Go ima go ama mosetsana le batho ba a ba ratang ka tsela e e masisi