Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Thusa le go Sireletsa Basha

Go Thusa le go Sireletsa Basha

Go Thusa le go Sireletsa Basha

KE SELO se se utlwisang botlhoko fa mosetsana—yo le ene e sa ntseng e le ngwana—a ima mme a sa nyalwa. Le fa go ntse jalo, go ima ga basha go aname, e bile go ama mongwe le mongwe ka tsela nngwe. Masetlapelo ano a go ima ga basha ke bosupi bo le bongwe fela jwa gore taelo eno ya Modimo e boammaaruri: “Tshabang kgokafalo.”—1 Bakorintha 6:18.

Le fa go ntse jalo, go a direga gore gangwe le gape mosetsana mongwe yo o rutilweng ditsela tsa Modimo a tlhophe go itlhokomolosa kana go tlogela dilo tse a di itseng. O tlhakanela dikobo a bo a iphitlhela a imile. Bakeresete ba boammaaruri ba itshwara jang fa seno se direga? Fa mosha yo o ntseng jalo yo o duleng mo tseleng a bontsha gore o a ikotlhaya, batsadi ba gagwe le maloko a mangwe a phuthego ya Bokeresete ba tshwanetse go mo thusa le go mo ema nokeng.

Akanya gape ka Nicole. Batsadi ba gagwe ba ne ba mo godisa go nna Mosupi wa ga Jehofa. Ka jalo go ne go utlwisa botlhoko thata fa a ne a ima a sa nyalwa. Le fa go ntse jalo, Nicole o gakologelwa a re: “Bakeresete ka nna ba ne ba tla kwa gae mme ba leke go nkgothatsa gore ke ithute Baebele le go nna gaufi le Jehofa.”

Nnyaa, ga se gore Basupi ba ga Jehofa ba amogela boitshwaro jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. Mme gone ba lemoga gore fa badiraphoso ba dirisa melaometheo ya Baebele, ba ka kgona go ‘fetoga.’ (Baroma 12:2) Ba na le tumelo e e sa reketleng ya gore Modimo o itshwarela badiraphoso ba ba ikotlhayang. (Baefeso 1:7) Ba lemoga gape gore le fa ngwana a imilwe kwantle ga lenyalo, ngwana yoo ga a na molato ope. Ka jalo, go na le gore ba itlhokomolose ngwana yo o ntseng jalo, maloko a phuthego ya Bokeresete a a mo rata e bile a amega ka ene fela jaaka a tla dira ka ngwana mongwe le mongwe mo gare ga bone.—Bakolosa 3:12.

Mmè mongwe yo o se nang molekane o ne a simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. O ne a amogela molaetsa wa Baebele ka bonako mme a dira diphetogo tse dikgolo mo botshelong jwa gagwe. O ne a bua jaana ka Basupi: “Botlhe ba ne ba kgatlhegela nna le bana ba me ka tsela ya mmatota. Ba ne ba mpha dijo le diaparo fa go tlhokega e bile ba nthusa le ka madi. Fa ke ne ke tshwanelega go nna le seabe mo bodireding jwa tshimo le Basupi ba ga Jehofa, ba ne ba ntshalela le bana. Ba ne ba dira sotlhe se ba ka se kgonang go nthusa gore ke rate Jehofa tota.”

Go go Thibela go Ise go Direge

Mme gone, go botoka thata go thusa basha gore ba tile mathata a a ntseng jalo a ise a direge. Ka jalo, Basupi ba ga Jehofa ba dira gore bana ba bone ba nne le lelapa le le lorato le ba nnang mo go lone. Go na le gore ba ba tshosetse fela ka kotsi ya AIDS kana ya go ima—Basupi ba leka go ruta bana gore ba rate Jehofa Modimo le melao ya gagwe tota. (Pesalema 119:97) Ba dumela gore bana ba tshwanetse go newa kitso e e leng yone ka ga tlhakanelodikobo. Mme se se botlhokwa, ba dumela gore go tloga fela kwa boseeng bana ba tlhoka go rutiwa melaometheo ya boitshwaro e e fitlhelwang mo Baebeleng. (2 Timotheo 3:15) Ba newa thuto e e ntseng jalo kwa Diholong tsa Bogosi tsa Basupi ba ga Jehofa. Le fa go ntse jalo, batsadi ba Basupi le bone ba kgothadiwa go ithuta Baebele le bana ba bone kwa gae. Go gatisitswe dikgatiso tse di tshwanang le buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo, go thusa batsadi go ruta bana ba bone kafa ba tshwanetseng go itshwara ka gone. *

Go latela ditekanyetso tse di tlhomameng tsa boitshwaro tsa Baebele go farologane thata le moya wa boitshwaro jo bo sa siamang o o anameng mo lefatsheng leno. Mme gone ke tsela ya botshelo e e ka sireletsang basetsana ba le bantsi ba ba sa leng basha mo masetlapelong a go ima ga basha.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 8 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Bakeresete ba boammaaruri ba tshwara bommè ba ba sa nyalwang ka bopelonomi le ka go ba akanyetsa