Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Jehofa, o Mpatlile Wa bo Wa Mpona!”

“Jehofa, o Mpatlile Wa bo Wa Mpona!”

“Jehofa, o Mpatlile Wa bo Wa Mpona!”

Jaaka go boletse Nelly Lenz

“A lo Basupi ba ga Jehofa?” Ke ne ka botsa banna ba babedi ba ba neng ba etetse lelapa la gaetsho jalo. Ba ne ba araba ka gore, “Ee.” Ke ne ka re, “Le nna ke Mosupi!” Ke ne ke le dingwaga di le 13 fela mme ke ne ke sa ye dipokanong kwa Holong ya Bogosi. Batsadi ba me e ne e se Basupi ba ga Jehofa. Mme ke eng fa ke ne ke ipitsa Mosupi?

FA E ka bo e se ka Basupi ba ga Jehofa, gongwe nka bo ke sa tsholwa. Mmè o ne a nkima fa a ne a nna kwa Montreal, Quebec, kwa Canada. O ne a le dingwaga di le 17 fela. Ba lelapa la gaabo ba ne ba mo gatelela thata gore a senye mpa. O ne a dumela.

Mmè o ne a kopa letsatsi kwa tirong gore a ye go senya mpa. Go bonala fa mothapi wa gagwe, yo e neng e le Mosupi wa ga Jehofa a ile a utlwa gore ke ka ntlha yang fa mmè a ne a ikopa mo tirong. O ne a bolelela mmè ka bokhutshwane kafa mpho ya botshelo e leng botlhokwa ka teng. (Pesalema 139:13-16) Fa Mmè a le mo tseleng a ya kwa tliliniking, o ne a ntse a akanya ka se mothapi wa gagwe a neng a se bua. O ne a swetsa ka gore a se ka a senya mpa. Fa ke sena go tsholwa ka 1964, mmè o ne a nkisa kwa legaeng la dikhutsana.

Fa ke Simolola go Utlwa Boammaaruri Jwa Baebele

Fa ke ne ke le dingwaga di ka nna pedi, mmè le monna wa gagwe yo mosha ba ne ba tla go ntsaya kwa legaeng la dikhutsana. Fa ba ne ba nna kwa Sainte-Marguerite-du-Lac-Masson, ba ne ba simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa le go ya kwa dipokanong tsa phuthego. Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae re ne ra fudugela kwa Boisbriand mme batsadi ba me ba tlogela go ithuta.

Dingwaga di se kae morago ga foo, ba ne ba boa ba ithuta gape. Ke ne ka reetsa go utlwa gore ga tweng ka tsholofetso ya Baebele ya lefatshe la paradaise. (Luke 23:43) Ke ne ka simolola go rata Jehofa fela thata.

Le fa go ntse jalo, letsatsi lengwe Mmè o ne a mpolelela gore o tlogetse go ithuta le Basupi le gore re ka se tlhole re ya kwa Holong ya Bogosi. La ntlha ke ne ka itumela. E re ka ke ne ke le ngwana wa dingwaga tse robedi, ka dinako tse dingwe dipokano di ne di tsaya nako e telele di sa tswe. Le fa go ntse jalo, maitseboa ao, ke ne ka batla go bua le Jehofa ka thapelo, mme ke ne ke tshwenyegile gore go ka nna ga direga gore a se ka a ntheetsa.

Ka Sontaga se se latelang ka thapama, ke ne ka bona baagelani ba rona ba e neng e le Basupi ba ga Jehofa ba tswa ba ya dipokanong kwa Holong ya Bogosi. Ke ne ka simolola go lela mme ka botsa Modimo ka re, “Ke eng fa bana ba bone ba kgona go ya dipokanong mme nna ke sa kgone?” Le fa go ntse jalo, mafoko ano a Pesalema 33:18 a ne a tla diragala: “Bona! Leitlho la ga Jehofa le mo go ba ba mmoifang, mo go ba ba letileng bopelonomi jwa gagwe jwa lorato.”

Go Boela Kwa Holong ya Bogosi

Morago ga dibeke tse tharo, ke ne ka etela baagelani ba rona mme ka bolelela mmè wa teng e bong Lilianne, gore ke batla go ya dipokanong. Lilianne o ne a ntlhalosetsa gore go ka se kgonege, ka gonne mmè o ne a sa batle go utlwa sepe ka Basupi ba ga Jehofa. Le fa go ntse jalo, ke ne ka tatalala. Ka jalo o ne a ya le nna kwa gae mme a botsa Mmè gore a nka tsamaya le bone. Ke ne ka gakgamala fa Mmè a ne a dumela. O ne a re dipokano di tla nthuta melaometheo e e siameng. Ka jalo, ke ne ka ya dipokanong Sontaga sengwe le sengwe.

Ke ne ka kgona go ya dipokanong tsa phuthego ka lobaka lwa dingwaga di ka nna tharo. Mme fa ke le dingwaga di le 11, batsadi ba me ba ile ba tlhalana, mme nna le mmè ra fuduga. Ke ne ka se ka ka tlhola ke kopana le Basupi ba ga Jehofa gape.

Tiragalo e ke Neng Ke sa E Lebelela

Letsatsi lengwe ke ne ke dutse mo ditepising tse di fa pele ga ntlo ya rona fa Basupi ba babedi—Eddie Besson le Don Fisher—ba ne ba tla mme ba mpotsa gore a batsadi ba me ba teng. Fa ke ba bolelela gore ga ba yo, banna bano ba ne ba retologa mme ba tsamaya. Ke ne ka ba tabogela, mme ra nna le motlotlo o o tlhalositsweng kwa tshimologong.

Go a utlwala go bo banna ba babedi bano ba ne ba gakgamala fa ba utlwa ke ipitsa Mosupi wa ga Jehofa. Ke ne ka tlhalosa seemo sa me mme ka ba kopa gore ba boe gape mo maitseboeng ao. Fa ke bolelela Mmè gore Basupi ba tla tla, o ne a galefa thata mme a re a ka se ka a ba letla gore ba tsene mo legaeng la rona. Tota e bile, o ne a ikemiseditse go tsamaya pele ga ba fitlha. Ke ne ka kopa Mmè ke ntse ke lela gore a se ka a tsamaya. E rile fela a re o a tswa, mongwe o ne a kokota mo setswalong mme Eddie Besson a tlhaga. Akanya fela gore ke ne ka itumela jang fa Mmè a ne a dumela go ithuta Baebele!

Kgabagare, ke ne ka kgona go ya kwa dipokanong tsa phuthego gape! Le fa go ntse jalo, mo dikgweding di se kae fela mo ngwageng oo, mmè o ne a boa gape a tlogela go ithuta. Mo lekgetlhong leno, o ne a nkiletsa go nna le kamano epe le Basupi, a bo a latlha dikgatiso tsotlhe tsa Basupi ba ga Jehofa tse a neng a kgona go di bona. Ke ne ka kgona go fitlha Baebele, buka ya dipina, dibolumo tse pedi tsa dimakasine tsa Tora ya Tebelo, dikgatiso tse pedi tsa Yearbook of Jehovah’s Witnesses le buka ya setlhogo se se reng Boamarure jo bo Isang Botshelong jo Bosakhutleng. * Mo thutong ya me ya bofelo, ke ne ka botsa Eddie Besson gore ke tshwanetse go dira eng, ka gonne ke rata Jehofa thata. O ne a nkgothaletsa gore ke ithute ka bonna le go rapela ka metlha. O ne a ntlhomamisetsa gore Jehofa o tla ntlhokomela. Ke ne ke le dingwaga di le 14 fela.

Go Itshwarela “Dipokano” Tsa Me

Go tloga ka nako eo, Sontaga sengwe le sengwe ke ne ke ya kwa kamoreng ya me mme ke bo ke dira e kete ke kwa dipokanong. Ke ne ke tle ke simolole ka go opela pina e e reng “O Lebe Fela kwa Mokgeleng!” ke bo ke konela ka yone ka gonne e ne e le yone fela pina ya Bogosi e ke neng ke kgona go e gakologelwa. Go fitlha gompieno, ga ke kgone go opela pina eno ke sa lele. Gape ke ne ke ithuta le setlhogo sengwe sa Tora ya Tebelo mo go nngwe ya dibolumo tse ke neng ke na le tsone. Ke ne ke konela “pokano” ya me ka thapelo. Le fa ke ne ke sa tlhole ke kopanela le Basupi, ke ne ke ikutlwa ke atamalane thata le Jehofa.

Fa ke le dingwaga di le 17, nna le Mmè re ne ra fudugela kwa Montreal. Dingwaga tseo di ne di le boima, ka gonne go ne go se na lorato gotlhelele mo lelapeng la gaetsho.

Ka Bonwa!

Letsatsi lengwe Mmè o ne a amogela buka ya O ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise mo Basuping ba ga Jehofa. Fa ke fitlha kwa gae, ke ne ka e bona mo tafoleng mme ka simolola go e bala. Fa ke bona gore e dirisa leina la Modimo e leng Jehofa, ke ne ka simolola go lela ka ba ka rapela mo pelong ka re “Jehofa, o Mpatlile Wa bo Wa Mpona!”

Ke ne ke tlhoka go ikgolaganya le bakaulengwe le bokgaitsadi ba me ba Bakeresete. Ke ne ke tla dira jalo jang? Mmè o ne a mpolelela gore go ka direga gore moagelani mongwe wa rona e bo e le Mosupi wa ga Jehofa. Ka jalo, fa ke ya tirong, ke ne ka ya kwa ntlong ya moagelani wa rona mme ka kokota. Monna mongwe—yo o neng a sa ntse a le mo borokong—o ne a bula setswalo. A bo a ne a gakgamala jang ne fa ke mmolelela gore ke Mosupi wa ga Jehofa mme ke batla go kolobediwa! O ne a rulaganya gore kgaitsadi mongwe wa Mokeresete e bong Josée Miron a ithute Baebele le nna. Mmè o ne a simolola gape go nna kgatlhanong le gore ke ithute Baebele. O ne a mpolela gore ke tla tshwanela gore ke lete go fitlha ke nna dingwaga di le 18 pele ga ke nna Mosupi.

A ke Tla Ithontsha Botshelo Jwa Lelapa?

Mothapi wa me o ne a lemoga gore seemo sa kwa gae se nna maswe le go feta. Mme gantsi o ne a ntaletsa gore ke itise le ene le mosadi wa gagwe ka mafelobeke. E re ka ke rata dipitse, gantsi re ne re di palama mmogo. E ne e kete ke batsadi ba me.

Letsatsi lengwe mothapi wa me o ne a mpolelela gore ene le mosadi wa gagwe ba nthata tota mme ba ne ba batla gore ke tle go nna le bone. O ne a batla go nnaya sengwe se ke sa bolong go se batla—lelapa le le lorato. Mme go ne go ikaegile ka selo se le sengwe—ke ne ke tshwanetse go tlogela go kopanela le Basupi ba ga Jehofa. Ba ne ba nnaya beke gore ke akanye ka gone, mme go ne go sa ntlhoke le letsatsi gore ke akanye ka kgang eno. Ke ne ka ba naya karabo ya me gone ka nako eo. Jehofa o ne a ise a ko a ntatlhe mme le nna ke ne ke se kitla ke mo latlha.

Go Direla Modimo

Ka ntlha ya mathata a ke neng ke na le one kwa gae, ke ne ka ya go nna le rre wa me wa bobedi. O ne a nkgothaletsa gore ke tswelele pele ke ithuta mme ka December 17, 1983, fa ke le dingwaga di le 19, ke ne ka kolobediwa. Ke ne ka itumela thata fa ke bona Eddie Besson ka letsatsi le ke neng ke kolobediwa ka lone. Ka nako eo o ne a sa belaele gore tota ke Mosupi wa ga Jehofa!

Le fa go ntse jalo, boikutlo jwa ga rre wa me wa bobedi bo ne jwa fetoga fa ke sena go kolobediwa. Fa a ne a ka mpona ke rapela, o ne a tle a buele kwa godimo a bo a nkonopa ka dilo! O ne a leka go nkgoreletsa gore ke se ka ka fitlhelela mokgele wa me wa go nna mmulatsela, e leng moreri wa nako e e tletseng, ka go gatelela thata gore ke tsweletse dithuto tsa me pele. Kgabagare o ne a nkopa gore ke tswe mo gae. O ne a nnaya tšheke ya didolara tsa Canada di le 100 mme a mpolelela gore fa nka ya go tsaya madi a tšheke eo, ke tla itse gore Jehofa ga a ntlhokomele.

Ke ne ka nna mmulatsela ka September 1, 1986 mme ke sa ntse ke na le tšheke eo—ga ke a ya go tsaya madi a teng—go fitlha le gompieno! Ka dinako tse dingwe go ne go le boima go nna mmulatsela kwa mafelong a metseselegae ke se na koloi. Mme maloko a phuthego e ke neng ke kopanela le yone a ne a nkema nokeng thata e bile a nthusa.

Fa nako e ntse e tsamaya, ke ne ka kopana le monna mongwe wa Mokeresete yo o pelonomi e bong Ruben Lenz. Re ne ra nyalana ka 1989. Gone jaanong Ruben ke mogolwane mo phuthegong ya Milton, Ontario, kwa Canada, mo re sa ntseng re nna teng fa e sale ka 2002. Lenyalo la rona e nnile nngwe ya masego a magolo a Jehofa a ileng a nkabela one. Ke ne ka tswelela ke le mo tirelong ya nako e e tletseng go fitlha re nna le ngwana wa rona wa ntlha e bong Erika ka 1993. Mo e ka nnang dingwaga di le tharo fela morago ga foo, re ne ra nna le ngwana wa mosimane e bong Mika. Morago ga gore ke jewe ke bodutu ka dingwaga di le dintsi, Jehofa Modimo o ne a ntshegofatsa thata ka lelapa le le mo ratang jaaka nna.

Le fa gone ke ne ke tle ke kgaogane le batho ba ga Jehofa fa ke gola, ga ke ise ke ko ke tlogele go solofela mo Modimong le go tswelela ke dumela mo tsholofetsong ya botshelo jo bo sa khutleng mo Paradaiseng. (Johane 3:36) A bo ke leboga jang ne go bo Jehofa a ile a ‘a mpatla a bo a mpona!’

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 17 Di gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Ke palame pitse ya mothapi wa me

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Nelly Lenz a na le monna wa gagwe Ruben le bana ba gagwe e bong Erika le Mika