Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Keretšhe E e Se Nang Ditshamekisi

Keretšhe E e Se Nang Ditshamekisi

Keretšhe E e Se Nang Ditshamekisi

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA JEREMANE

Moso mongwe fa bana ba fitlha kwa keretšheng, ba ile ba fitlhela go se na sepe mo diphaposing tsotlhe, go setse fanitšhara fela. Ba ne ba batla dilo tsa bone tsa go tshameka, tse di tshwanang le bompopi, diphologolo tse di dirilweng ka letsela le tse dingwe, mme ba se ka ba bona sepe. Go ne go se na dibuka le fa e le dilo tse ba agang ka tsone fa ba tshameka. Tota le dikere kgotsa pampiri di ne di seyo. Ditshamekisi tsotlhe di ne di tserwe di beilwe go sele ka lobaka lwa dikgwedi di le tharo. Go ne go diragetse eng?

Keretšhe eno ke nngwe ya tse dintsi tse di anamang thata kwa Austria, kwa Jeremane le kwa Switzerland tse di nang le seabe mo letsholong le go tweng ke la Dikeretšhe Tse di se Nang Ditshamekisi. Le fa go ka tswa go gakgamatsa, boikaelelo jwa tiro eno, e baitse ba tsa botsogo ba European Union ba e rotloetsang thata, ke go thibela mokgwa wa go lemalela dilo. Mo dingwageng tsa bosheng jaana babatlisisi ba ile ba lemoga gore batho ga ba tshwakgolwe motlhofo ke dilo tse di tshwakgolang fa ba ka ithuta go nna le bokgoni jwa go dirisana sentle le batho ba bangwe fa ba sa le bannye. Lokwalo longwe lwa dikgang lo bolela gore bokgoni jono bo akaretsa “bokgoni jwa go buisana le jwa go dira ditsala motlhofo, go rarabolola dikgotlhang, go amogela boikarabelo jwa se o se dirang, go ipeela mekgele, go kgona go lemoga mathata, go batla thuso le go batla tharabololo.” Go ya ka batho ba ba buelelang thulaganyo eno, bokgoni jo bo ntseng jalo bo tshwanetse go tlhagolelwa motho a sa le monnye thata, mme seno se ka fitlhelelwa fa go nna le dinako tse ka tsone go se nang ditshamekisi, e bile go godisa bokgoni jwa ngwana jwa go tlhama dilo le go mo thusa gore a itshepe.

Nako eno ya dikgwedi tse tharo e go se nang ditshamekisi ka yone e ile ya rulaganngwa sentle, mme batsadi le bana ba ne ba itsisiwe ka yone. Mo tshimologong, bana bangwe ba ne ba sa itse gore ba direng. Pego ya re: “Go na le dikeretšhe tsa motshegare tse bana ba sa laolesegeng mo go tsone mo dibekeng tsa ntlha tse nnè,” mme ka nako eo barulaganyi ba ne ba tsenwa ke tsebetsebe. Le fa go ntse jalo bana ba tlwaela boemo jono mme ba simolola go tla ka maano a mangwe. Fa bana ba se na ditshamekisi tse ba ka tshamekang ka tsone, ba a buisana le go rulaganya se ba ka se dirang le go tshameka mmogo, mme ka tsela eo ba tokafatsa bokgoni jwa bone jwa go bua le jwa go dirisana le batho ba bangwe. Bangwe ba bana ba ba neng ba tlhola ba itshamekela ba le nosi ka ditshamekisi tsa bone, gone jaanong ba kgona go dira ditsala. Batsadi le bone ba lemogile diphetogo dingwe tse di itumedisang. Ba re bana ba ne ba itshwara sentle fa ba tshameka e bile ba kgona go itlhamela dilo botoka go gaisa pele.