Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Mekgwa e o Tshwanelwang ke go Tlhopha mo go Yone le Dipotso Tse di Tsogang

Mekgwa e o Tshwanelwang ke go Tlhopha mo go Yone le Dipotso Tse di Tsogang

Mekgwa e o Tshwanelwang ke go Tlhopha mo go Yone le Dipotso Tse di Tsogang

Akanya ka kutlobotlhoko ya banyalani ba ba batlang go nna le ngwana mme go sa kgonege ka gonne ba sa tshole bana. Ka gone ba kopa thuso ya tsa kalafi mme ba lemoga gore go na le mekgwa e le mentsi e e ka dirisiwang e e ka ba thusang go baakanya bothata jono jwa bone jwa go se tshole bana. A go botlhokwa gore ba tlhopha mofuta ofe wa kalafi, fa e le gore o gone?

GOMPIENO banyalani ba ba sa kgoneng go tshola bana ba na le ditsela tse di farologaneng tsa kalafi tse ba ka di dirisang tse di neng di seyo mo masomeng a le mmalwa a dingwaga a a fetileng. Mme ditsela tseno tse di farologaneng tse ba ka di dirisang di tsosa potso nngwe e e botlhokwa, Go dirisa mekgwa eno ya boranyane ya go thusa go ima go siame go le kana kang? Mme gone pele ga re sekaseka kgang eno, a re boneng kafa dikereke tse di farologaneng di lebang mekgwa eno ka gone.

Dikereke Tse di Farologaneng di a Reng?

Ka 1987 Kereke ya Katoliki e ne ya ntsha pego e e neng e tlhalosa gore go siame go le kana kang go dirisa mekgwa eno ya go thusa go ima. Polelo nngwe e e neng ya kwalwa, e e bidiwang Donum Vitae (Mpho ya Botshelo), e ne ya bolela gore fa mekgwa e e dirisiwang mo go tsa kalafi e thusa mosadi yo o robetseng le monna wa gagwe gore a ime, kalafi e e ntseng jalo e ka tsewa e le e e siameng. Kafa letlhakoreng le lengwe, pego eno e ne ya bontsha gore fa e le gore mokgwa o o dirisiwang wa kalafi o dirisiwa mo boemong jwa tlhakanelodikobo, kalafi e e ntseng jalo ga e a siama. Go ya ka se se boletsweng fano, go ariwa gore go baakanngwe mesele e e tswalegileng ya mae, le go dirisa diokobatsi tse di thusang go ima go siame, mme go kopanngwa ga lee le peo kafa ntle ga popelo gone ga go a siama.

Mo ngwageng o o latelang U.S. Congressional Committee e ile ya batlisisa mo dikerekeng tse di farologaneng go bona gore di leba jang mekgwa eno ya kalafi ya go thusa go ima. Pego ya bofelo e ne ya bontsha gore bontsi jwa tsone di ne di amogela mokgwa o o tlwaelegileng wa kalafi, mokgwa wa go tsenngwa ga peo ya monna mo mosading wa gagwe, le mokgwa wa go kopanya lee le peo mo galaseng, fa e le gore go dirisiwa peo ya monna le lee la mosadi ba ba nyalaneng. Mo godimo ga moo, bontsi jwa dikereke tse go neng ga dirwa dipatlisiso mo go tsone di ne tsa bontsha gore go senngwa ga disele tse di sa ntseng di ikatisa, go tsenngwa ga peo ya monna mo mosading yo e seng wa gagwe le go imela mosadi yo mongwe ngwana ga go a siama. *

Ka 1997, European Ecumenical Commission for Church and Society (EECCS), e leng mokgatlho mongwe wa dikereke tsa Porotesetanta, Anglican le Orthodox, o ile wa bontsha mo lekwalong le le tlhalosang maikutlo a one gore dikereke di na le maikutlo a a sa tshwaneng mo ntlheng eno ya go dirisa mekgwa ya boranyane ya go thusiwa go ima. Fa lekwalo leno le ne le leka go bontsha gore ntlha eno e tlogeletswe segakolodi sa motho le gore ke ene a tshwanetseng go itirela ditshwetso mo go yone, le ne la re: “Go raya gore motho ga a ka ke a bua ka tlhomamo gore dikereke tsa mokgatlho wa EECCS di eme kae mo ntlheng eno. Go na le moo di na le dikgopolo di le dintsi tse di farologaneng.”

Go bonala sentle gore go na le dikgopolo tse di sa tshwaneng malebana le kgang eno ya go dirisa mekgwa ya boranyane ya go thusa go ima. Mokgatlho wa lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng wa World Health Organization o a dumela gore kgang eno ya go dirisa mekgwa ya boranyane go thusa go ima “ka dinako tsotlhe e dira gore motho a ipotse gore kgang eno e lejwa jang mo setšhabeng, a ipotse gore ke eng se se tsewang se siame le se se tsewang se sa siama, a bo a ipotse le gore molao o e leba jang.” Dingwe tsa dilo tse batho ba tshwanetseng go di sekaseka pele ga ba dira tshwetso malebana le go dirisa mekgwa ya boranyane ya go ima ke dife?

Ke Dilo Dife Tse di Akarediwang?

Selo sa konokono se se tshwanetseng go akanyediwa ke boemo jwa disele tseno tse di sa ntseng di ikatisa mo popelong ya mosadi. Seno se tsosa potso nngwe e e botlhokwa, Botshelo bo simologa leng—fa lee le peo di kopana kgotsa moragonyana ka nako ya fa mosadi a imile? Ruri karabo ya potso eno e tla ama tshwetso e bontsi jwa banyalani ba e dirang malebana le kalafi. Ka sekai, fa e le gore banyalani ba dumela gore botshelo bo simolola ka nako ya fa lee le kopana le peo, seo se raya gore go na le dipotso tse dingwe gape tse di botlhokwa tse di tshwanetseng go sekasekiwa.

● A banyalani ba tshwanetse go letlelela dingaka di latela mokgwa o o tlwaelegileng wa go kopanya mae a le mantsi go feta a a ka dirisiwang le dipeo, ka boikaelelo jwa gore go nne le mae a mangwe a a salang a e tla nnang disele tse di sa ntseng di ikatisa mme a bo a bewa gore a dirisiwe mo isagweng?

● Go tla diragalang ka disele tsele tse di sa ntseng di ikatisa tse di bolokilweng fa go ka direga gore ka moso banyalani ba bo ba sa kgone kgotsa ba sa tlhole ba batla go nna le bana ba bangwe gape?

● Go tla diragalang ka disele tsele tse di bolokilweng fa go ka direga gore banyalani ba tlhalane kgotsa mongwe wa bone a swe?

● Ke boikarabelo jwa ga mang go senya disele tsele tse di sa ntseng di ikatisa?

Kgang ya gore go dirwe eng ka disele tsele tse di bolokilweng tse di ka se kang tsa dirisiwa ga e ka ke ya tsewa e le selo se se motlhofo fela. Mo dinageng dingwe molao o laela gore banyalani ba kwale tumalano e e bolelang ka tlhomamo gore go dirweng ka disele tse di setseng—ka mafoko a mangwe, a di tshwanetse go bolokiwa, go abelwa batho ba bangwe, go dirisediwa dipatlisiso kgotsa go latlhiwa. Banyalani ba tshwanetse go ela tlhoko gore mo mafelong mangwe tliliniki e e thusang batho ba ba sa kgoneng go ima ga e tlhoke lekwalo le le e nayang tetla ya gore e latlhe disele tse di bolokilweng fa e le gore disele tseo ga di dirisiwe mo lobakeng lwa dingwaga di feta tse tlhano. Gompieno, ditliliniki mo lefatsheng lotlhe di na le diketekete tsa disele tseno tse di gatseditsweng.

Selo se sengwe se se tshwanetseng go akanyediwa ke gore banyalani ba ka nna ba kopiwa gore ba abe disele tseno tse di sa ntseng di ikatisa tse ba sa di diriseng gore go dirwe dipatlisiso ka tsone. Ka sekai, American Infertility Association e ile ya kgothaletsa banyalani gore ba abe disele tsa bone tse di sa ntseng di ikatisa, tse ba sa di diriseng gore go dirwe dipatlisiso ka tsone. Gareng ga tse dingwe go dirisiwa disele tseno go dira dipatlisiso gore go bonwe ditsela tse disha tsa go alafa malwetse. Mme tsela eno ya go dira dipatlisiso e ile ya tsosa dipuopuo ka gonne go kgaoganya disele tseno tse di sa ntseng di ikatisa ke go di bolaya. *

Mekgwa e mesha ya boranyane ya go fetola dijini le yone e tsosa dipotso tse dingwe gape mo ntlheng eno. Ka sekai, akanya ka mokgwa wa go tlhatlhoba dijini tsa disele pele ga di tsenngwa mo popelong. (Bona lebokoso le le reng “Go Tweng ka Mokgwa wa go Tlhatlhoba Dijini Tsa Disele Pele ga di Tsenngwa mo Popelong?”) Mokgwa ono o akaretsa go tlhatlhobiwa ga dijini tsa disele tse di sa ntseng di ikatisa mme morago ga moo motho a bo a tlhopha tse a di batlang—gongwe e le tsa bong jo a bo batlang kgotsa tse di se nang jini e e rileng e e bakang bolwetse bongwe—e bo e nna tsone tse di tsenngwang mo popelong. Batho ba ba nyatsang mokgwa ono ba re mokgwa ono o ka dira gore go nne le kgethololo ya bong kgotsa kgabagare o ka dira gore banyalani ba itlhophele gore ba batla bana ba bone ba nna jang, ba tlhophe gore ba batla ba nna le moriri kgotsa matlho a a ntseng jang. Mokgwa ono wa go tlhatlhoba dijini tsa disele o tsosa potso e nngwe, Go diragalang ka disele tse di sa ntseng di ikatisa, tse di sa tlhophiwang?

A Seno se Ama Kamano ya Lenyalo?

Fa go akanngwa ka mefuta mengwe ya go dirisa mekgwa ya boranyane go thusiwa go ima, go na le kgang e nngwe e e tshwanetseng ya akanyediwa. Go imelwa ngwana ke mosadi o sele kgotsa go dirisiwa ga peo kgotsa lee le o le filweng go tla ama jang lenyalo la lona? Mekgwa mengwe e e dirisiwang e ka dira gore go nne le motho wa boraro (banyalani le motho yo o abang lee kgotsa peo) kgotsa ya dira gore ba nne banè (banyalani le batho ba babedi, yo mongwe a aba lee yo mongwe peo) kgotsa ya dira gore ba nne batlhano (banyalani le batho ba babedi, yo mongwe a aba lee yo mongwe a aba peo le yo o tla imang lesea) mo thulaganyong eno ya go tsholwa ga ngwana.

Mo kalafing e mo go yone go dirisiwang lee le peo tse di abilweng ke mongwe o sele, batho ba ba akarediwang moo ba tshwanetse go ela tlhoko mabaka a mangwe.

● Seno se tlile go ama jang batsadi ba ngwana yono mo maikutlong fa e le a le mongwe fela wa bone yo go dirisitsweng dijini tsa gagwe—kgotsa gongwe e bile go sa dirisiwa dijini tsa bone boobedi?

● Ngwana yono o tla ikutlwa jang fa a sena go itse gore o imilwe ka tsela eno e e sa tlwaelegang?

● A ngwana o tshwanetse go bolelelwa gore tota batsadi ba gagwe ke bomang a bo a letlelelwe gore a ye go ba batla?

● Batho ba ba abileng lee kgotsa peo ya bone ba na le ditshwanelo dife mo ngwaneng kgotsa mo molaong?

Go Tweng Ka go Se Bolelele Bana Sepesepe ka Batsadi ba Bone ba Tlholego?

Mo dinageng di le dintsi go latelwa molao wa gore go se ka ga itsiwe sepe ka batho ba ba abang lee kgotsa peo. Human Fertilisation and Embryology Authority, e e laolang go dirisiwa ga lee le peo mo bathong kwa Boritane, e tlhalosa jaana: “Ntle le fa batho ba ba abelanang lee kgotsa peo ba itsane, banyalani ba ba fiwang lee kgotsa peo le bana ba ba tsholwang ka ntlha ya mokgwa ono wa kalafi, ga ba a tshwanela go itse sepe ka batho ba ba ba abelang lee kgotsa peo gone jaanong kgotsa ba ba di abileng mo nakong e e fetileng.”

Le fa go ntse jalo, kgang eno ya molao wa gore ba ba abang lee kgotsa peo ba se ka ba itsiwe e ile ya tsosa dikganetsano tse dikgolo mo mafelong mangwe. Dinaga di le mmalwa di ile tsa fetola melao ya tsone gore e tsamaisane le maemo a tsone. Batho ba ba leng kgatlhanong le molao ono ba gatelela gore bana ba tshwanetse go itse sentle gore ke bomang. Pego eno ya re: “Diperesente di feta 80 tsa batho ba ba godisitsweng ke batho ba e seng batsadi ba bone ba batla go itse ba losika lwa bone, e le fela gore ba kgotsofatse keletso e ba le bantsi ba bone ba nang le yone ya go batla go itse ba losika lwa bone. Mo e ka nnang diperesente di le 70 tsa bone ba batla go itse tshedimosetso e e botlhokwa malebana le dilo tse ba ka tswang ba di gotsitse mo batsading ba bone ba tlholego.”

Pego e nngwe e e neng ya kwalwa morago ga go botsolotsa batho ba le 16 ba ba neng ba imiwa go dirisiwa mokgwa ono wa go aba peo kgotsa lee, e ne ya tlhalosa gore “ba le bantsi ba bone ba ne ba tshosiwa ke go itse gore ba tlholegile jang.” Pego eno e ne ya oketsa jaana: “Bana ba le bantsi ba ile ba nna le mathata a go ikitse gore tota ke bomang e bile ba na le maikutlo a gore ba latlhilwe. Bangwe ba ne ba ikutlwa ba tsieditswe e bile ba sa tshepe ba malapa a bone.”

O Tla Swetsa ka go Dirang?

Ga go na pelaelo ya gore saense ya kalafi e tlile go tswelela pele e ntse e ribolola dilo tse disha ka mokgwa ono wa boranyane wa go thusa go ima. Bangwe ba bonela pele gore mo isagweng diperesente di le 30 tsa bana botlhe ba ba tsholwang e tla bo e le ba ba imilweng go dirisiwa mokgwa ono wa boranyane. Mokgwa ono o sa ntse o tlile go tswelela o tsosa dipuopuo.

Bakeresete ba boammaaruri ba kaelwa ke sengwe se se botlhokwa le go feta—tsela e Mmopi wa rona a lebang dilo ka yone, ene yo o re fileng bokgoni jwa go tshola bana. (Pesalema 36:9) Gone ke boammaaruri gore Baebele ga e bue ka tlhamalalo ka mekgwa eno ya segompieno ya boranyane jwa go thusa go ima, ka gonne mekgwa eno e ne e seyo ka dinako tsa go kwalwa ga Baebele. Le fa go ntse jalo, Baebele e na le melaometheo e e utlwalang sentle e e bontshang se Modimo a se akanyang le tsela e a lebang dilo ka yone. (Bona lebokose le le reng “Baebele ya Reng?”) Melaometheo eno e re thusa gore re dire ditshwetso tse di tshwanetseng tse di tla re tlogelang ka segakolodi se se molemo fa pele ga Modimo.—1 Timotheo 1:5.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 6 Dikishinare e tlhalosa go imela mosadi yo mongwe ngwana e re ke fa “mosadi yo mongwe a nna moimana, gantsi e le ka go dirisa peo ya monna wa mosadi yo o sa imeng kgotsa go tsenngwa ga lee le le setseng le kopantswe le peo mo sebopelong sa mosadi yo o imang e le gore a tsholele mosadi yo o sa imeng ngwana.”

^ ser. 16 Bona motseletsele wa ditlhogo tse di reng “Stem Cells—Has Science Gone Too Far?” (Disele Tse Dikgolo—A Saense e Feteletse Jaanong?) mo makasineng wa Tsogang! wa November 22, 2002 (ka Seesemane).

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 24]

Preembryo Ke Eng?

Fa go buiwa ka “preembryo” go tewa se se diregang mo lobakeng lwa malatsi a le 14 a ntlha morago ga gore peo e kopane le lee. Morago ga moo e bidiwa embryo (sele e e sa ntseng e ikatisa) go fitlha mo bofelong jwa dibeke di le robedi. E re go tswa foo e bidiwe leseanyana le le iseng le tsholwe (fetus). Mme gone ke ka ntlha yang fa go dirisiwa lefoko leno “preembryo”?

Go ya ka International Journal of Sociology and Social Policy, go ne ga dirisiwa lefoko leno “e le seipato sa gore go kgonege go dira dipatlisiso ka sele ya motho e e sa ntseng e ikatisa” mo malatsing a ntlha a a 14 morago ga gore peo e kopane le lee. Buka nngwe e tlhalosa jaana: “Fa motho a tlhalosa sele e e sa ntseng e ikatisa a re ke go bopega ga selo se se tlogang se fetoga lesea, go raya gore dikarolo tsa sone tsa ntlhantlha di a bo di ise di bopege mo lobakeng lwa dibeke di le pedi morago ga gore peo e kopane le lee.” A mme preembryo e ka tsewa e le mokoa fela wa disele, o o ka dirisetswang fela go dira dipatlisiso? Akanya ka se tota se diregang mo lobakeng lono lwa dibeke di le pedi.

Fa peo e sena go tsena mo teng ga lee, go tsaya mo e ka nnang diura di le 24 gore dikoromosomo tsa monna le tsa mosadi di kopane. Mo malatsing a sekae a a latelang, sele eno e a ikgaoganya. Mo lobakeng lwa malatsi a le manè kgotsa a le matlhano morago ga gore peo e kopane le lee, mokoa ono wa disele o nna selo se se kgolokwe (se sennye thata mo tlhogwaneng ya nnale) se se nang le bokafantle jwa sele le dilo tsotlhe tse di fitlhelwang mo teng ga sele. Kgolokwenyana eno e bidiwa blastocyst. Bontsi jwa disele tse di kafa ntle di tla nna di gola go nna dithishu tse di se kitlang di nna karolo ya sele eno e e ikatisang. Le fa go ntse jalo, lesea le tlile go bopega go tswa mo dikarolong tse di fitlhelwang mo teng ga sele.

Mo lobakeng lwa beke morago ga gore lee le kopane le peo, sele e tsena mo popelong. Blastocyst e simolola go tshwaragana le popelo mme e simolola go bopa samorago, e e tla dirang gore okosejene le dijo tse di tswang mo mading a mmangwana di kgone go fetela mo leseeng, le gore e kgone go ntsha leswe le le tswang mo leseeng. Go ya ka buka ya Incredible Voyage—Exploring the Human Body, mo e ka nnang ka letsatsi la borobongwe dikarolo tse di mo teng tsa sele di simolola “tiro ya go bopa motho yo mosha.” E oketsa jaana: “Disele tseno tse 20 kgotsa go feta di sa ntse di tshwanelwa ke go nna di iphetophetola, di ipopa ka ditsela tse di farologaneng mo lobakeng lo longwe gape lwa malatsi a le matlhano kgotsa a le marataro go bopa karolo ya ntlha ya sele e e sa ntseng e ikatisa.” Ka jalo fa beke ya bobedi e wela, ‘karolo eno ya ntlha ya sele,’ e ditshika tse dikgolo tsa boboko di feleletsang di tlhagile mo go yone e simolola go bonala.

Ka ntlha ya tiragalo eno e e tsamayang kgato ka kgato, e e diregang fa sele ya motho e e sa ntseng e ikatisa e sa ntse e simolola, bangwe ba re “ga go na se se ka supiwang ga twe ke go simologa ga sele e ntšha e e sa ntseng e ikatisa ya motho.”

Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba boammaaruri ba dumela gore botshelo bo simolola fela fa lee le sena go kopana le peo. Ntlha fela ya gore lee la ntlhantlha le le setseng le kopane le peo le na le ditaelo tse di tla thusang go bopa samorago, go tsena ga sele mo popelong, go golaganya sele eno le ditshika tsa madi tsa mmangwana, le dilo tse dingwe tse dintsintsi, e dira gore ba anaanele Mmopi yo Mogolo, e bong Jehofa Modimo, fela thata.

[Setshwantsho]

Sele e e sa ntseng e ikatisa ya motho morago ga malatsi a le mararo (e godisitswe ga makgetlho a le 400X)

[Motswedi wa Setshwantsho]

Courtesy of the University of Utah Andrology and IVF Laboratories

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 25]

GO TWENG KA MOKGWA WA GO TLHATLHOBA DIJINI TSA DISELE PELE GA DI TSENNGWA MO POPELONG?

Mokgwa o mongwe o mosha o o dirisiwang go kopanya lee le peo kwa laboratoring ke o o bidiwang mokgwa wa go tlhatlhoba dijini tsa disele pele ga di tsenngwa mo popelong (preimplantation genetic diagnosis). Seno se akaretsa go tlhatlhoba disele tse di sa ntseng di ikatisa mme e re go tswa foo go tlhophiwe e e tla tsenngwang mo popelong. Fa buka ya Choosing Assisted Reproduction—Social, Emotional and Ethical Considerations e bua ka mokgwa ono e tlhalosa jaana:

“Go ise go ye kae [baitsesaense] ba tla bo ba kgona go bona dikarolo tsa mmele, bokgoni jwa go akanya gongwe le boikutlo le botho jwa sele e e sa ntseng e ikatisa. Ka gone mo bogautshwaneng batsadi ba tla bo ba kgona go tlhopha dikarolo dingwe tsa botho jwa bana ba bone. Le fa gone batho ba le bantsi ba ka amogela gore go dirisiwe mokgwa wa go tlhatlhoba dijini pele ga di tsenngwa mo popelong mo banyalaning ba ba nang le malwetse mangwe a a masisi, ba le bantsi ga ba na ba o amogela mo banyalaning ba ba batlang gore ngwana wa bone e nne wa bong jo bo rileng—kgotsa gongwe mo isagweng, ba tla batlang gore ngwana wa bone a nne le matlho a matala, kgotsa a nne le bokgoni bongwe jwa mmino kgotsa e nne motho yo moleele.

“Mokgwa ono wa go tlhatlhoba dijini pele ga di tsenngwa mo popelong, fela jaaka mekgwa e mengwe e mentsi, o dira gore batho ba ipotse gore a lebaka fela la gore sengwe se a kgonega, le raya gore se tshwanetse sa dirwa. . . . Bothata ke gore ke dithibelo dife tse di tshwanetseng tsa tlhomiwa—fa e le gore di teng—mo mokgweng ono o o raraaneng wa boranyane.”

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 26]

BAEBELE YA RENG?

Ke boammaaruri gore Baebele ga e bue ka tlhamalalo ka mekgwa e e dirisiwang gompieno ya go thusa batho go ima. Le fa go ntse jalo, e re thusa go bona tsela e Modimo a lebang dilo ka yone mo dikgannyeng dingwe tsa botlhokwa. Mme go itse dikarabo tsa dipotso tse pedi tsa botlhokwa go ka thusa Bakeresete ba boammaaruri go dira ditshwetso tse di itumedisang Modimo.

Botshelo jwa motho bo simologa leng? Baebele e bontsha gore botshelo bo simologa ka nako ya fa lee le kopana le peo. Ela tlhoko mafoko a mopesalema Dafide, yo o neng a tlhotlhelediwa go bolela jaana ka Modimo: “Matlho a gago a ne a bona go nna ga me ke ise ke bopege, mme mo lokwalong lwa gago go ne go kwadilwe ditokololo tsotlhe tsa me.” (Pesalema 139:16, Baebele e e Boitshepo) Akanya gape ka Ekesodo 21:22, 23, e mafoko a yone a fa e ne e kwalwa la ntlha a bontshang gore motho o ne a tla bo a le molato fa a ne a ka gobatsa ngwana yo o iseng a tsholwe. Fano re ithuta gore Mmopi wa rona o leba botshelo bo le botlhokwa thata, tota le e leng mo nakong ya fa losea lo sa ntse lo simolola fela mo popelong. Mo matlhong a Modimo go senya ka bomo fela sele e e sa ntseng e ikatisa go tshwana fela le go senya mpa. *

A go na le dilo tse motho a sa letlelelwang go di dira malebana le kafa a ka dirisang dinonofo tsa gagwe tsa go tshola bana ka gone? Tsela e Modimo a lebang ntlha eno ka yone e fitlhelwa mo go Lefitiko 18:20, e e reng: “O se ka wa naya mosadi wa mongwe ka wena go tswa ga peo ya gago gore o itshekololwe ke gone.” Molaomotheo wa konokono mo taelong eo ya Dikwalo ke ono: Peo ya monna ga e a tshwanela go dirisediwa go imisa mosadi ope o sele fa e se wa gagwe fela, mme mosadi ga a tshwanela go imela motho o sele ngwana fa e se go imela monna wa gagwe fela. Ka mafoko a mangwe, dinonofo tsa go tshola bana ga di a tshwanela go dirisediwa motho yo mongwe o sele fa e se molekane wa lenyalo fela. Ka gone, Bakeresete ba boammaaruri ga ba imele basadi ba bangwe bana e bile ga ba dirise ope wa mekgwa e e akaretsang go dirisa peo, lee kgotsa sele e e sa ntseng e ikatisa e ba e filweng ke motho yo mongwe. *

Fa Bakeresete ba dira tshwetso malebana le go dirisa mekgwa ya boranyane go thusiwa go ima, ba tshwanetse ba akanyetsa ka kelotlhoko se Baebele e se buang malebana le gore Modimo a reng ka kgang eno. * Kana e bile ke ene Mosimolodi wa lenyalo le botshelo jwa lelapa.—Baefeso 3:14, 15.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 55 Bona setlhogo se se reng “Maikutlo a Bibela: Botshelo Jwa Motho bo Simologa Leng?” mo makasineng wa Tsogang! wa October 8, 1990.

^ ser. 56 Bona setlhogo se se reng “Kgopolo E e Mo Baebeleng: Go Imela Motho Ngwana—A Bakeresete Ba ka Go Dira?” mo makasineng wa Tsogang! wa March 8, 1993, le se se reng “What Is the Bible’s View?—Is Artificial Insemination Acceptable to God?” (“Pono ya Baebele ke Efe?—A Modimo o Amogela go Tsenngwa Peo mo Popelong ka Mokgwa o e Seng wa Tlholego?”) mo makasineng wa Tsogang! wa August 8, 1974 (ka Seesemane).

^ ser. 57 Go bona tshedimosetso malebana le mokgwa wa go kopanya lee le peo mo galaseng go dirisiwa peo ya monna le lee la mosadi wa gagwe, bona “Dipotso Tse di Tswang go Babadi,” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa June 1, 1981 (ka Seesemane).

[Ditshwantsho mo go tsebe 23]

Disele tse di sa ntseng di ikatisa tse di gatseditsweng

[Motswedi wa Setshwantsho]

© Firefly Productions/CORBIS