Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Re Tshwanetse go Tshwara Batsofe Jang?

Re Tshwanetse go Tshwara Batsofe Jang?

Kgopolo E e Mo Baebeleng

Re Tshwanetse go Tshwara Batsofe Jang?

KA SETLHA sa selemo sa 2003, go ile ga swa diketekete tsa batho go ralala Yuropa ka ntlha ya mogote o o feteletseng o o neng wa tlhasela Kontinente eo morago ga dingwaga di le 60. Bontsi jwa batho ba ba neng ba swa e ne e le batho ba ba tsofetseng. Bangwe ba bone ba ne ba tlogetswe ba le bosi ke ba losika ba ba neng ba ile malatsing a boikhutso. Mme go begiwa gore ba bangwe ba ne ba sa tlhokomelwe kgotsa ba itlhokomolositswe ke badiri ba ba lapileng ba kwa kokelong le kwa magaeng a go tlhokomelwang batsofe kwa go one. Lokwalodikgang lwa Le Parisien lo bega gore kwa Paris fela, go ile ga nna le ditopo di le 450 tse di ileng tsa se ka tsa tla go tsewa ke ba losika. Lokwalodikgang loo lo ile lwa botsa jaana ka seemo sa batho ba ba ileng ba swa ba le bosi e bile ba sa itsiwe: “Re tshela mo maemong a a ntseng jang mo re lebalang borre, bommè le borremogolo le bommèmogolo ba rona?”

Mo lefatsheng leno le palo ya batho ba dingwaga tse di fetang 65 e oketsegang ka palo e e boitshegang ya ba le 795 000 kgwedi le kgwedi, go tlhokomelwa ga batsofe ka dilo tse ba di tlhokang e setse e le selo se go amegilweng thata ka sone go feta tsotlhe. Nancy Gordon, yo e leng mokaedi wa thulaganyo ya selekanyo sa baagi ya Census Bureau ya United States o ne a bolela jaana: “Palo ya batho ba ba tsofetseng go ralala lefatshe e gola ka tsela e re iseng re ko re e bone pele mme re tla tlhoka go sekaseka ka kelotlhoko go bona gore dinaga tse dingwe di lebana jang le mathata le dinako tsa fa batho ba tsofala.”

Mmopi wa rona le ene o kgatlhegela batsofe. Tota e bile, Lefoko la gagwe e leng Baebele, le re naya kaelo malebana le kafa ba tshwanetseng go tshwarwa ka teng.

Go Tlotla Batsofe

Molao wa Modimo, o a neng a o naya Moshe, o ne o kgothaletsa batho go tlotla batsofe. Molao o ne o re: “O nanoge fa pele ga moriri o mosweu, mme o tlotle motho yo o tsofetseng.” (Lefitiko 19:32) Go ne go lebeletswe gore baobamedi ba ba kutlo ba Modimo ba “nanoge” fa pele ga batsofe (1) e le go supa tlotlo mo mothong yo o tsofetseng le (2) go bontsha gore baobamedi ba boifa Modimo. Ka jalo, batsofe ba ne ba tshwanetse go newa tlotlo le go tsewa ba le botlhokwa.—Diane 16:31; 23:22.

Le mororo Bakeresete gompieno ba se kafa tlase ga Molao wa ga Moshe, melaometheo ya one e supa kafa Jehofa a ikutlwang ka teng le gore ke dilo dife tse di tlang pele mo go ene, a bontsha sentle gore o tseela batho ba ba tsofetseng kwa godimo. Bakeresete ba phuthego ya lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba tlhaloganya melaometheo eno. Bosupi jwa seo bo begilwe mo bukeng ya Baebele ya Ditiro. Ka nako eo go ne go na le batlholagadi bangwe ba ba humanegileng mo gare ga Bakeresete ba kwa Jerusalema. Ga go na pelaelo gore bontsi jwa bone ba ne ba tsofetse. Baaposetoloi ba ile ba tlhopha ‘banna ba ba tlhomamisitsweng’ ba le supa gore ba tlhomamise gore basadi bao ba bona dijo tsa letsatsi le letsatsi ka thulaganyo, ba tsaya go ba naya tlhokomelo e e kgethegileng jalo e le “tiro e e botlhokwa” mo phuthegong.—Ditiro 6:1-7.

Moaposetoloi Paulo o ne a dirisa molaomotheo ono wa go ‘nanoga fa pele ga moriri o mosweu’ mo phuthegong ya Bokeresete. O ne a raya molebedi yo mosha wa Mokeresete e bong Timotheo a re: “O se ka wa tshwaya monna yo mogolwane [monnamogolo] phoso mo go botlhoko. Go na le moo, mo rapele jaaka rrago, . . . basadi ba bagolwane [basadibagolo] jaaka bommaago.” (1 Timotheo 5:1, 2) Le mororo Timotheo yo mosha a ne a na le selekanyo se se rileng sa taolo mo Bakereseteng ba ba tsofetseng, o ne a bolelelwa gore a se ka a nyatsa monnamogolo. Go na le moo, o ne a tshwanetse go bua le ene ka tlotlo jaaka rraagwe. Mme o ne a tshwanetse go tlotla basadi ba ba godileng mo phuthegong fela jalo. Tota e bile, moaposetoloi Paulo o ne a kgothaletsa Timotheo—mme gape le botlhe mo phuthegong ya Bokeresete—go ‘nanoga fa pele ga moriri o mosweu.’

Ke boammaaruri gore, batho ba ba boifang Modimo ga ba tlhoke molao o o ba bolelelang gore ba tshware batho ba ba tsofetseng ka seriti le ka tlotlo. Akanya ka sekai se se mo Baebeleng sa ga Josefa, yo o neng a iketleeleditse go tlisa rraagwe yo o tsofetseng kwa Egepeto, a dira gore Jakobe wa dingwaga di le 130 a se ka a tlhaselwa ke leuba le le neng le aname mo lefatsheng. Fa Josefa a bona rraagwe ka lekgetlho la ntlha morago ga dingwaga di le masomeamabedi, o ne a “akofa a wela mo molaleng wa gagwe mme a tsholola dikeledi mo molaleng wa gagwe gangwe le gape.” (Genesise 46:29) Nako e telele pele ga gore kgang ya go utlwela batsofe botlhoko le go ba tlotla e dirwe molao mo Baiseraeleng, Josefa o ne a ikutlwa jaaka Modimo malebana le go tshwara batsofe ka tsela eo.

Ka nako ya bodiredi jwa gagwe, Jesu le ene o ne a bontsha gore o amega ka batsofe. O ne a kgala thata baeteledipele ba bodumedi ba ba neng ba akanya gore ba ka tlogela go tlhokomela batsadi ba bone ba ba tsofetseng ka ntlha ya dingwao tsa bone tsa bodumedi. (Mathaio 15:3-9) Jesu le ene o ne a tlhokomela mmaagwe ka lorato. Fa a ne a le mo botlhokong jo bogolo mo thupeng ya tlhokofatso, o ne a tlhomamisa gore mmaagwe o tla tlhokomelwa ke moaposetoloi wa gagwe yo o rategang e bong Johane.—Johane 19:26, 27.

Modimo Ga a Ke a Latlha Batho ba Gagwe ba ba Ikanyegang

Mopesalema o ne a rapela jaana: “O se ka wa ntatlha mo motlheng wa botsofe; fa maatla a me a fela, o se ka wa ntlogela.” (Pesalema 71:9) Modimo ga a ‘latlhe’ batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang le fa bone ba ka tswa ba akanya gore ga ba tlhole ba le mosola. Mopesalema o ne a sa akanye gore Jehofa o mo latlhile; go na le moo, o ne a lemoga gore o tshwanetse go ikaega ka Modiri wa gagwe segolobogolo fa a ntse a tsofala. Jehofa o tsibogela boikanyegi joo ka go thusa motho mo botshelong jotlhe jwa gagwe. (Pesalema 18:25) Gantsi Bakeresete ka rona ke bone ba ba re emang nokeng ka tsela e e ntseng jalo.

Go ya ka se re se utlwileng fa godimo, ga go na pelaelo gore botlhe ba ba batlang go tlotla Modimo ba tshwanetse go tlotla le batsofe. Batho ba ba godileng ba botlhokwa tota mo matlhong a Mmopi wa rona. E re ka re bopilwe mo setshwanong sa gagwe, e kete ka dinako tsotlhe re ka ikutlwa jaaka Modimo ka ‘botlhogoputswa.’—Pesalema 71:18.

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Bakeresete ba tlotla batsofe