Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Sone se Basha ba se Tlhokang

Sone se Basha ba se Tlhokang

Sone se Basha ba se Tlhokang

Babadi ba basha le ba bagolo ga ba bolo go bolela gore buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo e bolelela basha sone se ba tlhokang go se itse. Mosetsana mongwe wa dingwaga tse di fa gare tsa bolesome wa kwa Sinaloa, kwa Mexico, o ne a kopa dikhopi di le lesome tsa buka eno gore a di neye ditsala dingwe tsa gagwe. O ne a bolela gore, le mororo e se Mosupi wa ga Jehofa, o rata buka eo tota, mme o ne a bolela jaana: “Ke lo tlotla thata.”

O ne a re: “Ke na le ditsala tse dintsi tse di nang le dipotso di le dintsi malebana le botshelo jwa bone gompieno. Ke bontshitse bangwe ba bone buka eno mme ba ile ba e rata thata. Buka eno e molemo tota mme e na le sengwe le sengwe se mosha a ka ratang go se itse.” O ne a botsa gore a dibuka tseo di ka romelwa pele ga malatsi a boikhutso a selemo.

Buka ya Dipotso Tse Basha ba Di Botsang e na le dikgaolo di le 39. Dikgaolo tseno di akaretsa ditlhogo tseno: “Ke ka Dira Jang Gore Batsadi Ba me Ba Nneye Kgololesego e Kgolwane?” “Ke Ka Kgona Jang go Dira Ditsala Tsa Mmatota?” “Go Tweng Kaga go Tlhakanela Dikobo Pele ga Lenyalo?” le “Ke Ka Itse Jang Fa E Le Lorato lwa Mmatota?” O ka nna wa kopa khopi ya buka eno ya ditsebe di le 320 ka go tlatsa setlankana se se mo makasineng ono le go se romela kwa atereseng e e supilweng mo go sone kgotsa kwa atereseng e e tshwanelang e e mo lenaaneng le le mo tsebeng ya 5 ya makasine ono.

□ Ke kopa gore lo nthomelele khopi ya buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo kwantle ga gore ke ipofe ka sepe.

□ Tsweetswee ikgolaganyeng le nna malebana le thuto ya legae ya Baebele ya mahala.