Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Bokima jo bo Feteletseng ke Bothata Tota?

A Bokima jo bo Feteletseng ke Bothata Tota?

A Bokima jo bo Feteletseng ke Bothata Tota?

“Bokima jo bo feteletseng mo basheng bo tshwana le bolwetse jwa leroborobo.”—S. K. Wangnoo, e leng mankge mo go tsa kalafi yo o dirang thata ka dihoromone tsa mmele, kwa Bookelong jwa Indraprastha Apollo, kwa Delhi, India.

JAAKA fa kakgelo e e fa godimo e bontsha, malapa a le mantsi kwa India a setse a tshela botshelo jo bo dirang gore ba nne le basha ba le bantsi ba bakima ka tsela e e feteletseng. Jaanong bothata jono jwa leroborobo bo setse bo anamela kwa dinageng di le dintsi ka jaana batho ba le bantsi ba sa tlhole ba ikatisa e bile ba rata thata dijo tse di sa otleng mmele. Mankge mongwe mo go tsa kalafi yo o dirang ka malwetse a basha o ne a bolela jaana: “Kokomana e e latelang [kwa Boritane] e tlile go nna . . . kokomana ya batho ba bakima ka tsela e e feteletseng mo hisitoring yotlhe ya batho.” Makasine wa Guardian Weekly o ne wa bega jaana: “Bokima jo bo feteletseng e kile ya bo e le bothata jo bogolo thata mo bathong ba ba godileng. Gone jaanong Boritane e na le kokomana ya basha ba mekgwa ya bone ya go ja, le ditiro tsa bone tse di dirang gore ba nnele ruri fa fatshe di dirang gore ba feleletse ba na le bothata jo bo bonweng la ntlha kwa United States. Bokima jono jo bo feteletseng, fa bo sa laolwe bo tlile go dira gore ba tsenwe ke malwetse a a tshwanang le a sukiri, a pelo le a kankere.”

Bakwadi ba buka ya Food Fight ba bolela jaana: “Go ja le go nwa bobe go fetogile bothata jo bogolo thata mo lefatsheng lotlhe, jo bo maswe go gaisa le jwa phepelotlase.” Don Peck ene o bua jaana mo kgatisong ya The Atlantic Monthly: “Baamerika ba ka nna dimilione di le robongwe gone jaanong ba ‘bakima ka tsela e e feteletseng mo e bileng ba leng mo kotsing ya go lwala,’ mo go rayang gore boima jwa bone jwa mmele bo feta jo bo tshwanetseng ka [dikilogerama di le 45] kgotsa go feta.” Malwetse a a amanang le boima jwa mmele a dirile gore batho ba ka nna 300 000 ba swe pele ga nako mo nageng eo, mo go rayang gore “ke selo se segolo go gaisa se se bakang dintsho, se fetwa fela ke motsoko.” Peck o ne a konela jaana: “Go ise go ye kae bokima jo bo feteletseng e tlile go feleletsa e le bothata jo bogolo thata mo boitekanelong jwa batho mo lefatsheng lotlhe, bo tlile go feleletsa bo gaisa le tlala le malwetse a a tshelanwang.” Ka gone, bokima jo bo feteletseng ga se selo se motho a ka se itlhokomolosang. Dr. Walter C. Willett o kwadile mo bukeng ya Eat, Drink, and Be Healthy gore “fa go beelwa kwa thoko kgang ya go dirisa motsoko, boima jwa gago jwa mmele ke selo se sengwe se se botlhokwa thata se se ka go thusang go bona gore o tla bo o itekanetse go le kana kang mo isagweng.” Ntlha ya botlhokwa fano ke gore o tla bo o itekanetse go le kana kang mo isagweng.

O Tlhalosa Jang Bokima jo bo Feteletseng?

Ke leng go ka tweng motho ga a nona fela, mme o mokima ka tsela e e feteletseng? Tliliniki ya Mayo kwa Rochester, Minnesota, U.S.A., e bolela jaana: “Fa re bua ka motho yo mokima ka tsela e e feteletseng re a bo re raya motho yo mokima thata ka gonne a na le mafura a mantsi a mmele.” Mme o bona jang gore motho o tshwanetse go nna mokima go le kana kang? Ditšhate tse di bontshang boleele le bokima jwa motho di ka go thusa go lekanyetsa gore a motho o nonne fela kgotsa a o setse a le mokima ka tsela e e feteletseng. (Bona tšhate e e mo go tsebe 13.) Le fa go ntse jalo, tšhate eno ga e bontshe pharologano e e ka nnang ya bo e bakwa ke go se tshwane ga tsela e mmele o bopegileng ka yone. Tliliniki ya Mayo ya re: “Selo se se botoka se se ka go thusang go bona gore o itekanetse go le kana kang ke mafura a mmele, e seng boima jwa mmele.” Ka sekai, moatleletiki a ka nna a bo a na le boima jo bogolwane jwa mmele ka ntlha ya boima jwa mesifa ya gagwe kgotsa ka gonne a na le marapo a magolo. Dilo tse tota di bakang go nona kgotsa bokima jo bo feteletseng ke eng? Setlhogo se se latelang se tla tlotla ka potso eno.