Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Botlhokwa Jwa go Ruta Ngwana wa Gago

Botlhokwa Jwa go Ruta Ngwana wa Gago

Botlhokwa Jwa go Ruta Ngwana wa Gago

SE MOTHO a se ithutang kgotsa a sa se ithuteng fa a sa le monnye se ka ama bokgoni jwa gagwe jwa mo isagweng. Ka gone, ke eng se bana ba se tlhokang mo batsading ba bone se se tla ba thusang gore e nne batho ba ba godileng, ba ba atlegileng mo botshelong? Akanya ka se bangwe ba ileng ba se bolela morago ga gore go dirwe dipatlisiso mo dingwageng tsa bosheng.

Seabe sa Ditselana Tse Melaetsa ya mo Mmeleng e Fetang ka Tsone

Mekgwa e e dirisiwang gompieno ya botegeniki ya go tlhatlhoba se se diregang mo bobokong e thusitse baitsesaense go ithuta botokanyana tsela e boboko bo golang ka yone. Dipatlisiso tse di ntseng jalo di bontsha gore go botlhokwa thata go simolola ngwana a sa ntse a le monnye go bopa tsela e boboko jwa gagwe bo dirang ka yone gore bo kgone go boloka tshedimosetso, bo kgone go bontsha maikutlo ka tsela e e tlwaelegileng bo bo bo kgone go ithuta puo sentle. Makasine wa Nation o bega jaana: “Ditselana tsa melaetsa mo bobokong di bopega ka lobelo lo logolo thata fa ngwana a sa ntse a le monnye, ka gonne tsela e boboko bo bopegang ka yone e laolwa ke dilo tse di diregang letsatsi le letsatsi mo dijining le mo tikologong.”

Baitsesaense ba dumela gore bontsi jwa ditselana tseno tsa melaetsa, tse di bidiwang di-synapse, di bopega mo dingwageng tsa ntlha di le mmalwa tsa botshelo jwa ngwana. Go ya ka Dr. T. Berry Brazelton, yo e leng mankge mo go tsa kgolo ya bana o bolela gore eno ke nako e “ditselana tseno tsa melaetsa mo ngwaneng di ka nnang tsa bopega ka yone, tse di tla amang tsela e a dirisang boboko ka yone, di tla amang go itlhaloganya ga gagwe, go kgona go ikanya batho ba bangwe le go mo rotloetsa go ithuta.”

Boboko jwa ngwana, tsela e bo bopegang ka yone le kafa bo dirang ka teng di gola ka tsela e e sa tlwaelegang mo dingwageng tsa gagwe tsa ntlha mo botshelong. Fa ngwana a golela mo tikologong e a rotloediwang thata go dira dilo mo go yone le go ithuta dilo tse dintsi, ditselana tsa melaetsa mo bobokong di a ntsifala, di dira gore go nne le ditselana tse dintsintsi fela tsa melaetsa mo bobokong jwa gagwe. Ditselana tseno di dira gore ngwana a kgone go akanya, go ithuta le go dirisa tlhaloganyo.

Go bonala gore fa boboko jwa ngwana bo rotloediwa go dira dilo, seno se tsitsibosa ditshikana di le dintsi mo go ene mme se dira gore go nne le ditselana di le dintsi tse di fetisang melaetsa. Se se kgatlhang ke gore ngwana ga a rotloediwe fela ka go rutiwa, ka go mo naya mabaka, ka dipalo kgotsa go mo ruta puo. Baitsesaense ba lemogile gore go rotloetsa ngwana mo maikutlong le gone go a tlhokega. Dipatlisiso di bontsha gore ditselana tsa melaetsa mo leseeng ga di gole fa lesea le sa nne le tshwarwa, go sa tshamekiwe le lone kgotsa le sa rotloediwe.

Kafa go Ruta Ngwana go Amang Bokgoni Jwa Gagwe ka Teng

Kgabagare fa ngwana a ntse a gola go na le dilo dingwe tse di ntshiwang mo go ene. Go bonala mmele o latlha ditselana dingwe tsa melaetsa tse di ka nnang tsa bo di sa tlhokege. Seno se ka ama bokgoni jwa ngwana fela thata. Mmatlisisi wa boboko e bong Max Cynader o bolela gore “fa ngwana a sa bone thotloetso e e tshwanetseng ka nako e e tshwanetseng, methapo ya kutlo ga e na go gola ka tshwanelo.” Go ya ka Dr. J. Fraser Mustard, seno se ka felela ka gore a se ka a nna botlhale go le kalo, a nne bokoa mo puong le mo go berekeng ka dipalo, a nne le mathata a botsogo fa a gola kgotsa le e leng go se itshware sentle.

Ka gone go bonala dilo tse di diragalelang motho fa e sa ntse e le lesea di ka mo ama fela thata fa a setse a godile. Gore a motho o tla nna yo o fetofetogang le maemo kgotsa yo o bokoa, gore a e tla nna motho yo o kgonang go akanya kgotsa nnyaa, gore a e tla nna motho yo o amegang ka ba bangwe kgotsa nnyaa go tla laolwa ke dilo tse di neng tsa mo diragalela fa a sa le monnye. Ka gone seabe sa batsadi se botlhokwa fela thata. Ngaka nngwe ya malwetse a bana e bolela gore “sengwe sa dilo tse di botlhokwa thata mo ngwaneng fa a sa ntse a le monnye jalo ke go tlhokomelwa ke motho yo o kelotlhoko.”

Seno se ka utlwala se le motlhofo tota. Ruta bana ba gago o bo o ba tlhokomele mme ba tla atlega. Ka maswabi, batsadi ba a itse gore ga se ka metlha go leng motlhofo go tlhaloganya kafa o ka tlhokomelang bana sentle ka teng. Ga go itiragalele fela gore o nne motsadi yo o molemo.

Go ya ka patlisiso nngwe, diperesente di le 25 tsa batsadi ba ba neng ba botsolodiwa ba ne ba sa itse gore tsela e ba tlhokomelang ngwana wa bone ka yone e ka tokafatsa kgotsa ya kgoreletsa tsela e a akanyang ka yone, ya tokafatsa kgotsa ya kgoreletsa go itshepa ga gagwe le go rata ga gagwe go ithuta. Seno se tsosa dipotso tseno: Tsela e e molemolemo ya go godisa bokgoni jwa ngwana wa gago ke efe? Mme o ka dira jang gore a golele mo maemong a a tshwanetseng? Mma re bone.

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Bana ba ba tlogelwang fela ba sa rotloediwe ba ka nna ba se ka ba gola jaaka ba bangwe