Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Di Gomotsa Batho ba ba Hutsafetseng

Di Gomotsa Batho ba ba Hutsafetseng

Di Gomotsa Batho ba ba Hutsafetseng

Mosadi mongwe wa kwa Jalisco, kwa Mexico, o ne a kwalela ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa Mexico. O ne a kopa jaana: “Tsweetswee, ke kopa gore lo nthomelele diboroutšhara di se kae tsa Fa Mongwe Yo O Mo Ratang a Tlhokafala. Ga ke Mosupi wa ga Jehofa, mme ke dumela dilo tse dintsi tse lo di dumelang.”

Mokwadi o ne a tlhalosa lebaka la go bo a ne a kopa diboroutšhara tseno jaana: “Ke batla diboroutšhara tseno ka gonne ke akanya gore go ka nna molemo go di naya batho bangwe ba ba tlang go reka malomo mo lebenkeleng la rona. Ke bua ka batho ba ba tlhokafaletsweng ba ba tlang go reka dikgare tsa malomo, ba ka nako nngwe o fitlhelang e leng mosadi, bana kgotsa monna. Ke akanya gore diboroutšhara tseno di tla ba thusa thata.”

Gongwe le wena kgotsa mongwe yo o mo itseng a ka gomodiwa ke go bala boroutšhara jono jwa ditsebe di le 32. Bo araba dipotso tse di jaaka: Ke ka itshokela khutsafalo ya me jang? Ba bangwe ba ka thusa jang? Go na le tsholofelo efe ka ba ba tlhokafetseng?

O ka nna wa kopa gore o romelelwe khopi ya boroutšhara jono ka go tlatsa setlankana se se mo makasineng ono le go se romela kwa atereseng e e supilweng mo go sone kgotsa kwa atereseng e e tshwanelang e e mo lenaaneng le le mo tsebeng ya 5 ya makasine ono.

□ Ke kopa gore lo nthomelele khopi ya boroutšhara jwa Fa Mongwe Yo O Mo Ratang A Tlhokafala kwantle ga gore ke ipofe ka sepe.

□ Tsweetswee ikgolaganyeng le nna malebana le thuto ya legae ya Baebele ya mahala.