Go Thapisa Bana Ba sa Le Bannye go Botlhokwa go le Kana Kang?
Go Thapisa Bana Ba sa Le Bannye go Botlhokwa go le Kana Kang?
FLORENCE o ne a na le dingwaga di le 40 mme o ne a batla ngwana ka pelo ya gagwe yotlhe. Le fa go ntse jalo, ka nako ya fa a imile ngaka e ne ya mmolelela gore lesea la gagwe le ka nna la tsholwa le na le bothata jwa go palelwa ke go ithuta. Ga a ka a itlhoboga, mme o ne a tshola lesea le le itekanetseng sentle.
Ka bonako fela morago ga gore morwawe, Stephen a tsholwe, Florence o ne a simolola go mmalela dibuka le go bua le ene ka dinako tsotlhe. Fa a ntse a gola, o ne a tshameka le ene, a intsha le ene, a mo ruta dipalo le go mo opelela dipina. O gakologelwa jaana: “Tota le ka nako ya fa ke mo tlhapisa re ne re tshameka sengwe.” Seno se ne sa nna le matswela a a molemo.
Fa Stephen a le mo bogareng jwa dingwaga tsa gagwe tsa bolesome, o ne a aloga ka dinaledi kwa Yunibesithing ya Miami. Dingwaga di le pedi moragonyana, fa a le dingwaga di le 16, o ne a aloga kwa sekolong se se rutang molao, mme go ya ka pego ya gagwe, moragonyana o ne a nna mmueledi yo mmotlana go gaisa kwa United States. Mmaagwe, e bong Dr. Florence Baccus—yo pele e neng e le morutabana e bile e le mogakolodi mme a le mo pensheneng—o ne a dirisa nako e ntsi a dira dipatlisiso malebana le go ithuta ga ngwana a sa le monnye. O dumela gore tsela e a neng a tlhokomela morwawe le go mo rotloetsa ka yone fa a sa le lesea e fetotse isagwe ya gagwe.
Bokgoni jo Ngwana a Tsholwang A na Le Jone fa bo Bapisiwa le Thuto E a E Newang
Kgang ya botlhokwa e baithutatlhaloganyo ya bana ba ganetsanang ka yone bosheng jaana ke ya gore a bokgoni jo ngwana a tsholwang a na le jone ke jone bo nang le seabe se segolo mo kgolong ya gagwe kgotsa a ke tsela e a godisitsweng le go thapisiwa ka yone. Babatlisisi ba le bantsi ba dumela gore tsela e ngwana a golang ka yone e tlhotlhelediwa ke dilo tseno ka bobedi.
Mankge wa tsa kgolo ya bana e bong Dr. J. Fraser Mustard o tlhalosa jaana: “Se re setseng re se itse gone jaanong ke gore dilo tse ngwana a di dirang mo dingwageng tsa fa a sa le monnye di tlhotlheletsa tsela e tlhaloganyo ya gagwe e golang ka yone.” Porofesa Susan Greenfield le ene a re: “Ka sekai, re itse gore karolo ya boboko e e amanang le go tsamaya ga menwana ya seatla sa molema sa motshameki wa baeyolene e gola thata go gaisa ya batho ba bangwe.”
Thapiso e Bana ba Tshwanetseng go e Newa
Batsadi ba le bantsi ba tsibogela dipatlisiso tseno tse di ileng tsa dirwa ka go dira maiteko a magolo a go romela bana ba bone kwa
dikeretšheng tsa maemo a a kwa godimo le go duela madi a le mantsi gore ba rutiwe mmino le botaki. Bangwe ba dumela gore fa ngwana a ithutela sengwe le sengwe, fa a gola o tla kgona go dira sengwe le sengwe. Dikolo tse di kgethegileng le dikeretšhe di ata fela thata. Batsadi bangwe ba iketleeleditse go dira sotlhe se ba se kgonang go dira gore bana ba bone ba nne mo maemong a a tla ba thusang gore ba bulegelwe ke ditshono tse di molemo go gaisa ba bangwe.A maiteko ano a batsadi ba a dirang go thapisa bana ba bone a thusa ka sengwe? A ka nna a lebega a thusa bana gore ba nne le ditshono di le dintsi tse di molemo, mme gone mo maemong a le mantsi bana bano ga ba amogele thuto e e botlhokwa e ba e bonang ka go itshamekela fela go sa nne go laolwa kgato nngwe le nngwe e ba e tsayang. Barutisi bangwe ba bolela gore go tshameka ga bana go go itlelang fela go dira gore ba nne le bokgoni jwa go itirela dilo e bile go godisa bokgoni jwa ngwana jwa go tshela le batho, jwa go akanya le jwa go bontsha maikutlo a gagwe.
Baitse bangwe ba go gola ga ngwana ba dumela gore metshameko e bana ba e rulaganyediwang ke batsadi e dira gore go nne le bothata jo bosha mo baneng—bana ba sengwe le sengwe se ba se dirang se rulaganngwang ke batsadi ba bone mme seno se dira gore bana ba ngomoge pelo le go fetofetoga mo maikutlong, ba tlhorege boroko le go lela ka ditlhabi tsa mmele. Moithutatlhaloganyo mongwe o bolela gore ka nako ya fa bana bano ba fitlha mo dingwageng tsa bone tsa bolesome, bontsi jwa bone ba a bo ba sa ithuta go nna le bokgoni jwa go itshokela mathata mme ba a bo ba “lapile mo mmeleng, ba sa rate batho e bile ba tsuologa.”
Ka gone batsadi ba le bantsi ba sala ba le mo mathateng. Ba batla go thusa bana ba bone gore ba godise bokgoni jwa bone ka botlalo. Le fa go ntse jalo, ba kgona go lemoga gape gore ga go a siama go tlhotlheletsa bana ba bannye ka tsela e e feteletseng, gore ba dire dilo ka bonako. A go na le tsela e ba ka dirang dilo ka tekatekano ka yone? Bana ba kgona go thusiwa go godisa bokgoni jwa bone go ya bokgakaleng bofe, mme bokgoni joo bo ka godisiwa jang? Ke eng se batsadi ba ka se dirang go tlhomamisa gore bana ba bone ba tlile go atlega? Ditlhogo tse di latelang di tla tlotla ka dipotso tseno.
[Setshwantsho mo go tsebe 3]
Dilo tse ngwana a di dirang fa a sa le monnye di ka tlhotlheletsa tsela e tlhaloganyo ya gagwe e golang ka yone
[Setshwantsho mo go tsebe 4]
Go tshameka go dira gore ngwana a kgone go itirela dilo e bile go godisa bokgoni jo a nang le jone