Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Melemo ya go Balela Bana

Melemo ya go Balela Bana

Melemo ya go Balela Bana

KA MOKWADI WA TSOGANG! WA KWA POLAND

Barulaganyi ba letsholo lengwe la “Batho Botlhe ba Poland ba Balela Bana ba Bone” ba re: “Go bala ke selo sa botlhokwa se se ka thusang gore motho a nne le kitso le bokgoni jwa go akanya. . . . Go thusa motho go dirisa letlotlo le a nang le lone la tlhaloganyo le kitso.” Fa e le gore go ntse jalo, ke ka ntlha yang fa bagolo le bana ba bantsi ba tsaya go bala e le morwalo fela o o lapisang?

Basimolodi ba letsholo leno ba bolela jaana: “Mokgwa wa go bala le go rata dibuka o tshwanetse go tlhagolelwa go tswa bongwaneng.” Ba bolelela batsadi jaana: “Fa o batla gore bana ba gago ba nne botlhale le gore ba atlege kwa sekolong le mo botshelong, ba balele ka metsotso e le 20 letsatsi le letsatsi.”

Batsadi ba kgothadiwa gape gore ba se ka ba nnela gore ba tla balela bana ba bone fa ba godile mme ba “simolole ka bonako ka mo go ka kgonegang ka teng.” Leng? Batsadi ba kgothalediwa jaana: “A re baleleng lesea re le tshwere ka matsogo, re le lebile ka lorato mme re bale ka lentswe le le tla dirang gore lesea leno le kgatlhegele se le se utlwang. Fa o dira jalo seno se tla dira gore ka metlha fa o mmalela a ikutlwe a babalesegile, a itumetse e bile a atamalane le wena. Mo godimo ga moo, go thusa gore tlhaloganyo ya gagwe e gole.”

Barulaganyi ba letsholo leno ba gatelela gore “go balela bana go botlhokwa thata gone jaanong go feta leng pele,” mme ba tlhalosa melemo e mengwe. Go balela kwa godimo fa o balela bana go ba ruta go akanya, “go ba thusa go tlhaloganya batho ba bangwe, go tlhaloganya lefatshe le go itlhaloganya ka bobone, . . . go dira gore ba nne le kgatlhego mo dilong, ba kgone go ikakanyetsa, ba gole mo maikutlong, ba tlhagolele boikutlo jwa go amega le go utlwela ba bangwe botlhoko, go ba ruta gore ba itse se se siameng le se se sa siamang . . . e bile go dira gore ba kgone go itlotla.” Baeteledipele ba letsholo leno ba konela jaana: “Ga go na pelaelo gore ke selo se se ka ba thusang gore ba se ka ba nna le ditlhotlheletso tse di sa siamang . . . tse di ka senyang megopolo le dipelo tsa bana.”

Gore go bala go nne mosola, go tshwanetse ga dirisiwa dikgatiso tse di kgothaletsang bana gore ba atamalane le Mmopi wa bone yo o kwa legodimong. Baebele ke buka e e molemo go di gaisa tsotlhe e e ka re thusang gore re atamele Modimo. Baebele ya re mosha yo o bidiwang Timotheo o ne a rutiwa “mekwalo e e boitshepo go tswa boseeng.” (2 Timotheo 3:15) Fa batsadi ba dirisa thulaganyo ya go balela bana ba bone, ba ka akaretsa dibuka tse di theilweng mo Baebeleng tse di jaaka Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela le Ithute mo Morutising yo Mogolo, tse di kwaletsweng thatathata bana mme di gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.