Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

AIDS e Tla Fela Leng?

AIDS e Tla Fela Leng?

AIDS e Tla Fela Leng?

Go tloga fela fa ba sa le bannye, basha ba bolelelwa dilo di le dintsi thata ka tlhakanelodikobo tse di ba kgothaletsang go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo. Go tsenngwa diokobatsi mo mmeleng go dirisiwa lemao le gone go aname, e leng tsela e nngwe e HIV e tsenang batho ka yone. Fa o lebelela tsela e e botlhaswa e batho ba itshwarang ka yone gompieno, o ka ba wa ipotsa gore a AIDS e tla tsamaya e fela.

BOMANKGE ba tsa kalafi ba nepile fa ba re selo sa konokono se se ka thusang mo go lwantsheng AIDS ke fa batho ba ka fetola tsela e ba itshwarang ka yone. Pego e e gatisitsweng ke Centers for Disease Control and Prevention ya re: “Kokomana nngwe le nngwe ya batho ba basha e tlhoka go newa thuto e e tseneletseng e e sa kgaotseng malebana le boitekanelo jwa bone ba bo ba newe thuso e e tla ba thusang go nna le kitso e ba e tlhokang go tila boitshwaro jo bo tla dirang gore ba tsenwe ke HIV. Dithulaganyo tseno tse di tseneletseng di tshwanetse tsa dira gore batsadi le barutisi ba nne le seabe ka botlalo mo go ruteng bana.”

Go bonala sentle gore batsadi ba tshwanetse ba ruta bana ba bone ka dikotsi tseno pele ga ba akediwa ke dithaka tsa bone kgotsa batho ba bangwe. Seno ga se ka metlha se leng motlhofo. Mme go dira jalo go ka boloka botshelo jwa ngwana wa gago. Go ruta bana ka tlhakanelodikobo le diokobatsi ga go reye gore jaanong ba tla simolola go dira dilo tseno. Tota e bile go ka ba thusa gore ba se ka ba di dira.

Go Botlhokwa Gore Batsadi ba Thapise Bana ba Bone

Mo bathong ba bogologolo ba Modimo, go ne go lebeletswe gore batsadi ba rute bana ba bone ka tlhakanelodikobo le kafa ba ka itshireletsang mo malwetseng ka gone. Se se kgatlhang ke gore, melao ya kwa Iseraele wa bogologolo e ne e akaretsa kaelo e e utlwalang sentle ya boitshwaro go akaretsa le dilo tse ba neng ba tshwanetse go di dira gore ba se tsenwe ke malwetse. (Lefitiko 18:22, 23; 19:29; Duteronome 23:12, 13) Batho ba ne ba tshwanetse go rutiwa melao eno jang? Jehofa Modimo o ne a bolelela Baiseraele jaana: “Mafoko ano a ke a go laolelang gompieno a nne mo pelong ya gago.” Batsadi ba ne ba tshwanetse go tlhaloganya pele melemo ya go reetsa melao eno le matswela a go se e reetse. Morago ga moo, ba ne ba laelwa jaana: “O a jalele kwa teng mo go morwao o bo o bue ka one fa o ntse mo ntlong ya gago le fa o tsamaya mo tseleng le fa o rapama le fa o tsoga.”—Duteronome 6:6, 7.

Lefoko la Sehebera le le ranotsweng ka gore ‘go jalela kwa teng’ le raya “go boaboeletsa” le “go bua selo se le sengwe gangwe le gape” kgotsa “go nweleletsa selo mo mogopolong.” Go phepafetse gore seno se tlhoka nako. Batsadi ba ba iphang nako ya go ruta bomorwaabone le bomorwadiabone ka dikotsi tsa go dirisa diokobatsi ka tsela e e sa siamang le tlhakanelodikobo e e sa siamang ke bone ba gantsi bana ba bone ba tilang mekgwa ya boitshwaro e e ka dirang gore ba nne le HIV le malwetse a mangwe. *

Kgomotso mo Bathong ba ba Nang le HIV/AIDS

Go leka go thibela HIV/AIDS mo bathong ba e setseng e ba tshwere ga go ba thuse ka sepe. Mo godimo ga se bolwetse jono bo se dirang mo mmeleng, gantsi batho ba ba nang le jone ba a kgethololwa e bile batho ga ba ba batle ka ntlha ya bolwetse jono jwa bone. Ka ntlha yang? Tumelo e batho ba nang le yone mme gone e le phoso ke gore o ka tshwarwa ke HIV fela ka ntlha ya go ama motho yo o nang le yone. Go a utlwala go bo batho ba ka boifa go nna le HIV/AIDS, e re ka e tshelanwa e bile e bolaya. Mme poifo ya batho bangwe e dirile gore ba tshabe batho ba ba nang le AIDS lebaibai. Seno se dirile gore batho ba ba nang le yone ba se ka ba newa kalafi, ba lelekiwe mo kerekeng le eleng go ketekiwa.

Batho bangwe ba ile ba akanya gore AIDS ke tsela e Modimo a hutsang batho ba ba boikepo ka yone. Gone ke boammaaruri gore batho ba le bantsi ba ba nang le bolwetse jono ba ka bo ba se na jone fa ba ka bo ba ile ba reetsa melao ya Baebele malebana le boitsholo jo bo siameng jwa tlhakanelodikobo, go dirisa diokobatsi le madi. (Ditiro 15:28, 29; 2 Bakorintha 7:1) Le fa go ntse jalo, Dikwalo di bontsha gore go lwala ga go reye gore Modimo o a bo a otlhaya batho ka ntlha ya boleo bongwe jo bo rileng. Go farologana le seo, Baebele ya re: “Modimo ga a ka ke a lekwa ka dilo tse di bosula le gone ene ka boene ga a leke ope.” (Jakobe 1:13; Johane 9:1-3) Motho yo o nang le HIV kgotsa AIDS ka go bo a sa reetsa melao ya Dikwalo mme gone a fetotse boitshwaro jwa gagwe a ka tlhomamisega gore Modimo ga a mo latlha.

Boutlwelobotlhoko jwa Modimo le lorato lwa gagwe mo bathong ba ba nang le malwetse a a sa foleng di ile tsa bonala sentle fa Morwawe, e bong Jesu, a ne a tlile mo lefatsheng. Fa Jesu a ne a kopana le molepero ka nako ya fa a ne a le mo loetong, o ne a “tlhomoga pelo, mme ya re a otlolola seatla sa gagwe a mo ama.” Jesu o ne a dirisa maatla a gagwe a go dira dikgakgamatso go fodisa molepero yono. (Mareko 1:40-42) Jesu o ne a sa nyatse batho ba ba neng ba lwala. Tsela e a neng a ba bontsha lorato ka yone e ne e bontsha sentle ka botlalo lorato lwa ga Rraagwe yo o kwa legodimong.—Luke 10:22.

Kalafi ya AIDS e Gaufi!

Dikgakgamatso tsa ga Jesu tsa go fodisa ga di tlhomamise fela gore Modimo o lorato. Baebele e re bolelela gore gone jaanong Jesu Keresete ke Kgosi kwa legodimong. (Tshenolo 11:15) Bodiredi jwa gagwe mo lefatsheng bo ne jwa bontsha sentle gore o na le maatla le gore o iketleeditse go alafa malwetse a a tshwereng batho. Seno ke sone se tota a tla se dirang.

Boporofeti jwa Baebele bo re tlhomamisetsa gore gautshwane “ga go na monni ope yo o tla reng: ‘Ke a bobola.’” (Isaia 33:24) Le fa gone batho ba paletswe ke go fedisa go anama ga AIDS kgotsa go naya batho botlhe ba ba nang le yone kalafi e e e fodisang, re ka tlhomamisega gore AIDS e tla fedisiwa gotlhelele. Kgosi Dafide o ne a re: “Baka Jehofa, wena moya wa me, mme o se ka wa lebala ditiro tsotlhe tsa gagwe, Ene yo o itshwarelang tlolo ya gago yotlhe, yo o fodisang matlhoko a gago otlhe.”Pesalema 103:2, 3.

Seno se tla direga leng? Ke dilo dife tse Modimo a di batlang mo bathong ba ba solofetseng go nna le masego a a ntseng jalo? Re go kopa gore o ikgolaganye le Basupi ba ga Jehofa go ithuta mo go oketsegileng ka tsholofetso ya Baebele e e kgatlhang.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 7 Batsadi ba le bantsi ba ile ba fitlhela buka e e reng Ithute mo Morutising yo Mogolo, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa, e thusa thata mo go ruteng bana ba bannye ka iketlo kaga tlhakanelodikobo le melaometheo ya konokono malebana le boitshwaro.

[Mafoko a a mo go tsebe 11]

Boporofeti jwa Baebele bo re tlhomamisetsa gore gautshwane “ga go na monni ope yo o tla reng: ‘Ke a bobola’”

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Go ruta bana ba gago ka tlhakanelodikobo le tiriso e e sa siamang ya diokobatsi go ka ba sireletsa

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Bokgoni jwa ga Jesu le go iketleeletsa ga gagwe go fodisa balwetse go ne go bontsha se a tla se dirang mo isagweng