Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ditsala Tse di Siameng le Tse di sa Siamang

Ditsala Tse di Siameng le Tse di sa Siamang

Ditsala Tse di Siameng le Tse di sa Siamang

MOSADI mongwe yo mosha yo re tla mmitsang Sarah, o ne a tlhalosa maikutlo a gagwe ka bohutsana. Go ne ga lemogiwa gore monna mongwe yo a neng a mo tsaya e le tsala ya gagwe ke mmolai. O ne a botsa jaana: ‘Fa e le gore mongwe yo ke neng ke mo ikanya o ne a ka dira selo se se ntseng jaana, nka ikanya batho jang?’ Motho yo o neng a reeditse Sarah fa a ntse a tlhalosa maikutlo a gagwe, o ne a mmotsa gore a o ne a itse gore monna yoo o ne a tshela ka melao e e ntseng jang ya boitsholo. Sarah o ne a re, “O raya jang?” Tota e bile Sarah o ne a sa itse gore “melao ya boitsholo” ke eng. Go tweng ka wena? A o itse melao ya boitsholo e ditsala tsa gago di tshelang ka yone?

Karabo ya potso eno e ka nna kgang ya botshelo le loso, jaaka se se diragaletseng Sarah se bontsha. Seane sengwe sa Baebele sa re: “Yo o tsamayang le batho ba ba botlhale o tla nna botlhale, mme yo o dirisanang le dimatla dilo ga di na go mo tsamaela sentle.” (Diane 13:20) Le fa go ntse jalo, fela jaaka Sarah, batho ba le bantsi ba tlhopha ditsala go ya ka gore a ba a utlwana kgotsa nnyaa—go laolwa ke gore ba ikutlwa jang fa ba na le tsone. Ka tlholego fela, re rata go nna le batho ba ba re itumedisang. Mme fa e le gore seno ke sone fela se re se lebang fa re tlhopha ditsala, re sa akanyetse dinonofo tsa bone tsa konokono, seno se ka re swabisa tota. O ka itse jang gore motho o na le melao e e siameng ya boitsholo?

Botlhokwa Jwa go Nna le Melao e e Kwa Godimo ya Boitsholo

Re tshwanetse go dira gore sa ntlha rona ka borona re nne le melao e e siameng ya boitsholo. Re tshwanetse go itse se se siameng le se se phoso, se se molemo le se se bosula, le go ngangatlela melaometheo e e kwa godimo ya boitsholo ka dinako tsotlhe. Seane sengwe sa Baebele sa re: “Tshipi e loodiwa ke tshipi. Fela jalo motho o lootsa sefatlhego sa yo mongwe.” (Diane 27:17) Fa batho ba babedi ba e leng ditsala ba itsetsepetse mo maitsholong a mantle, ba ka kgona go thusana gore ba tokafatse botho jwa bone, mme botsala jwa bone bo tla nonofa.

Pacôme wa kwa Fora, a re: “Tsala ya mmatota ke motho yo o ntheetsang le yo o buang le nna ka bopelonomi mme gape a kgona go nkgalemela fa ke dira sengwe sa boeleele.” Ee, batho ba e leng ditsala tsa rona tse dikgolo—le fa ba ka tswa ba le bannye kgotsa ba le bagolo—ke batho ba ba re thusang gore re tswelele re dira dilo tse di siameng le ba ba re nayang kgakololo fa re tloga re dira dilo tse di seng botlhale. Baebele ya re: “Ditlhabo tse di ntshitsweng ke tsala di boikanngo.” (Diane 27:6, Baebele e e Boitshepo) Fa re batla go nna le boitsholo jo bo siameng le go inonotsha semoyeng, re tshwanetse go itsalanya le batho ba ba ratang Modimo le melaometheo ya gagwe. Céline wa kwa Fora o gakologelwa jaana: “Fa ke ne ke bona gore ga go na motho ope kwa sekolong yo o latelang dithuto le mekgwa e e tshwanang le ya me ya Bokeresete, ke ne ka lemoga botlhokwa jwa go nna le ditsala tsa mmatota mo phuthegong ya Bokeresete. Di ile tsa nthusa thata gore ke dire dilo ka tekatekano.”

Go Sekaseka Batho Ba e Ka Nnang Ditsala Tsa Gago

Fa o kgatlhegela go nna tsala ya mongwe yo o kopaneng le ene, gongwe o ka batla go ipotsa gore, ‘Ditsala tsa gagwe ke bomang?’ Mofuta wa ditsala tse motho a nang le tsone o senola dilo tse dintsi ka ene. Gape, batho ba ba godileng le ba ba tlotlegang mo setšhabeng ba ikutlwa jang ka ene? Mo godimo ga moo, ga re a tshwanela go leba fela tsela e batho ba e ka nnang ditsala tsa rona ba re tshwarang ka yone, mme gape re tshwanetse go leba le tsela e ba tshwarang batho ba bangwe ka yone, segolo jang ba ba ka se kang ba ba direla sepe. Fa motho a sa bontshe dinonofo tse di molemo, tse di jaaka go ikanyega, go nna pelotelele le go akanyetsa batho botlhe ka dinako tsotlhe, ke eng se se go tlhomamisetsang gore fa a dirisana le wena o tla go tshwara sentle ka metlha?

Gore o itse se tota motho a leng sone, o tshwanetse go nna pelotelele, o nne le bokgoni jwa go lemoga seno e bile o iphe le nako ya go leba tsela e a tshelang ka yone. Baebele ya re: “Kgakololo mo pelong ya motho ke metsi a a boteng, mme motho yo o nang le temogo ke yo o tla a gelelang.” (Diane 20:5) Re tshwanetse go tlotla le batho ba e ka nnang ditsala tsa rona ka dilo dingwe tsa botlhokwa—tse di senolang botho jwa bone jwa mmatota, maitlhomo a bone, ee, le melao e ba tshelang ka yone ya boitsholo. Ke batho ba mofuta mang? A ke batho ba ba pelonomi kgotsa ba ba seng botsalano? A ke batho ba ba nnang ba solofetse dilo tse di molemo, ba itumetse, kgotsa ke batho ba ba se nang tsholofelo ka sepe e bile ba belaela sengwe le sengwe? A ke batho ba ba akanyetsang ba bangwe kgotsa ba ikakanyetsa ba le esi? A ba a ikanyega kgotsa nnyaa? Fa motho a rata go bua ka ba bangwe mo go wena a ba tshwayatshwaya diphoso, o tla thibelwa ke eng go bua bosula ka wena fa o seyo? Jesu o ne a re: “Molomo o bua se se tletseng mo pelong.” (Mathaio 12:34) Fa batho ba bua, re tshwanetse go ba reetsa ka gonne seno se senola se ba leng sone.

Dilo Tsa Botlhokwa Thata Tse lo Tshwanetseng go Tshwana ka Tsone

Batho bangwe ba akanya gore ditsala tsa bone di tshwanetse tsa rata sengwe le sengwe se bone ba se ratang. Mosimanyana mongwe o ne a re: “Nka se nne tsala ya motho yo o sa rateng kuku e ke e ratang.” Ke boammaaruri gore batho ba e leng ditsala ba tshwanetse go nna le dilo tse dintsinyana tse ba tshwanang ka tsone gore ba kgone go tlhaloganyana, e bile go botlhokwa thata fa ba tshela ka melao e e tshwanang ya boitsholo le ya semoya. Mme gone, ga se gore ba tshwanetse go nna le botho jo bo tshwanang le gore ba bo ba godile ka tsela e e tshwanang. Tota e bile, fa ba diragaletswe ke dilo tse di sa tshwaneng mo botshelong, seno se ka nonotsha botsala jwa bone e bile se ka dira gore boobabedi ba solegelwe molemo.

Mo Baebeleng, go na le dikai tse pedi tsa botsala jo bo ileng jwa nnela ruri—jwa ga Jonathane le Dafide mmogo le jwa ga Ruthe le Naomi—mme batho bano e ne e le ditsala ka gonne botlhe ba ne ba ineetse mo Modimong e bile ba latela melaometheo ya gagwe. * Selo se se lemotshegang ke gore botsala jwa bone botlhe, bo ne bo sa ye ka dingwaga le ka tsela e ba godileng ka yone. Ka jalo, ba re ruta sengwe gape ka botsala: Batho ba bannye le ba bagolo e ka nna ditsala tse di tshegetsanang thata.

Melemo ya go Nna Tsala ya Motho Yo o Sa Lekaneng le Ene ka Dingwaga

Go nna le ditsala tsa batho ba bagolwane kgotsa ba bannye mo go wena go ka lo solegela molemo lotlhe. Akanya ka dintlha tse di latelang tse di neng tsa buiwa ke basha bangwe, ba tlhalosa dilo tse di neng tsa ba diragalela.

Manuela (wa kwa Italy) a re: “Ke ne ka simolola go nna tsala ya banyalani bangwe ba bagolo mo lobakanyaneng lo lo fetileng. Ke ne ka ba bulela mafatlha, mme se se itumedisang ke gore le bone ba ne ba mpulela mafatlha a bone. Ba ne ba sa ntseele kwa tlase fela ka gonne ke ne ke le monnye. Seno se ne sa ntlhotlheletsa gore ke atamalane le bone. Botsala jwa bone bo nthusa thata fa ke le mo mathateng. Ke lemoga gore ka dinako tse dingwe ditsala tsa me tse di lekanang le nna di nnaya kgakololo e e sa utlwaleng sentle fa ke tlotla mathata a me le tsone. Mme ditsala tsa me tse di mphetang ka dingwaga di na le boitemogelo le temogo e bile di dira dilo ka tekatekano, mme seno ke sengwe se rona basha re iseng re kgone go se dira. Ke kgona go dira ditshwetso tse di botoka ka ntlha ya thuso ya bone.”

Zuleica (wa kwa Italy) a re: “Fa re na le dikokoano, ga re laletse basha fela, mme gape re laletsa le bangwe ba bagolwane mo go rona. Ke lemogile gore fa batho ba bagolo le ba bannye ba kokoane mmogo, seno se dira gore rotlhe re ikutlwe re kgothetse tota fa kokoano e fela. Re itumedisiwa ke gore rotlhe re leba dilo ka ditsela tse di sa tshwaneng.”

Le lona batho ba bagolo lo ka bontsha basha gore lo a ba kgatlhegela. Jaaka re bone mo go se se builweng mo godimo, basha ba le bantsi ba anaanela kitso e ntsi e lo nang le yone e bile ba itumelela go nna le lona. Motlholagadi mongwe yo o mo dingwageng tsa bo80 e bong Amelia a re: “Ke tsaya matsapa a go nna ke ikgolaganya le batho ba basha. Ke kgothadiwa ke maatla le matlhagatlhaga a bone!” Go kgothatsana ka tsela eno go ka nna le matswela a magolo tota. Basha ba le bantsi ba ba itumetseng, ba ba atlegileng mo botshelong, ba leboga ditsala tse ba neng ba na le tsone fa ba ne ba sa ntse ba le babotlana tse di neng di ba feta go sekae ka dingwaga le tse di neng tsa ba tlhomela sekao se se molemo le go ba naya kgakololo e e ileng ya ba thusa.

Go Tokafatsa Botsala

Ga o tlhoke go nna le ditsala tse disha gore o nne le ditsala tse di molemo. Fa e le gore o setse o na le ditsala tse di siameng, ke eng fa o sa leke go bona gore o ka dira eng go nonotsha botsala jwa lona? Ditsala tse re sa bolong go nna le tsone ke tsa botlhokwa thata, mme re tshwanetse go di tsaya di le botlhokwa. Le ka motlha ga re a tshwanela go tlhaetsa matlho tsela e ba ikanyegang ka yone mo go rona.

Mo godimo ga tsotlhe, se lebale gore o ka bona boitumelo jwa mmatota—le ditsala tsa mmatota—ka go tsaya matsapa, go dirisa nako le dilo tse dingwe tsa gago. Melemo e o tla e bonang e feta kgakala matsapa a o tla a tsayang. Le fa go ntse jalo, fa o ikakanyetsa o le esi fa o tlhopha ditsala, ga o kitla o atlega. Ka jalo, fa o akanyetsa go nna le ditsala, o se ka wa leba fela batho ba o ba kgatlhegelang kgotsa ba ba ka go direlang dilo dingwe. Akanyetsa le batho ba ba ka tswang ba tlhokomologiwa ke ba bangwe kgotsa ba le bone ba ka tswang ba na le bothata jwa go nna le ditsala. Gaëlle wa kwa Fora a re: “Fa re rulaganya setlhopha gore re dire sengwe, mme re itse basha bangwe ba ba jewang ke bodutu, re a ba laletsa le bone. Re ba raya re re: ‘O se ka wa nna kwa gae o le esi. O ka tla le rona. A re ye re tle re itsane botoka.’”—Luke 14:12-14.

Ka fa letlhakoreng le lengwe, fa batho ba ba molemo ba batla go nna ditsala tsa gago, o se ka wa itlhaganelela go gana. Elisa, wa kwa Italy a re: “O ka ikutlwa o kgopisega go sekae fa o akanya gore o ne o kgaphetswe kwa thoko mo nakong e e fetileng. O ka nna wa simolola go akanya gore, ‘Tota e bile, go nna le ditsala ga se selo sa botlhokwa go le kalo mo go nna.’ Ka jalo o simolola go ikgogona, o itshelela o le esi, e bile o ikakanyetsa wena fela. Mo boemong jwa go nna le ditsala, o itswalela ditsela tsa go nna le tsone.” Go na le gore o tile go nna le ditsala ka ntlha ya go boifa dilo tse o sa tlhomamisegeng ka tsone kgotsa ka ntlha ya go ikakanyetsa o le esi, nna botsalano mo bathong ba bangwe. Re na le lebaka la go itumela thata fa batho ba re kgatlhegela mme ba batla go nna ditsala tsa rona.

O ka Kgona go Nna le Ditsala Tsa Mmatota

Fa motho a batla go nna le ditsala tsa mmatota ga a tshwanela go eletsa fela gore a nne le tsone, go leta ba bangwe gore ba tsalane le ene kgotsa go bala fela ditlhogo tse di tshwanang le tseno. Go ithuta go nna le ditsala go tshwana le go ithuta go pagama baesekele. Ga re ka ke ra ithuta go e pagama ka go bala dibuka fela. Re tshwanetse go tswa mme re ye go ikatisa, tota le fa re ka wa makgetlho a sekae. Baebele e bontsha gore batho ba nna le botsala jo bo nonofileng fa ka bobedi ba na le botsala le Modimo. Le fa go ntse jalo, Modimo a ka se segofatse maiteko a rona a go nna le ditsala fa re sa dire maiteko ao. A o ikemiseditse go nna le ditsala tsa mmatota? O se ka wa itlhoboga! Rapelela thuso ya Modimo, tsaya dikgato o sa ikakanyetse wena fela, mme o nne botsalano.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 12 O ka bala ka batho bano ba e neng e le ditsala mo bukeng ya Baebele ya Ruthe, le mo go Samuele wa Ntlha le wa Bobedi.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 27]

Se Batsadi Ba ka Se Elang Tlhoko

Fela jaaka dilo tse dingwe tse dintsi tse di ithutiwang, go ithuta ka botsala go simolola kwa gae. Mo maemong a a siameng ngwana o tla bona botsala jo a bo tlhokang mo lelapeng. Tota le mo maemong a a ntseng jalo, tsela e ngwana a akanyang, a ikutlwang le e a itshwarang ka yone, e amiwa thata ke batho ba bangwe ba a kopanang le bone. Ka sekai, leba kafa bana ba le bantsi ba bannye ba ba fudugetseng kwa dinageng tse dingwe ba ithutang go bua puo e nngwe ka bonako ka teng, mme ba ithuta yone mo baneng ba bangwe ba ba kopanang le bone.

Lona batsadi, lo na le tshiamelo ya go thusa bana ba lona go tlhopha ditsala ka tsela e e botlhale. Basha ga ba ise ba kgone go itirela ditshwetso mo dikgannyeng tseno kwantle ga go kaelwa ke batsadi ba bone. Le fa go ntse jalo, go na le bothata bongwe. Basha ba le bantsi ba ikutlwa ba atamalane thata le basha ba bangwe go feta batsadi ba bone kgotsa batho bape fela ba bagolo.

Baitse bangwe ba dumela gore, lebaka lengwe la go bo basha ba batla kaelo mo dithakeng tsa bone e seng mo batsading ke gore batsadi ba le bantsi ga ba itshepe fa ba kaela bana ba bone mo dilong tsa boitsholo jo bo siameng. Batsadi ba tshwanetse ba dira boikarabelo jwa bone jo ba bo filweng ke Modimo jwa go dira maiteko a go kaela bana ba bone le go ba kgatlhegela. (Baefeso 6:1-4) Mme ba ka dira seno jang? Ngaka nngwe e e nayang malapa dikgakololo e bong Dr. Ron Taffel e kopana le batsadi ba le bantsi ba ba sa itseng kafa ba ka dirisanang le bana ba bone ba ba leng mo dingwageng tsa bolesome ka teng. O kwala gore ba le bantsi ba “godisa bana ka ditsela tse di rotloediwang thata ke metswedi ya tshedimosetso” go na le gore ba ikgodisetse bana ba bone. Ke ka ntlha yang fa ba latela ditsela tseno? “Ga ba itse bana ba bone sentle gore ba ka nna le kamano e e molemo le bone.”

Seemo ga se a tshwanela sa nna jalo. Batsadi ba tshwanetse ba lemoga gore fa ba sa neye bana dilo tse ba di tlhokang kwa gae, bana ba tla batla go di newa ke ditsala tsa bone. Ke dilo dife tseno? Taffel a re: “Ke dilo tse bana ba sa bolong go di batla: go tlhokomelwa, go anaanelwa, go nna ka tshireletsego, go nna le melao e e utlwalang sentle, go itse sentle gore go lebeletswe eng mo go bone le go ikutlwa e le karolo ya lelapa. Mathata a magolo mo metlheng ya rona ke gore bontsi jwa bagolo ga ba neye basha dilo tseno tsa konokono tse ba di tlhokang mme basha ga ba ikutlwe ba ‘amogelwa’ ke ba malapa a bone.”

O ka thusa bana ba gago jang gore ba nne le ditsala tse di molemo? Selo sa ntlha ke go sekaseka tsela e wena o tshelang ka yone le mofuta wa ditsala tse o nang le tsone. A tsela e wena le ditsala tsa gago lo tshelang ka yone le mekgele e lo ipeetseng yone ke e e siameng le e e seng ya bopelotshetlha? A mekgele ya lona ke ya semoya kgotsa ke ya go rata dikhumo? Mogolwane mongwe wa Mokeresete e bile e le rre e bong Douglas a re: “Se o se dirang se na le tlhotlheletso e kgolo go feta se o se buang, mme ga go pelaelo gore bana ba gago ba tla lemoga mekgwa ya gago, ya ditsala tsa gago le ya bana ba ditsala tsa gago e bile ba tla lemoga le dilo tse lo ratang go di dira.”

Tota le diphologolo tse dintsi ka tlholego fela di sireletsa bana ba tsone ka mabifi mo dibopiweng tse dingwe tse di kotsi. Moitse mongwe wa dibera o bega jaana: “Dibera tse di namagadi di itsege ka go sireletsa bana ba tsone mo dikotsing tsotlhe tse di di lemogang.” A batsadi ga ba a tshwanela go dira se se tshwanang? Ruben wa kwa Italy a re: “Batsadi ba me ba ne ba mpontsha mabaka go tswa mo Dikwalong. Ba ne ba nthusa go tlhaloganya gore go na le mefuta mengwe ya ditsala e go ka nnang molemo gore ke e tile. Kwa tshimologong ke ne ke tle ke akanye jaana: ‘Utlwa fela gore ba reng! Nka se nne le ditsala gotlhelele!’ Mme gone, fa nako e ntse e tsamaya ke ne ka lemoga gore ba ne ba nepile, mme ke ile ka sireletsega ka ntlha ya go nna pelotelele ga bone.”

Selo se sengwe se o ka se dirang ke go thusa bana ba gago thata gore ba kopane le batho ba e leng dikao tse di molemo le ba ba tla ba thusang go ipeela mekgele e e siameng. Lekawana lengwe le le atlegileng le le le itumetseng e bong Francis o gakologelwa jaana: “Mmè o ne a lemoga gore rona bana re rata go dira dilo re le rosi fela, ka jalo o ne a re thusa ka go laletsa ditsala dingwe tse di neng di tlhagafetse tota mo bodireding jwa nako e e tletseng jwa Bokeresete. Ka tsela eno re ne ra simolola go ba itse le go nna ditsala tsa bone gone mo lapeng.” Fa o dira maiteko ano, tsela e bana ba gago ba tshelang ka yone mo gae e ka ba thusa go nna le ditsala tse di molemo.

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Ela tlhoko tsela e batho ba e ka nnang ditsala tsa gago ba itshwarang ka yone

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Botsala jwa batho ba ba sa ikakanyetseng bobone fela bo a atlega le fa ba sa lekane ka dingwaga kgotsa ba godile ka ditsela tse di sa tshwaneng