Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Fa Mongwe Yo o Mo Ratang A na Le Bolwetse Jwa Tlhaloganyo

Fa Mongwe Yo o Mo Ratang A na Le Bolwetse Jwa Tlhaloganyo

Fa Mongwe Yo o Mo Ratang A na Le Bolwetse Jwa Tlhaloganyo

ENE e le moso o o tlwaelegileng fela wa letsatsi la beke mo lelapeng looraJohnson. * Lelapa lotlhe la batho ba le banè le ne le tsogile e bile le ipaakanyeditse ditiro tsa letsatsi leo. Gail o ne a gakolola morwawe wa dingwaga di le 14, e bong Matt, gore o ne a le thari go tshwara bese e e yang sekolong. Morago ga moo go ne ga direga selo se se neng se sa lebelelwa gotlhelele. Mo lobakeng lwa halofo ya ura fela, Matt o ne a gasitse lobota lwa kamore ka pente, a lekile go tlhosetsa karatšhe ka molelo a bo a leka go ikgwagetsa mo kamoreng e e kwa godimo mo ntlong ya bone.

Gail le monna wa gagwe, e bong Frank, ba ne ba sala koloi ya balwetse morago e e neng e pegile morwaabone Matt, ba ntse ba ipotsa gore tota go diragalang. Le fa go ntse jalo, ka maswabi, seno e ne e le dinyana, dikgolo di ne di sa ntse di tla. Ditiragalo tse dingwe tsa go latlhegelwa ke tlhaloganyo di ne tsa latela, tse di neng tsa tlogela Matt a le mo seemong se se sa itumediseng ka ntlha ya bolwetse jwa tlhaloganyo. Nako eno ya matshwenyego ya lobaka lwa dingwaga di le tlhano e ne ya dira gore a leke go ipolaya ka makgetlho a le mmalwa, a tshwarwe makgetlo a le mabedi, a isiwe kwa dikokelong di le supa tsa malwetse a tlhaloganyo le go kopana ka makgetlo a le mantsi le baitse ba malwetse a tlhaloganyo. Ditsala le ba losika ba ba neng ba tlhakane tlhogo gantsi ba ne ba sa itse se ba ka se buang kgotsa se ba ka se dirang.

Go fopholediwa gore motho a le 1 mo go ba le 4 mo lefatsheng lotlhe o tla tlhaselwa ke bolwetse jwa tlhaloganyo ka nako nngwe mo botshelong jwa gagwe. Fa o lebelela dipalopalo tseno tse di tshosang, go ka direga gore o na le motsadi, ngwana, monnao kana mogoloo kgotsa tsala e e nang le mofuta mongwe wa bolwetse jwa boboko. * Ke eng se o ka se dirang fa e le gore mongwe yo o mo ratang o na le bothata jo bo ntseng jalo?

Lemoga matshwao a bolwetse jono. Bolwetse jwa tlhaloganyo bo ka nna jwa se ka jwa lemogiwa ka bonako. Ditsala le ba losika ba ka nna ba amanya matshwao a jone le diphetogo fela tsa dihoromone, bolwetse bongwe, go tlhoka maitseo kgotsa matswela a go lebana le maemo a a bokete. Mmaagwe Matt o ne a kile a bona matshwao a bolwetse jono mo go morwawe pele ga bo mo tlhasela, mme gone batsadi ba gagwe ba ne ba akanya gore go tshwenyega ga gagwe mo maikutlong go ne go bakwa ke nako ya bosha e e neng e tla feta ka bonako. Le fa go ntse jalo, go fetofetoga ga mokgwa wa go robala, go fetoga ga tsela e motho a jang ka yone kgotsa tsela e a itshwarang ka yone di ka tswa di bontsha sengwe se se masisi ka ene. Go tlhatlhobiwa ke ngaka go ka dira gore motho yo o mo ratang a fiwe kalafi e e siameng le gore botshelo jwa gagwe bo tokafale.

Ithute ka bolwetse jono. Batho ba ba nang le bolwetse jwa tlhaloganyo ga se gantsi ba kgonang go dira dipatlisiso ka bolwetse jwa bone. Ka gone, tshedimosetso e o ka kgonang go e bona mo dikgatisong tsa bosheng tse di ikanyegang e ka go thusa fela thata gore o tlhaloganye se se diragalelang mongwe yo o mo ratang. Gape go ka go thusa gore fa o bua le ba bangwe ka bothata jono o dire jalo o phuthologile e bile e le ka selo se o se itseng. Ka sekai, mmaagwe Matt e bong Gail o ne a neela batsadi ba gagwe dipampiri tsa kalafi tse di neng tsa ba thusa gore ba itse ka bolwetse jwa morwawe le gore ba kgone go thusa ka ditsela dingwe.

Batla thuso ya kalafi. Le fa gone malwetse mangwe a tlhaloganyo a tsaya lobaka lo loleele, batho ba le bantsi ba ba nang le one ba ka a laola le go tshela botshelo jo botokanyana. Ka maswabi, batho ba le bantsi ba nna lobaka lo loleele ba sa batle thuso. Fela jaaka fa bolwetse jwa pelo bo tlhoka ngaka ya malwetse a pelo, bolwetse jwa tlhaloganyo le jone bo tlhoka batho ba ba kgonang go berekana le malwetse a a ntseng jalo. Ka sekai, dingaka tsa malwetse a tlhaloganyo di ka ntsha molemo o o nowang ka metlha o o thusang go laola go tshwenyega mo maikutlong, go fokotsa go tlhobaela le go thusa motho gore a se nne le dikgopolo tse di sa siamang. *

Kgothaletsa motho yo o lwalang go batla thuso. Batho ba ba nang le bolwetse jwa tlhaloganyo ba ka nna ba se ka ba lemoga gore ba tlhoka thuso. O ka nna wa kgothaletsa leloko la lelapa gore le ye go bona ngaka nngwe e e rileng, a bale dikgatiso dingwe tse di mosola kgotsa a tlotle le mongwe yo o ileng a kgona go lepalepana le bolwetse jono. Go ka direga gore motho yono yo o mo ratang a se ka a amogela kgakololo ya gago. Mme gone o se ka wa okaoka go thusa fa mongwe yo o mo tlhokomelang a le mo kotsing ya go ikgobatsa kgotsa go gobatsa batho ba bangwe.

Tila go pega ba bangwe molato. Baitsesaense ga ba ise ba kgone go itse sentle gore dijini, tikologo le maemo a loago di na le seabe sefe mo go direng gore motho a lwale bolwetse jwa tlhaloganyo. Go na le dilo di le dintsi tse di ka dirang gore motho a nne le bolwetse jwa tlhaloganyo, tse di jaaka go gobala boboko, go se dirise diokobatsi sentle, maemo a a ngomolang pelo a tikologo e a nnang mo go yone, le go se lekalekane ga dikhemikale tsa mmele le dilo tse motho a di gotsitseng tse di ka bakang bolwetse jwa tlhaloganyo. Ga go thuse sepe gore o pege batho molato ka gore go na le sengwe se ba se dirileng se se bakileng bolwetse jono. Go na le moo, dira sengwe gore o ba thuse le go ba kgothatsa.

Se solofele dilo tse di ka se kgonegeng. Fa e le gore o lebeletse go le gontsi mo mothong yo o lwalang go feta se ene a ka se kgonang, seno se ka mo kgoba marapo. Kafa letlhakoreng le lengwe, fa o bontsha ka tsela e e feteletseng gore motho yo o lwalang o a tlhaela, seno se ka dira gore a ikutlwe a se na mosola. Ka gone se solofele dilo tse di ka se kgonegeng. Ke boammaaruri gore ga o na go mo tlogela fela a dira dilo tse di sa tshwanelang. Fela jaaka mongwe le mongwe, batho ba ba nang le bolwetse jwa tlhaloganyo ba ka ithuta go tswa mo ditlamoragong tsa ditiro tsa bone. Fa a le dikgoka go ka nna ga tlhokega gore a tseelwe kgato ya semolao kgotsa a thibelwe go kopana le batho ba bangwe gore a sirelediwe kgotsa go sirelediwe batho bao.

Nnang lo buisana. Go botlhokwa thata gore lo nne le puisano, tota le fa ka dinako tse dingwe go ka nna ga lebega e kete se o se buang ga se tlhaloganngwe sentle. Motho yo o nang le bolwetse jwa tlhaloganyo a ka nna a arabela ka ditsela tse di sa lebelelwang, mme maikutlo a gagwe a ka nna a bo a sa siamela boemo jo a lebaneng le jone ka nako eo. Le fa go ntse jalo, go tshwaya motho yo o lwalang phoso ka ntlha ya se a se buileng go tla dira gore a ikutlwe a le molato mo godimo ga gore a bo a tshwenyegile thata mo maikutlong. Fa go bonala se o se buang se sa thuse sepe, nna le ene ka tidimalo mme o mo reetse. Dumalana le ene ka tsela e a ikutlwang ka yone le e a akanyang ka yone o sa mo kgale. Leka go nna o ritibetse. Wena le motho yo o mo ratang lo ka solegelwa molemo fa o bontsha gore o amega ka ene ka dinako tsotlhe. Ke se se ileng sa diragalela Matt. Dingwaga di le mmalwa moragonyana, o ne a bolela gore o leboga batho ba a reng ba ne ba “mo thusa ka nako ya fa a ne a sa batle go thusiwa.”

Akanyetsa se ba bangwe mo lelapeng ba se tlhokang. Fa lelapa le tshwanelwa ke go tlhoma mogopolo mo mothong yo o lwalang, ba bangwe mo lelapeng ba ka nna ba tlhokomologiwa. Ka nakwana, kgaitsadie Matt e bong Amy, o ne a ikutlwa gore o ne a “tlhokomologiwa ka ntlha ya bolwetse jwa ga monnawe.” O ne a fokotsa dilo tse a kgonang go di dira e le gore a se ka a ngoka tlhokomelo ya batsadi. Mo godimo ga moo, go ne go bonala e kete batsadi ba gagwe ba ne ba batla gore a dire dilo di le dintsi, go nna e kete o ne a tshwanetse go akaretsa le tse monnawe a neng a tla di dira fa a ne a sa lwale. Bangwe ba bana ba ba mo boemong jo bo ntseng jalo ba leka go gapa tlhokomelo ya batsadi ka go baka mathata. Malapa a a nang le bothata jono a tlhoka go thusiwa gore botlhe ba newe tlhokomelo mo lelapeng. Ka sekai, fa lelapa looraJohnson le ne le tlhomile mogopolo thata mo bothateng jwa ga Matt, ditsala tsa mo phuthegong ya bone ya Basupi ba ga Jehofa di ne tsa thusa Amy ka go mo naya tlhokomelo.

Dira dilo tse di nonotshang bokgoni jwa tlhaloganyo. Dilo tse o di rulaganyang tse di ka tokafatsang bokgoni jwa tlhaloganyo di tshwanetse tsa akaretsa dijo tse lo di jang, go ikatisa, go robala sentle le go dira dilo le batho ba bangwe. Go dira dilo tse dinnye fela le setlhopha se sennye sa ditsala gantsi ga go tshose go le kalo. Gape gakologelwa gore bojalwa bo ka etegetsa matshwao a bolwetse le go lwantshana le melemo. Ba lelapa la ga Johnson jaanong ba leka gore ka metlha ba dire dilo tse di godisang bokgoni jwa tlhaloganyo tse di solegelang mongwe le mongwe molemo segolobogolo morwaabone.

Itlhokomele. Go ngomoga pelo go go bakwang ke go tlhokomela motho yo o nang le bolwetse jwa tlhaloganyo go ka dira gore le wena o lwale. Ka gone, go botlhokwa thata gore o ele tlhoko dilo tse o di tlhokang mo mmeleng, mo maikutlong le mo semoyeng. BooraJohnson ke Basupi ba ga Jehofa. Gail o lemogile gore tumelo ya gagwe e mo thusitse thata gore a itshokele mathata a a tlhagetseng lelapa. A re: “Dipokano tsa Bokeresete di nthusitse go fokotsa go ngomoga pelo, tsa mpha nako ya go beela matshwenyego kwa thoko le go tlhoma mogopolo mo dilong tsa botlhokwa le mo tsholofelong ya lefatshe le lesha. Ke ile ka rapela ka tlhoafalo ka makgetlo a le mantsi ke kopa thuso, mme ka dinako tsotlhe go ne go nna le phetogo nngwe e e neng e okobatsa kutlobotlhoko ya me. Ka thuso ya ga Jehofa Modimo, ke kgona go ritibala maikutlo, e leng selo se go lebegang se sa kgonege mo bathong ba ba leng mo maemong a re leng mo go one.”

Gone jaanong Matt o setse a godile mme o leba botshelo ka tsela e e farologaneng. A re: “Ke ikutlwa ke le motho yo o botoka ka ntlha ya se se ntiragaletseng.” Kgaitsadie Matt, e bong Amy, le ene o akanya gore tiragalo eno e mo solegetse molemo. A re: “Ga ke tlhole ke rata go tshwaya batho ba bangwe diphoso. O ka se itse gore ke eng se se tshwenyang motho mo maikutlong. Ke Jehofa Modimo fela yo o itseng.”

Fa mongwe yo o mo ratang a na le bolwetse jwa tlhaloganyo, ka metlha se lebale gore go mo reetsa, go mo thusa le go nna le maikutlo a a siameng go ka mo thusa go itshokela bolwetse—le e leng go ikutlwa botoka.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 2 Maina a fetotswe.

^ ser. 4 Batho bangwe ba dirisa lereo “bolwetse jwa boboko,” ka gonne ga le dire gore motho a tlhabiwe ke ditlhong mme e bile le raya fela bothata jo bo amanang le ditshika tsa boboko.

^ ser. 7 Matswela a go dirisa melemo eno a tshwanetse go sekasekwa mmogo le mathata a a ka nnang gone. Tsogang! ga e buelele kalafi epe e e rileng. Bakeresete ba tshwanetse ba tlhomamisa gore kalafi epe fela e ba e dirisang ga e thulane le melaometheo ya Baebele.

[Lebokoso mo go tsebe 13]

Mangwe a Matshwao a Bolwetse Jwa Tlhaloganyo

Fa mongwe yo o mo ratang a na le ape fela a matshwao a a latelang a bolwetse, a ka nna a tshwanelwa ke go bona ngaka ya malwetse a tlhaloganyo:

• Go hutsafala ka lobaka lo loleele kgotsa go tenega ka bonako

• O itlhaola mo bathong

• Go fetofetoga maikutlo ka tsela e e feteletseng

• Go galefa thata

• Go dirisa dikgoka

• Go se dirise diokobatsi sentle

• Go boifa, go tshwenyega le go tlhobaela ka tsela e e feteletseng

• Go boifa go nona thata

• Go nna le phetogo e kgolo mo tseleng ya go ja le ya go robala

• Go lora ditoro tse di boifisang tse di sa kgaotseng

• Go nna le dikakanyo tse di tlhakatlhakaneng

• Go bona dipono

• Go akanya ka loso kgotsa go ipolaya

• Go palelwa ke go itshokela mathata le ditiro tsa letsatsi le letsatsi

• Go ganela gore o na le bothata mme bo bonala sentle

• Go nna le malwetse a le mantsi a a sa tlhaloganngweng

[Setshwantsho mo go tsebe 14]

Fa go bua go sa thuse sepe, nna fa fatshe ka tidimalo mme o reetse motho yo o lwalang