Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kgotlatshekelo ya Kwa Yuropa e Lwela Ditshwanelo Tsa Mmè

Kgotlatshekelo ya Kwa Yuropa e Lwela Ditshwanelo Tsa Mmè

Kgotlatshekelo ya Kwa Yuropa e Lwela Ditshwanelo Tsa Mmè

Ka mokwadi wa Tsogang! wa kwa Fora

KA December 16, 2003, Kgotlatshekelo ya Yuropa ya Ditshwanelo Tsa Batho, e e kwa Strasbourg, kwa Fora, e ne ya latofatsa dikgotlatshekelo tsa kwa Fora ka gore di tlhaola Séraphine Palau-Martínez , yo e leng Mosupi wa ga Jehofa ka ntlha ya bodumedi jwa gagwe.

Ka 1996, Séraphine o ne a tlhala monna wa gagwe, yo o neng a setse a mo tlogetse dingwaga di le pedi pele ga foo. Mme Séraphine o ne a newa bana ba bone ba babedi. Mme ka 1997, ka nako e bana ba neng ba setse ba na le dingwaga di ka nna tharo le sephatlo ba nna le mmaabone, rraabone o ne a gana go ba busa morago ga gore ba mo etele. Séraphine o tlhalosa jaana: “Fa ke ya go tsaya bana kwa sekolong gore re ye gae, mogokgo o ne a bitsa mapodisi. Ke ne ka tshwanelwa ke gore ke bone bana ba me mapodise a le teng gore ba tlhomamise gore ga ke bue le bone ka bodumedi jwa me. E ne e kete ke senokwane. Ke ne ka bolelelwa gore nka tsaya bana fela fa e le gore ke tla saena lekwalo le le tlhomamisang gore nka se ka ka bua le bone ka Modimo kgotsa ka Baebele kgotsa go ba isa dipokanong tsa Bokeresete.”

Séraphine o ne a ya go batla thuso kwa kgotlatshekelo. Le fa go ntse jalo, ka 1998, Kgotlatshekelo ya Boikuelo ya kwa Nîmes e ne ya dira gore bana bano ba newe rraabone. Ba ne ba tlhalosa gore lebaka la go bo ba fitlheletse tshwetso eno ke ka go bo ba ne ba nyatsa fela thata thuto e ba dumelang gore Basupi ba ga Jehofa ba e ruta bana ba bone. Séraphine o gakologelwa jaana: “Go utlwisa botlhoko tota go latofadiwa ka gore ke utlwisa bana ba me botlhoko, fa tota ke ne ke batla fela go ba naya se ke neng ke akanya gore ke se se ka ba solegelang molemo thata—go ba godisa ka tsela ya Bokeresete.”

Fa Cour de Cassation, kgotlatshekelokgolo ya boikuelo ya kwa Fora e ne e dumalana le tshwetso e e dirilweng ke kgotlatshekelo ya boikuelo, Séraphine o ne a swetsa gore a ise kgang eno kwa Kgotlatshekelong ya Yuropa ya Ditshwanelo Tsa Batho. Mo tshwetsong e ba le 6 ba neng ba dumalana mo go yone fa a le mongwe a ne a gogela go sele, go ile ga fitlhelelwa tshwetso ya gore “Kgotla e bona sentle gore kgotlatshekelo ya boikuelo ya kwa [Fora] e ile ya gatelela yo mongwe wa batsadi bano ka ntlha ya bodumedi jwa gagwe. . . . Go dira jalo ke go gobelela.” E ne ya bolela gore tshwetso e e tserweng ke kgotlatshekelo ya Fora e ne e sa thewa mo go reng a Séraphine o kgona go tlhokomela bana—e leng ntlha e go sa kang ga tlotlwa le e seng ka yone—e bile tshwetso eno ga ya ka ya thewa mo bosuping jo bo leng gone, mme e ne ya thewa “mo dilong tse di sa reng sepe tse di tlholang di buiwa ka Basupi ba ga Jehofa.” E re ka Séraphine a ile a gobelelwa ka ntlha ya bodumedi jwa gagwe mme le ditshwanelo tsa gagwe di ile tsa tlhokomologiwa, Kgotlatshekelo e ne ya laela Fora gore e duele ditshenyegelo tsa gagwe le ditshenyegelo tsa kgotlatshekelo.

Tshwetso eno e tsamaisana le e e ileng ya dirwa ke Kgotlatshekelo ya Yuropa ya Ditshwanelo Tsa Batho ka June 1993. Go ne go sekiwa kgetsi e e tshwanang e mo go yone Kgotlatshekelo e neng ya bolela gore Austria e ile ya gobelela Ingrid Hoffmann, yo e leng Mosupi wa ga Jehofa, ka ntlha ya bodumedi jwa gagwe. * Pego nngwe e e tlotlang ka ditshwetso tsa semolao tsa Fora ya La Semaine juridique e bontsha jaana: “Tumalanong le tshwetso e e dirilweng mo kgetsing ya ga Hoffmann, tshwetso eno e gatelela ntlha ya gore tshwetso malebana le taolo e motsadi a nang le yone mo ngwaneng ga e a tshwanela go laolwa ke gore o mo bodumeding bofe.” Mmueledi wa ga Séraphine o ne a bolela jaana: “Tshwetso eno e botlhokwa thata ka gonne molao ono o o tlhomilweng ke Kgotlatshekelo ka metlha o tlhomamisa gore batsadi ba Basupi ba ga Jehofa ba newa katlholo e e sa gobeleleng.”

Fa Séraphine, yo gone jaanong a nnang kwa Spain a ne a bodiwa gore o ikutlwa jang ka tshwetso e e dirilweng, o ne a re: “Ke itumetse thata e bile ke wetse makgwafo. Go tseelwa bongwanake ka ntlha ya bodumedi jwa me le go sa ba bone ka dingwaga di le tlhano, e ne e le selo se se utlwisang botlhoko thata mme Jehofa o ne a ntshegetsa ka metlha. Ke solofela gore tshwetso eno e tla thusa ba bangwe ba ba leng mo boemong jo bo tshwanang le jwa me.”

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 7 Bona Tsogang! ya October 8, 1993, tsebe 15 “Basupi ba ga Jehofa ba Fenya Kgang ya go Godisa Bana.”

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Séraphine