Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Mongwe le Mongwe o Tshwanetse go Bala Buka Eno”

“Mongwe le Mongwe o Tshwanetse go Bala Buka Eno”

“Mongwe le Mongwe o Tshwanetse go Bala Buka Eno”

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA POLAND

Mo masimologong a setlha sa selemo ka 2003, go ne ga gololwa buka ya Ithute mo Morutising yo Mogolo ka dipuo di le dintsintsi kwa dikopanong tsotlhe tsa kgaolo go ralala lefatshe. Jaaka kwa mafelong a mangwe, le kwa Poland go ne go itumedisa tota go bona kafa batho ba amogelang buka eno e e nang le ditshwantsho tse dintle ka teng. Le fa gone e kwaletswe segolobogolo bana ba bannye, makwalo a a tswang go basha le bagolo a bontsha gore buka eno e ratwa ke batho ba dingwaga tsotlhe. Dingwe tsa dikakgelo tsa bone ke tseno.

“Leina la me ke Agata, mme ke na le dingwaga di le robedi. Fa ke ne ke amogela buka eno, ke ne ke bona kafa Jehofa a amegang ka nna ka teng. Kgaolo e ke e ratang thata ke kgaolo 7, e e reng ‘Go Utlwa Go a Go Sireletsa.’ Ka dinako tse dingwe ke ne ke sa utlwe batsadi ba me, mme gone jaanong ke tshwanetse go fetoga ka gonne Jehofa o rata bana ba ba kutlo.”

Marlena, mosetsanyana mongwe wa dingwaga di le 13, o kwala jaana ka kanaanelo: “Ke a itse gore buka eno e kwaletswe bana ba bannye mo go nna, mme ke akanya gore e kgatlha mongwe le mongwe. Fa ke e bala e nonotsha tumelo ya me mo go Jehofa le Jesu. Tota le dilo tse di raraaneng di tlhalosiwa ka tsela e e bonolo. Ga ke kgone go e tlogela. Mme ditshwantsho tsa teng di kgatlha tota! Dipotso tse di tsamaisanang le tsone di tla tsosa kgatlhego ya bana ba bannye! Buka eno e monate tota, mme ke e bala ka kelotlhoko. Ke lo leboga thata.”

Justyna, mosetsana wa dingwaga di le 15, o bolela jaana fa a tlhalosa kafa a ikutlwang ka teng ka buka eno: “Dikgaolo tse ke di badileng di ile tsa nkgatlha thata mo e leng gore ke batla go lo leboga thata ka ntlha ya mpho e ntle eno e e rutang. Ke akanya gore mongwe le mongwe o tshwanetse go bala buka eno—tota le batho ba ba godileng. Dikai tse di neelwang mo go yone di bonolo e bile motho o kgona go di tlhaloganya sentle, mme nna ke bona gore tota le ngwana yo o nang le ngwaga a ka e tlhaloganya. Mme ditshwantsho ka botsone di a ruta. Gone mme ga ke kgone go tlhalosa kafa ke ikutlwang ka teng fa ke bala buka eno.”

Eunika le ene o tlhalosa kafa a anaanelang buka eno ka teng. Le fa a na le dingwaga di le 19, o bala buka eno ka tlhoafalo mme a re o bona e “tshwanela basha.” O kwala gape jaana: “E na le kgakololo e e molemo malebana le botshelo jwa letsatsi le letsatsi—kwa gae, kwa sekolong le mo phuthegong. Ke lo lebogela mpho eno.”

Maria, mmè yo o itumetseng wa ga Oliwia yo o nang le ngwaga, o ne a bolela jaana fa a sena go bona kafa morwadie a tsibogelang ka teng ditshwantsho tse dintle tsa buka eno: “Ke batla go lo leboga go tswa pelong ka ntlha ya buka e e tlhomologileng eno e e re thusang go ruta bana ba rona. E kgatlha morwadiarona Oliwia thata. O na le go tla go nna le rona fa a batla gore re mmolelele sengwe go tswa mo bukeng eno. O ile a kgatlhegela thata setshwantsho se se mo tsebeng 83, se se tshwantshitseng basetsanyana ba babedi ba ditso tse di farologaneng ba ba tlamparelaneng. Ditshwantsho tse dingwe di lebega e le tsa mmatota jaana mo e leng gore o rata go di ama, go di tlamparela le go nyenya le tsone.”

Maria o bolela gape jaana fa a gatelela kafa buka eno e rutang ka teng: “E tlhalosa ka dikgang tse di malebana le tlhakanelodikobo (tsebe 58-60) le go sotliwa ga bana (tsebe 170-1). E molemo thata go thusa batsadi ba ba batlang go godisa bana ba bone ka tsela e e siameng mo lefatsheng leno le le boikepo le le nang le dikotsi tse dintsi.”

Bagatisi ba buka eno ya Ithute mo Morutising yo Mogolo ba solofela gore e tla thusa gape wena le bana ba gago gore lo solegelwe molemo ke dithuto tse Morutisi yo Mogolo e bong Jesu Keresete a di rutileng batho dingwaga di ka nna 2 000 tse di fetileng.

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Agata

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Marlena

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Eunika

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Maria le Oliwia

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Justyna