Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nka Lebana Jang le Boemo Jwa go Palelwa?

Nka Lebana Jang le Boemo Jwa go Palelwa?

Basha ba Botsa Jaana . . .

Nka Lebana Jang le Boemo Jwa go Palelwa?

“Ke sa tswa go amogela repoto ya sekolo mme ke paletswe gape ke tsone dithuto tse nnè tse di neng di mpaletse mo nakong e e fetileng. Ke lekile mme ke nna ke ntse ke palelwa.”—Lauren, wa dingwaga di le 15.

“Go botlhoko tota go palelwa. O ka feleletsa o leba dilo ka tsela e e sa siamang.”—Jessica, wa dingwaga di le 19.

GO PALELWA. O ka tswa o sa batle le go akanya ka mafoko ao. Mme gangwe le gape rotlhe re a tle re palelwe. Go palelwa, e ka tswa e le mo tlhatlhobong ya sekolo, e ka tswa e le ka gonne o dirile kgotsa o buile sengwe se se tlhabisang ditlhong, o swabisitse mongwe yo o mo ratang kgotsa o sa itshwara sentle, go ka utlwisa botlhoko.

Gone ke boammaaruri gore batho botlhe ba dira diphoso. Baebele ya re: “Botlhe ba leofile e bile ba tlhaela kgalalelo ya Modimo.” (Baroma 3:23) Mme go thata mo go bangwe ba rona go ema gape morago ga go palelwa. Mosha mongwe yo o bidiwang Jason o tlhalosa jaana: “Ke na le go inyatsa fela thata. Fa ke dira phoso, batho ba ka nna ba tshega—mme morago ga moo ba a lebala. Mme nna ga ke lebale, ke nnela go akanya ka phoso e ke e dirileng.”

Gone ga go na sepe se se phoso ka go akanya ka diphoso tse o di dirileng—segolobogolo fa e le gore go dira jalo go go thusa gore o tokafatse. Le fa go ntse jalo, go nna o ntse o inyatsa nako e telele go ka go gobatsa e bile ga go go thuse ka sepe. Diane 12:25 ya re: “Go tshwenyega ka tlhobaelo mo pelong ya motho ke gone go tla e obang.”

Akanya ka monna mongwe mo Baebeleng yo o bidiwang Epaforodito. O ne a romelwa kwa Roma go ya go thusa moaposetoloi Paulo. Le fa go ntse jalo, Epaforodito o ne a lwala mme a palelwa ke go dira kabelo ya gagwe. Tota e bile, Paulo o ne a feleletsa e le ene a mo tlhokomelang! Paulo o ne a rulaganya go romela Epaforodito gae, a tlhalosetsa phuthego gore monna yo o ikanyegang yono o ile a tshwenyega thata mo maikutlong. Ka ntlha yang? Paulo o ne a tlhalosa jaana: “Lo utlwile gore o ne a bobola.” (Bafilipi 2:25, 26) Fa Epaforodito a lemoga gore batho ba bangwe ba ne ba itse gore o ne a lwala mme a sa kgona go diragatsa kabelo ya gagwe, o ka tswa a ile a ikutlwa gore o paletswe. Ga go gakgamatse go bo a ile a tshwenyega thata mo maikutlong!

A go na le sengwe se motho a ka se dirang gore a se ka a utlwa botlhoko ka ntlha ya go palelwa?

Itse Makoa a Gago

Tsela nngwe ya go fokotsa makgetlho a go palelwa ke go itlhomela mekgele e o ka kgonang go e fitlhelela. Baebele ya re: “Botlhale bo na le ba ba boingotlo.” (Diane 11:2; 16:18) Motho yo o boingotlo o itse dilo tse a ka kgonang go di dira. Gone ke boammaaruri gore ka dinako tse dingwe go molemo go lemoga gore o kgona go dira go le kana kang gore o tle o tokafatse bokgoni jwa gago. Mme nna tekatekano. O ka tswa o se setswerere mo dipalong kgotsa o se na bokgoni le lobelo lwa go nna moatleletiki yo o setswerere. Lekawana lengwe le le bidiwang Michael le dumela jaana: “Ke a itse gore ga ke na bokgoni mo metshamekong. Ka jalo, ke a tshameka, mme ga ke ipeye mo boemong jo bo tla dirang gore ke palelwe.” O tlhalosa jaana: “O tshwanetse go ipeela mekgele e o ka kgonang go e fitlhelela.”

Akanya kafa Yvonne wa dingwaga di le 14, yo o nang le bolwetse jwa go phatloga ga lerapo la mokwatla le bolwetse jo bo golafatsang jwa boboko a neng a ikutlwa ka teng. Yvonne a re: “Ga ke kgone go tsamaya kgotsa go bina kgotsa go taboga jaaka ba bangwe. Go nkgoba marapo go bo ke sa kgone go dira dilo tse ba bangwe ba di dirang. Bontsi jwa batho tota ga bo tlhaloganye boemo jwa me. Mme ke kgona go itshokela seo.” O neela kgakololo efe? “O se ka wa ineela. Nna o leke. Fa o palelwa kgotsa o sa dire sentle, o se ka wa itlhoboga. Nna o dire sotlhe se o ka se kgonang.”

Mme gape, o se ka wa ikutlwisa botlhoko ka go ipapisa ka tsela e e sa tshwanelang le ba bangwe. Andrew, wa dingwaga di le 15 a re, “Ke leka gore ke se ka ka ipapisa le batho ba bangwe ka gonne rotlhe re na le maatla le bokgoni jo bo sa tshwaneng.” Mafoko a ga Andrew a tshwana le mafoko a Baebele a a mo go Bagalatia 6:4: “A mongwe le mongwe a bontshe se tiro ya gagwe e leng sone, mme ke gone a tla nnang le lebaka la go itumela ka ga gagwe ka esi, mme e seng a ipapisa le motho yo mongwe.”

Fa ba Bangwe ba Lebeletse go le Gontsi mo go Wena

Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe ke batho ba bangwe ba ba lebeletseng mo gontsi mo go wena—batsadi, barutabana le ba bangwe. Mme o lemoga gore le fa o ka leka jang, o ka se ka wa kgona go ba kgotsofatsa. Se se kgobang marapo le go feta ke gore batho bao ba ka bontsha kafa ba swabileng ka teng ka go bua mafoko a a utlwisang botlhoko kgotsa le e leng go go fetsa maatla. (Jobe 19:2) Gongwe o lemoga gore batsadi ba gago le ba bangwe ga ba leke go go utlwisa botlhoko ka boomo. Jaaka Jessica a bolela, “gantsi ga ba lemoge le gore go go ama jang. Ka dinako tse dingwe ke fela gore ga wa ba tlhaloganya sentle.”

Kafa letlhakoreng le lengwe, a gongwe ba bona sengwe se wena o sa se boneng? Ka sekai, gongwe o ipona o ka se ka wa kgona go dira dilo sentle, o itseela kwa tlase. Go na le gore o itlhokomolose dikakantsho tsa bone, o tla bo o le botlhale fa o ka ‘reetsa kotlhao.’ (Diane 8:33) Michael o tlhalosa jaana: “Go tla go solegela molemo. Ba batla gore o tokafatse. Go tseye e le selo se o ka se lekang.”

Le fa go ntse jalo, go tweng fa e le gore o akanya gore dilo tse batsadi ba gago le batho ba bangwe ba di lebeletseng mo go wena ke tse o ka se kang wa di kgona—di go baya fela mo boemong jwa gore o palelwe? Go tla nna botoka gore o bue le bone—o dira jalo ka tlotlo mme o tlhamaletse—o ba bolelele gore o ikutlwa jang. Gongwe lo ka dirisana mmogo gore o kgone go tlhoma mekgele e o ka e fitlhelelang.

Go Palelwa ke go Diragatsa Maikarabelo a Gago a Semoya

Mo Basuping ba ga Jehofa, basha ba lebane le kgwetlho ya go diragatsa kabelo ya bone ya go nna badiredi ba Modimo. (2 Timotheo 4:5) Fa e le gore o Mokeresete yo sa leng mosha, ka dinako tse dingwe o ka nna wa ikutlwa o tlhaela. Gongwe o akanya gore ga o neele dikakgelo tse dintle kwa dipokanong. Kgotsa gongwe o nna le bothata jwa go tlhalosetsa ba bangwe molaetsa wa Baebele sentle. Ka sekai, Jessica, o ne a ithuta Baebele le mosetsana mongwe. Ka nakwana moithuti yono wa Baebele o ne a gatela pele sentle. Le fa go ntse jalo, a sa lebelela, mosetsana yono o ne a swetsa gore ga a batle go direla Modimo. Jessica o gakologelwa jaana: “Ke ne ka akanya gore ke paletswe.”

Jessica o ne a lepalepana jang le maikutlo ao? Sa ntlha, o ne a tshwanelwa ke go lemoga gore moithuti wa gagwe ga a gana ene mme o ganne Modimo. O ne a thusiwa gape ke go tlhatlhanya ka sekao se se mo Baebeleng sa ga Petere, monna yo o boifang Modimo yo o neng a na le ditlhaelo tse dintsi. A re, “Baebele e bontsha gore Petere o ne a fenya makoa a gagwe mme Jehofa o ne a mo dirisa ka ditsela tse dintsi go tsweletsa dilo tse di direlwang Bogosi pele.” (Luke 22:31-34, 60-62) Gone mme, fa e le gore bokgoni jwa gago jwa go nna morutisi bo tlhoka go tokafadiwa, ke eng o sa dire maiteko a a oketsegileng mo ntlheng eo? (1 Timotheo 4:13) Kopa thuso mo go bangwe ba ba godileng semoyeng mo phuthegong ba ba ka go rutang le go go thapisa.

Le fa go ntse jalo, gongwe o bona tiro ya ntlo le ntlo e le yone e e leng kgwetlho thata mo go wena. Jason o dumela jaana: “Mo ntlong nngwe le nngwe e mong wa ntlo a ganang go nkamogela gone, ke ikutlwa e kete ke paletswe.” O lepalepana jang le bothata joo? “Ke tshwanetse ka gakologelwa gore ga se gore tota ke paletswe.” Ee, o kgonne go dira se Modimo a mo laetseng gore a se dire—go rera! Le fa gone go se monate fa o sa amogelwe, ga se batho botlhe ba ba tla ganang molaetsa wa Baebele. Jason a re: “Fa ke bona motho yo o reetsang, ke a itse gore se ke se dirang se na le mosola thata.”

Diphoso Tse di Masisi

Go tweng fa e le gore o dira phoso e e masisi—kgotsa le e leng go dira boleo jo bo masisi? Ana wa dingwaga di le 19, o ne a dira phoso e e ntseng jalo. * O dumela jaana: “Ke ne ka swabisa phuthego, ba lelapa la gaetsho mme segolobogolo Jehofa Modimo.” Gore o tswe mo bothateng joo, o tshwanetse wa ikwatlhaya mme o kope thuso ya banna ba ba godileng semoyeng mo phuthegong. (Jakobe 5:14-16) Ana o gakologelwa mafoko ano a a neng a mo thusa a a neng a buiwa ke mogolwane mongwe: “O ne a re go sa kgathalesege dilo tsotlhe tse di sa siamang tse Kgosi Dafide a di dirileng, Jehofa o ne a sa ntse a iketleeditse go mo itshwarela, mme Dafide a kgona go ema gape. Seo se ile sa nthusa.” (2 Samuele 12:9, 13; Pesalema 32:5) Le wena o tshwanetse go dira se o ka se kgonang gore o nonofe semoyeng. Ana a re: “Ke ile ka bala buka ya Dipesalema gangwe le gape, mme ke na le bukana e ke kwalang Dikwalo tse di nkgothatsang mo go yone.” Fa nako e ntse e tsamaya, motho a ka kgona go ema gape le fa a dirile boleo jo bo masisi. Diane 24:16 ya re: “Mosiami o ka wa ga supa, mme ruri o tla tsoga.”

Go Ema Gape fa o Sena go Palelwa

Gone ke boammaaruri gore go utlwisa botlhoko tota le fa o palelwa mo dilong tse dinnye. Ke eng se se ka go thusang gore o boe o eme gape? Sa ntlha, leba diphoso tsa gago ka tsela e di ntseng ka yone. Michael o akantsha jaana: “Go na le gore o akanye gore o palelwa mo dilong tsotlhe, leka go bona gore o palelwa mo go eng le gore ke eng se se dirileng gore o palelwe. Seno se ka go thusa gore o tokafatse mo nakong e e tlang.”

Mo godimo ga moo, o se ka wa tshwenyega ka tsela e e feteletseng ka diphoso tsa gago. Go na le “nako ya go tshega”—mme seo se ka nna sa raya gore o itshege! (Moreri 3:4) Fa o ikutlwa o kgobegile marapo, tlhoma mogopolo mo go sengwe se o dirang sentle mo go sone, jaaka tiro nngwe ya go itlosa bodutu kgotsa motshameko mongwe. Go “huma ditiro tse di molemo”—tse di jaaka go bolelela ba bangwe ka tumelo ya gago—go ka go thusa gore o itebe ka tsela e e siameng.—1 Timotheo 6:18.

Sa bofelo, gakologelwa gore “Jehofa o kutlwelobotlhoko e bile o pelontle . . . Ga a kitla a nna a latofatsa ka bosakhutleng.” (Pesalema 103:8, 9) Jessica a re, “Ke ikutlwa gore fa ke nna ke atamela Jehofa Modimo, ke tlhatswega pelo thata gore o tla nkema nokeng le go nthusa mo go sengwe le sengwe se se ntiragalelang.” Ee, go a gomotsa go itse gore le fa o ka palelwa, Rraago yo o kwa legodimong o go tsaya o le botlhokwa.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 23 Leina la gagwe le fetotswe.

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

Fa e le gore o ikutlwa o gatelelwa ke dilo tse dintsi tse ba bangwe ba di lebeletseng mo go wena, leka go bona tsela e e tlotlegang e o ka buang le bone ka yone

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Go dira dilo tse o di dirang sentle go ka go thusa gore o se ka wa ikutlwa o palelwa