Rotlhe re Tlhoka Ditsala
Rotlhe re Tlhoka Ditsala
“Tsala ke motho yo o ka buang le ene ka sengwe le sengwe o gololesegile, e bile ke motho yo o ka mo leletsang mogala nako nngwe le nngwe ya letsatsi.”—Yaël, wa kwa Fora
“Tsala ke motho yo o tlhaloganyang fa o utlwile botlhoko e bile o utlwa botlhoko jo o bo utlwang.”—Gaëlle, wa kwa Fora
“GO NA le tsala e e ngaparelang go gaisa morwarra motho.” (Diane 18:24) Fa e sa le mafoko ao a kwalwa mo Baebeleng dingwaga di ka nna 3 000 tse di fetileng, batho ba sa ntse ba na le boikutlo jo ba neng ba na le jone ka nako eo. Go nna le ditsala e sa ntse e le selo sa botlhokwa thata mo bathong, fela jaaka dijo le metsi di le botlhokwa mo mmeleng. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba fitlhela go le thata go nna le ditsala tseno tse ba di tlhokang. Ba le bantsi ba jewa ke bodutu. Carin Rubenstein le Phillip Shaver ba bua jaana mo bukeng ya bone ya In Search of Intimacy: “Ga re tlhoke go ya kgakala go bona mangwe a mabaka a seno.” Ba umaka dilo tse di jaaka “mokgwa o o anameng wa batho wa go nna ba fuduga gangwe le gape,” “ditoropo tse go seng motlhofo go tlwaela batho mo go tsone, tse di tletseng bokebekwa,” le gore “jaanong batho ba leba thelebishene kgotsa dibidio mo boemong jwa go tshela le batho ba bangwe.”
Gape botshelo jwa segompieno bo re jela nako e bile bo dira gore re felelwe ke maatla. Letty Pogrebin o kwala jaana mo bukeng ya gagwe ya Among Friends: “Batho ba ba nnang mo ditoropong gompieno, ba kopana le batho ba le bantsi mo bekeng go feta ba motho yo o neng a nna kwa magaeng ka lekgolo la bolesome le bosupa la dingwaga a neng a ka kopana le bone mo ngwageng kgotsa mo botshelong jotlhe jwa gagwe.” E re ka motho a ka itsane le batho ba le bantsintsi, go ka nna thata gore a tlhome mogopolo mo bathong ba ba rileng gore a ka nna tsala e e gaufi le e e atamalaneng ya bone.
Maemo a botshelo a fetoga ka bonako, tota le kwa mafelong a kwa go one botshelo bo kileng jwa bo bo iketlile. Ulla, yo o nnang kwa Yuropa Botlhaba a re: “Re kile ra bo re ikutlwa re atamalane thata le ditsala tsa rona. Mme gone jaanong ba le bantsi ba tshwaregile thata ka ditiro tsa bone kgotsa ka dilo tsa botho. Mongwe le mongwe o nna a tshwaregile, mme re bona re felelwa ka iketlo ke botsala jo re neng re na le jone le ditsala tsa rona tsa bogologolo.” Tsela e re tshelelang mo lobelong ka yone gompieno, e ka dira gore re se ka ra tsaya go le botlhokwa go nna re na le ditsala tse re ntseng re na le tsone.
Mme gone, re sa ntse re ikutlwa re tlhoka ditsala thata. Basha ke bone ba segolobogolo ba ikutlwang ka tsela eno. Fela jaaka Yaël, yo o nopotsweng kwa godimo a tlhalosa, “fa o le mosha, o batla go ikutlwa o amogelwa e bile o ratwa ke batho ba bangwe, o batla go ikutlwa o atamalane le mongwe.” Le fa re ka tswa re le basha kgotsa re le bagolo, rotlhe re tlhoka go nna le ditsala tse di re itumedisang le tse re atamalaneng thata le tsone. Mme le fa go ka tswa go na le dikgoreletsi, go na le dilo tse dintsi tse re ka di dirang gore re nne le ditsala tsa mmatota le go dira gore re tswelele re na le tsone. Go tla sekasekiwa dintlha tseno mo ditlhogong tse di latelang.