Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A go Nna Bonolo go Kaya Gore o Bokoa?

A go Nna Bonolo go Kaya Gore o Bokoa?

Kgopolo E e Mo Baebeleng

A go Nna Bonolo go Kaya Gore o Bokoa?

“Motlhanka wa Morena ga a tlhoke go lwa, mme o tlhoka go nna bonolo mo go botlhe.”—2 TIMOTHEO 2:24.

LE E leng pele ga re tsholwa, letlalo la rona le le sa ntseng le bopega le a bo le setse le kgona go utlwa fa le amiwa. Go tloga fela fa re tsholwa, re itumelela go solwasolwa ka lorato ke bommè ba rona. Fa re sa ntse re le bana, gore re kgone go nyenya ka lorato, go gola mo maikutlong le go kgona go bua, go tla ikaega thata ka gore batsadi ba rona ba re bontsha lorato go le kana kang.

Le fa go ntse jalo, Baebele e ile ya bolelela pele gore mo metlheng ya bofelo, batho ba tla nna “ba ba sa utlweng batsadi, ba ba sa lebogeng, ba ba sa ikanyegeng, ba ba se nang lorato lwa tlholego.” Dinonofo tse di supang bonolo tse di jaaka bopelonomi le kutlwelobotlhoko di ne di tla tlhokega thata ka gonne batho ba ne ba tla nna “baithati” le “ba ba bogale jo bo tshabegang, ba ba sa rateng se se molemo.”—2 Timotheo 3:1-3.

Batho ba le bantsi gompieno ba akanya gore ba tshwanetse go nna setlhogo le go nna peloethata. Ba bolela gore go nna bonolo go supa gore motho o bokoa. A mme go ntse jalo?

Go Nna Bonolo Mme o Nonofile

Jehofa Modimo o tlhalosiwa e le “motho yo o nonofileng wa ntwa.” (Ekesodo 15:3) Ke ene Motswedi wa nonofo yotlhe. (Pesalema 62:11; Baroma 1:20) Le fa go ntse jalo, nonofo ya ga Jehofa ga ya ka ya dira gore a se ka a nna “pelonomi tota mo go bontsheng lorato e bile [a le] kutlwelobotlhoko” fa a ne a duela monna yo o ikanyegang e bong Jobe. (Jakobe 5:11) Fa Jehofa a ne a dirisana le Baiseraele, o ne a tlhalosa kamano e e lorato go gaisa e a neng a na le yone le bone ka go e tshwantsha le maikutlo a mmè yo o anyisang a nang le one a go tlhomogela “morwa wa sebopelo sa gagwe pelo.”—Isaia 49:15.

Jesu le ene o na le nonofo e bile o bonolo. O ne a kgala baeteledipele ba bodumedi ba baitimokanyi ba motlha wa gagwe ka bogale. (Mathaio 23:1-33) Mme gape o ne a leleka baananyi ba madi ba ba bogagapa gore ba tswe mo tempeleng. (Mathaio 21:12, 13) A mme go tlhoa boferefere le bogagapa ga ga Jesu go ile ga dira gore a nne peloethata? Le e seng! Jesu o ne a itsege a le bonolo mo bathong ba bangwe. Ee, o ne a bo a itshwantsha le koko e e namagadi e e “phuthelang setlhopha sa dikokwana tsa yone kafa tlase ga diphuka tsa yone.”—Luke 13:34.

Go Nna Makgwakgwa Kgotsa go Nna Bonolo?

Bakeresete ba boammaaruri ba kgothadiwa gore ba etse Keresete ka go apara “botho jo bosha jo bo neng jwa bopiwa go ya ka go rata ga Modimo.” (Baefeso 4:20-24) Fela jaaka lekakaie le latlha kgapa ya lone e kgologolo gore le tle le gole, re bolelelwa gore re “[apole] botho jo bogologolo le ditlwaelo tsa jone.” (Bakolosa 3:9) Le fa go ntse jalo, e re ka rona re sa tshwane le lekakaie le mmele wa lone o boang o nna le kgapa e thata gape fa le sena go latlha e kgologolo, re laelwa gore re aparele ruri “lorato lwa bopelotlhomogi, bopelonomi, . . . le go itshwara ka bopelotelele.” (Bakolosa 3:12) Ka jalo, bonolo e tshwanetse go nna nonofo e e leng karolo ya botho jwa rona.

Fa re le bonolo ga go supe gore re bokoa. Go na le moo, ke nonofo e e batlang gore re “thatafadiwe mo mothong yo [re] leng ene mo teng ka maatla a moya wa [ga Jehofa].” (Baefeso 3:16) Ka sekai, monna mongwe yo o bidiwang Lee o bolela jaana: “Malobanyana jaana ke ne ke le motho yo o setlhogo, yo o bosula. Tota le tebego ya me e ne e tshosa, ka gonne ke ne ke phuntse mmele wa me mme ke tsentse dibenyane. Ke ne ke ikemiseditse go dira madi a mantsi mme ke ne ke le bonako go dirisa matlhapa le dikgoka go bona se ke se batlang. Ke ne ke se na kutlwelobotlhoko.” Le fa go ntse jalo, Lee o ne a simolola go ithuta Baebele le mongwe yo a berekang le ene mme a simolola go itse le go rata Jehofa Modimo. O apotse botho jwa bogologolo mme o ithutile go nna boikgapo. Gone jaanong o bontsha lorato lwa gagwe ka go dirisa nako ya gagwe go thusa ba bangwe go ithuta Baebele.

Nako nngwe moaposetoloi Paulo le ene e ne e le “motho yo o se nang maitseo” yo o neng a dirisa dikgoka go bona se a se batlang. (1 Timotheo 1:13; Ditiro 9:1, 2) Le fa go ntse jalo, fa Paulo a simolola go tlhaloganya kutlwelobotlhoko le lorato le Jehofa Modimo le Jesu Keresete ba di mmontshitseng, o ne tsibogela seo ka go leka go etsa dinonofo tseo tsa bone. (1 Bakorintha 11:1) Le fa gone Paulo a ne a emela melaometheo ya Bokeresete ka tlhoafalo, o ne a ithuta go nna bonolo fa a dirisana le ba bangwe. Ee, go ne go se na sepe se se neng se ka thibela Paulo go bontsha bakaulengwe ba gagwe lorato lwa bopelonomi ka botlalo.—Ditiro 20:31, 36-38; Filimone 12.

Kafa re ka Nnang Bonolo ka Teng

Jaaka dikai tsa ga Lee le moaposetoloi Paulo di bontsha, go ithuta go nna bonolo mo bathong ba bangwe ga go reye gore motho a nne bokoa. Tota e bile, go go tlhoka gore o nne motho yo o nonofileng. Go go tlhoka gore o nne le nonofo ya mmatota gore o tle o kgone go fetola tsela e o akanyang ka yone le dilo tse o di dirang le go lwantsha boikutlo jwa nama jwa go “busetsa . . . bosula ka bosula.”—Baroma 12:2, 17.

Le rona re ka ithuta go nna kutlwelobotlhoko ka go bala Lefoko la Modimo le go tlhatlhanya ka lorato le kutlwelobotlhoko tse Jehofa Modimo le Morwawe e bong Jesu Keresete ba setseng ba di re bontshitse. Ka go dira jalo, re letla maatla a Lefoko la Modimo go nolofatsa dipelo tsa rona. (2 Ditiragalo 34: 26, 27; Bahebera 4:12) Go sa kgathalesege gore re godisitswe jang le gore botshelo jwa rona bo ne bo le thata jang, re ka kgona go ithuta go nna “bonolo mo go botlhe.”—2 Timotheo 2:24.

Fa e le gore o ka rata go bona tshedimosetso e e oketsegileng kana o ka rata mongwe a go etela kwa legaeng la gago go tla go ithuta Baebele le wena mahala, tsweetswee kwala o romele leina la gago le aterese ya kwa o nnang teng go Basupi ba ga Jehofa, Private Bag X2067, Krugersdorp, 1740, South Africa, kana kwa atereseng e e tshwanetseng e e mo lenaaneng le le mo tsebeng ya 5.

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Rre yo o molemo o bonolo mo baneng ba gagwe