Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Tshwenyega mo go Feteletseng ka Bontle

Go Tshwenyega mo go Feteletseng ka Bontle

Go Tshwenyega mo go Feteletseng ka Bontle

MARIA * ke lekgarebe le le atlegileng mme e bile o tswa mo lelapeng le le molemo. Le fa go ntse jalo, ga a itumela. Ka ntlha yang? Ga a kgotsofalele tsela e a lebegang ka yone. Le fa gone ba lelapa la gaabo ba leka go mo kgothatsa, Maria o sa ntse a akanya gore ga a montle le e seng, mme seno se dira gore a tshwenyege thata mo maikutlong.

José o tswa mo lelapeng le le tlotlegang mme fa o mo lebile o ka nna wa akanya gore e tshwanetse ya bo e le motho yo o itumetseng. Mme gone o akanya gore ga a kitla a bo a bona molekane wa lenyalo. Ka ntlha yang? José o akanya gore ga a lebege a le montle, tota e bile o tsaya gore o maswe. O dumela gore ga go na mosadi ope yo o tla mo kgatlhegelang.

Luis wa dingwaga di le robedi o rata go ya sekolong mme e bile ke motho yo o ratang batho. O itumelela go tshameka le bana ba a tsenang sekolo le bone, mme gone gantsi o a lela ka gonne ba dira metlae ka tsela e a lebegang ka yone. Ba re o mokima.

Maemo a a tshwanang le ano a tlwaelegile. Bothata jo Maria, José, le Luis ba nang le jone ga se kgang fela ya gore ba a inyatsa. Boammaaruri ke gore ga go na ope yo o batlang go ikutlwa a sa ratiwe ka ntlha ya tsela e a lebegang ka yone.

Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba gatelela thata botlhokwa jwa tsela e motho a lebegang ka yone. Tota e bile, gore motho a atlege gantsi go ikaegile ka tsela e a lebegang ka yone. Ka sekai, batho ba bantle go gaisa go bonala ba na le ditshono tse dintsi tsa gore ba ka bona tiro. Pilar Muriedas, mongwe wa bakaedi ba Latin-American and Caribbean Women’s Health Network, o bolela gore mo basading “go nna montle ke sone selo sa konokono se se batlegang gore ba atlege.” Mme go ya ka Dr. Laura Martínez, basadi ba itse sentle gore kgabagare “selo sa konokono se se dirang gore ba thapiwe ke tsela e ba lebegang ka yone.”

Ke boammaaruri gore banna ba le bantsi le bone ba amegile thata ka go nna le mmele o ba reng o montle thata. Ee ruri, batho ba le bantsi, e ka tswa e le banna kgotsa basadi ba iketleeditse go dira ka natla e le gore ba nne bantle, le e leng go ipolaisa tlala kgotsa go ineelela go alafiwa ka tsela e e utlwisang botlhoko gore ba nne le sefatlhego kgotsa mmele o montle go gaisa. A mme go dira jalo go na le mosola mongwe? A go na le dikotsi dingwe tse di tsamaisanang le gone?

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 2 Maina a fetotswe.

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Tsela e motho a lebegang ka yone e ka ama ditshono tse a ka nnang le tsone